1. Reka ka Botlhale
NTLE le fa o itemela dijo, go ka direga gore lekgetlho la ntlha le ka lone o tla kopanang le dijo tse o tlileng go di ja e bo e le kwa marekisetsong kgotsa kwa suphamaketeng. Fa o reka, o ka tlhopha jang le go reka dijo tse di nang le dikotla?
● Rulaganya gore o tla reka dijo leng.
Food Safety Information Council ya kwa Australia e gakolola jaana: “Simolola ka go reka dijo tse di sa senyegeng ka bonako. Reka [dijo tse di tswang] mo forijing kgotsa mo forisareng kwa bofelong.” Gape fa e le gore o reka dijo tse di fisang, di tseye pele fela ga fa o boela gae.
● Tlhopha dijo tse di foreshe.
Leka kafa o ka kgonang ka teng go reka dijo tse di foreshe.a Mmè wa bana ba babedi wa kwa Nigeria e bong Ruth a re: “Gantsi ke ya kwa marekisetsong go sa ntse go le phakela thata, ka nako ya fa dijo di sa ntse di le foreshe.” Elizabeth wa kwa Mexico le ene o reka kwa mmarakeng. A re: “Fa ke le koo, nka reka maungo le merogo e e foreshe e bile ke kgona go e itlhophela. Ka metlha ke reka nama e e foreshe ya diphologolo tse di tlhabilweng letsatsi leo. Fa ke sa e dirise yotlhe, e e salang ke e tsenya mo forisareng.”
● Keleka dijo tsa gago.
Ipotse jaana: ‘A letlalo la maungo le merogo ya me ga le a senyega? A nama ga e na menko e e sa tlwaelegang?’ Fa e le gore dijo di setse di phuthetswe, tlhatlhoba sephuthelwana sa tsone. Diphuthelwana tse di senyegileng di ka dira gore dibakateria tse di botlhole di tsene mo dijong.
Chung Fai, yo o rekang dijo kwa suphamaketeng kwa Hong Kong a re: “Gape go botlhokwa go tlhola letlha le dijo di felelwang ke nako ka lone le le gatisitsweng mo sephuthelwaneng sa dijo.” Ka ntlha yang? Baitse ba tlhagisa gore le fa dijo tse di “feletsweng ke nako” di lebega sentle, di nkga monate e bile di na le tatso e e siameng, di sa ntse di ka go lwatsa.
● Di pake sentle.
Fa e le gore o dirisa kgetsana ya go tsenya dilwana e e ka dirisiwang gape kgotsa bini ya polasetiki, e tlhatswe gangwe le gape ka metsi a a bolelo a a nang le sesepa. Tshola tlhapi le dinama tse dingwe ka dibini kgotsa dikgetsana tsa tsone di le tsosi gore di se ka tsa kgotlela dijo tse dingwe.
Banyalani bangwe ba kwa Italy e bong Enrico le Loredana ba reka gaufi le mo ba nnang teng. Ba tlhalosa jaana: “Ka jalo, ga re tlhoke go tsamaya sekgala se seleele re tshotse dijo mo di ka senyegang mo tseleng.” Fa e le gore o tla tsaya lobaka lo lo fetang metsotso e le 30 go ya gae, tsenya dijo tse di tsididi kgotsa tse di aesitseng mo bekeng e e thibelang mogote, kgotsa o dire ka tsela nngwe gore di nne di le tsididi.
Mo setlhogong se se latelang o tla ithuta gore o ka dira jang gore dijo tsa gago di nne di se kotsi fa di sena go goroga kwa legaeng la gago.
[Ntlha e e kwa tlase]
a Bona setlhogo se se reng, “Tsela 1—Ja Sentle,” mo makasineng wa Tsogang! wa March 2011.
[Lebokoso mo go tsebe 4]
THAPISA BANA BA GAGO: “Ke ruta bongwanake go tlhola letlha le dijo tse di phuthetsweng, tse di jaaka diseneke, di felelwang ke nako ka lone pele ba di reka.”—Ruth, Nigeria