Go Ise go ye Kae Botlhe ba Tla Nna le Dijo Tse di Siametseng go Jewa!
O KA tsaya dikgato tse di rileng gore o je dijo tse di seng kotsi. Le fa go ntse jalo, go na le dilo tse dintsi tse o ka se kgoneng go di laola. Ka sekai, o ka se kgone go itlhatlhobela dijo tsotlhe pele o di reka kgotsa o di apaya. O ka nna wa tshwanelwa ke go reka dijo tse di baakantsweng tsa ba tsa romelwa go tswa kwa dinageng tse di kgakala. Gape dingwe tsa dijo tse o di rekang di ka tswa di kgotletswe ke dikhemikale tse di kotsi tse di mo moyeng, mo metsing kgotsa mo mmung.
Mo pegong nngwe e e nang le setlhogo se se reng “Go Laola Malwetse a a Bakwang ke Dijo Tse di Kgotletsweng: Kgwetlho ya Ditšhaba Tsotlhe,” badiredibagolo ba Mokgatlho wa Lefatshe Lotlhe wa Boitekanelo ba re mangwe a mathata a a bakwang ke dijo tse di kotsi “a ka se rarabololwe ke puso nngwe le nngwe mo nageng ya yone; a tlhoka gore ditšhaba tsotlhe di dirisane mmogo.” Malwetse a a bakwang ke dijo tse di kgotletsweng ke bothata jwa lefatshe lotlhe!
Go a utlwala go bo batho ba le bantsi ba ka botsa gore ke ka ntlha yang fa re bua re tlhatswegile pelo gore go ise go ye kae batho botlhe ba tla nna le dijo tse di siametseng go jewa. Ke ka gonne “Jehofa, Morena wa lefatshe lotlhe,” o solofetsa gore o tla rarabolola mathata a batho a dijo. (Joshua 3:13) Bangwe ba ka nna ba re lebaka la go bo go na le dijo tse di kotsi le supa gore Modimo a ka se ikanngwe. Mme akanya ka seno: Fa motho yo o tsamaisang dijo a letla gore dijo tse di siameng di senyege ka go bo a le botlhaswa, a go tla bo go tshwanela go pega moapei molato? Nnyaa le e seng.
Ka tsela e e tshwanang, batho—e seng Mmopi—ke bone ba senyang dijo tse di siameng tse di tswang mo lefatsheng. Lebaka la go bo go na le dijo tse dintsi tse di kotsi ke bothata jo bo bakilweng ke batho. Modimo o solofetsa gore o tla “senya ba ba senyang lefatshe.”—Tshenolo 11:18.
Boammaaruri ke gore Modimo o setse a bontshitse gore o amega ka boleng jwa dijo tsa rona. Ke Ene yo o bopileng lefatshe mme o ne a sa dira ditlhare tse di “eletsegang mo ponong ya motho” fela mme gape di ne di “le molemo go ka nna dijo.” (Genesise 2:9) Tota le morago ga gore batho ba simolole go lwala, Jehofa Modimo o ne a neela batho ba gagwe dikaelo tse di maleba tse di neng di tla sireletsa dijo tsa bone le mebele ya bone.—Bona lebokose la setlhogo se se reng “Melao ya Boitekanelo.”
Modimo o batla gore re nne le dijo tse di ntseng jang? Baebele e re bolelela jaana: “O dira gore bojang jo botala bo tlhogele dibatana, le dimela gore di dirisiwe ke batho, go dira gore dijo di tlhoge mo lefatsheng, le beine e e ipedisang pelo ya motho yo o nang le go swa, go dira gore sefatlhego se phatsime leokwane, le senkgwe se se tshegetsang pelo ya motho yo o nang le go swa.” (Pesalema 104:14, 15) Gape Baebele ya re “phologolo nngwe le nngwe e e tsamayang e e tshelang e ka nna ya nna dijo.”—Genesise 9:3.
Lefoko la gagwe le solofetsa jaana ka isagwe ya rona: “Ruri o tla naya peo ya lona e lo e jalang mo lefatsheng pula, a lo neye senkgwe e le kungo ya mmu, se e tla nnang se se nonneng le se se nang le mafura. Mo letsatsing leo diruiwa tsa gago di tla fula mo mafulong a a bulegileng.” (Isaia 30:23) Ee, ditlhogo tsa dikgang tsa gompieno tse di sa itumediseng di tla tloga di emisediwa ke kitsiso eno: “Botlhe ba na le dijo tse di siametseng go jewa!”
[Mafoko a a mo go tsebe 9]
Mmopi o re solofetsa isagwe e e itumedisang e mo go yone go tla nnang le letlepu la dijo tse di siameng
[Lebokoso mo go tsebe 8]
“MELAO YA BOITEKANELO”
Dingwaga di ka nna 3 500 tse di fetileng, Baiseraele ba ne ba newa Molao wa ga Moshe. Molao oo o ne o sireletsa Baiseraele mo malwetseng a mantsi a a bakwang ke dijo tse di kgotletsweng. Ela tlhoko ditaelo tse di latelang:
● Se dirise didirisiwa le dijana tse di kgomileng phologolo e e suleng: “Sejana sepe fela se go dirwang tiro nngwe ka sone se tla tsenngwa mo metsing, mme se itshekologe go fitlha maitseboa mme morago ga moo se itsheke.”—Lefitiko 11:31-34.
● O se ka wa ja nama ya phologolo e e itshwetseng: “Lo se ka lwa ja setoto sepe se se setseng se sule.”—Duteronome 14:21.
● Fa dijo di setse, di je mo lobakeng lo lokhutshwane lwa nako: “Mo letsatsing le le latelang se se setseng sa yone le sone se ka nna sa jewa. Mme mo go setseng ga nama ya setlhabelo mo letsatsing la boraro go fisiwe ka molelo.”—Lefitiko 7:16-18.
A. Rendle Short, M.D., o ne a re o gakgamadiwa ke gore Molao wa ga Moshe—fa o bapisiwa le melao ya ditšhaba tse di neng di le gaufi tsa motlha oo—o ne o na le “melao ya boitekanelo e e mosola jaana e bile e utlwala.”