Dikai Tsa Dipuisano Tse di ka Dirisiwang
Go Simolola Dithuto Tsa Baebele ka Matlhatso wa Ntlha wa June
Bala Isaia 42:8. Mme o bo o re: “Go ya ka temana eno, Modimo o na le leina. A o akanya gore go botlhokwa gore re dirise leina la Modimo? [Mo letle gore a arabe.] Utlwa gore makasine ono wa eng.” Tshwarisa mong wa ntlo Tora ya Tebelo ya June 1, mme lo sekaseke mmogo tshedimosetso e e kafa tlase ga setlhogwana sa ntlha se se mo go tsebe 16. Mo neye dimakasine mme o bo o rulaganya go mo boela go sekaseka potso e e latelang.
Tora ya Tebelo June 1
“Nka rata go utlwa maikutlo a gago ka kgang eno ya botlhokwa. [Bula mo go tsebe 3, o bo o mmontsha lenaane.] Ke e efe ya dikarabo tseno e e tlhalosang pono ya gago ka Baebele? [Mo letle gore a arabe.] Ela tlhoko kafa Baebele e itlhalosang ka teng. [Bala Baroma 15:4.] Makasine ono o tlotla ka mabaka a le matlhano a go bo Baebele e le buka e e sa tshwaneng le epe e bile e bontsha kafa e ka re solegelang molemo ka teng.”
Tsogang! June
“Ngwaga le ngwaga batho ba le dimilione go ralala lefatshe ba lwala ka ntlha ya go ja dijo tse di kotsi. Go ya ka wena, dijo tse di mo lefelong la lona di sireletsegile go le kana kang? [Mo letle gore a arabe.] Makasine ono o tlhalosa ditsela di le nnè tse re ka sireletsang malapa a rona mo malwetseng a a bakwang ke dijo. Gape e tlotla ka tsholofetso e e mo Baebeleng ya gore mo nakong e e sa fediseng pelo rotlhe re tla ipelela letlepu la dijo tse di seng kotsi.” Bala Pesalema 104:14, 15.