Dikai Tsa Dipuisano Tse di ka Dirisiwang
Go Simolola Dithuto Tsa Baebele ka Matlhatso wa Ntlha ka June
“Rotlhe re na le ba lelapa kgotsa ditsala tse di tlhokafetseng. A o na le tsholofelo ya go ba bona gape? [Mo letle gore a arabe.] Ela tlhoko ntlha eno e e gomotsang.” Bala mme o bo o tlotla ka tshedimosetso e e ka fa tlase ga setlhogwana sa ntlha se se mo tsebe 16 mo makasineng wa Tora ya Tebelo wa June 1 le nngwe ya ditemana tse di umakilweng. Mo tsamaisetse dimakasine mme o bo o dira dithulaganyo tsa go boa gore lo tle go tlotla ka karabo ya potso e e latelang.
Tora ya Tebelo June 1
“Batho ba le bantsi ba kgaratlhela go itshedisa mme ba bangwe ga ba na le fa e le dilo tsa botlhokwa tse di tlhokegang mo botshelong. A o akanya gore re tla tsamaya re bona nako e ka yone go se nang ope yo o humanegileng? [Mo letle gore a arabe. Go tswa foo o bo o bala Pesalema 9:18.] Makasine ono o tlhalosa dilo tse di bakang khumanego le gore Baebele ya reng malebana le tharabololo ya mmatota ya bothata jono.”
Tsogang! June
“Borukhutlhi e setse e le bothata jwa lefatshe lotlhe. O akanya gore bo bakiwa ke eng? [Mo letle gore a arabe.] Mafoko ano a a mo Baebeleng a re naya tsholofelo. [Bala Pesalema 72:7, 14.] Makasine ono o tlhalosa mabaka mangwe a go bo go na le borukhutlhi e bile o bontsha gore ke eng se Baebele e se bolelang ka gore borukhutlhi bo tla fela leng le gone jang.”