LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g 6/12 ts. 3
  • A Dijo Tsa Gago ga di Kotsi?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • A Dijo Tsa Gago ga di Kotsi?
  • Tsogang!—2012
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Ise go ye Kae Botlhe ba Tla Nna le Dijo Tse di Siametseng go Jewa!
    Tsogang!—2012
  • Kafa o ka Dirang Gore Dijo di Nne di Sireletsegile ka Gone
    Tsogang!—2002
  • Dikai Tsa Dipuisano Tse di ka Dirisiwang
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2012
  • 3. Nna Kelotlhoko fa o Apaya Dijo Le fa O di Baya
    Tsogang!—2012
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—2012
g 6/12 ts. 3

A Dijo Tsa Gago ga di Kotsi?

“Sekolo Kwa Jeremane se Tswalwa ka Ntlha ya Bakateria ya E. Coli.”—REUTERS NEWS SERVICE, JEREMANE.

“Go Runya ga Bolwetse Jwa Salmonella go Amanngwa le Matlhogela a Dijalo Kwa Dikgaolong di le Tlhano.”—USA TODAY.

“Nama ya Dikgomo di le 6 Tse di Jeleng Lotlhaka lo lo Nang le Marang a a Kotsi e Fitlha Kwa Dikgaolong di le 9.”—THE MAINICHI DAILY NEWS, JAPANE.

DITLHOGO tse di fa godimo tseno tsa dikgang di ne tsa tlhaga mo lobakeng lwa dibeke di le pedi fela ngogola. Babatlisisi ba fopholetsa gore ngwaga le ngwaga mo e ka nnang diperesente di le 30 tsa batho ba ba nnang kwa dinageng tse di tlhabologileng ba tshwarwa ke malwetse a a bakwang ke go ja dijo tse di kgotletsweng.

Dipego tse di ntseng jalo di go ama jang? Rre mongwe wa kwa Hong Kong e bong Hoi a re: “Ke a tshwenyega e bile ke a galefa. Ke na le bana ba babedi mme ke amegile ka gore dijo tse ba di jang di dirilwe jang e bile di dirilwe kae.”

Kwa dinageng tse di humanegileng, malwetse a a bakwang ke go ja dijo tse di kgotletsweng le go nwa metsi a a kgotletsweng a bolaya dimilionemilione tsa batho—bontsi e le bana—ngwaga le ngwaga. Bola yo o nnang kwa Nigeria a re: “Mo marekisetsong mono, dijo di kotangwa ke dintshi, di nelwa ke pula, di fokwa ke phefo e bile di tsenwa ke lerole. Fa ke bala kgotsa ke utlwa ka malwetse a a bakwang ke dijo, ke tsenwa ke poifo. Ke batla go sireletsa ba lelapa la me.”

A o ka kgona go sireletsa ba lelapa la gago gore ba se ka ba ja dijo tse di kotsi? Mokgatlho wa Canadian Food Inspection wa re: “Fa dijo tse di kotsi di tsena mo mabenkeleng a dijo, seo e nna ditlhogo tsa dikgang. Mme go a tshwanela gore go nne jalo. Mme dijo tse di kotsi, tse di ka dirang gore go nne le malwetse a a bakwang ke go ja dijo tse di kgotletsweng, di ka nna gone ka ntlha ya se re se dirang—kgotsa se re sa se direng—mo diphaposing tsa rona tsa boapeelo.”

O ka dira eng go sireletsa ba lelapa la gago mo malwetseng a a bakwang ke dijo tse di kgotletsweng? Re tla sekaseka ditsela tse nnè tsa go dira gore dijo tsa gago di se ka tsa nna kotsi.

[Lebokoso mo go tsebe 3]

KE BOMANG BA BA MO KOTSING?

Go na le ditlhopha dingwe tsa batho ba ba leng mo kotsing thata ya go tshwarwa ke malwetse a a bakwang ke go ja dijo tse di kgotletsweng mme ba akaretsa ba ba latelang:

● Bana ba ba ka fa tlase ga dingwaga di le tlhano

● Basadi ba ba baimana

● Batho ba ba kwa godimo ga dingwaga di le 70

● Batho ba masole a bone a mmele a leng bokoa

Fa wena kgotsa motho ope fela yo o tla jang le wena a le mo go sengwe sa ditlhopha tseno, o tshwanetse go nna kelotlhoko segolobogolo ka dijo tse o di apayang, o bo o di tshola le go di ja.

[Motswedi wa Setshwantsho]

Source: New South Wales Food Authority, Australia.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela