LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g 6/12 ts. 18
  • Kgapetla ya Kgopa ya Clusterwink

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Kgapetla ya Kgopa ya Clusterwink
  • Tsogang!—2012
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Kgapetla ya Kgopa ya Scaly-Foot
    Tsogang!—2011
  • Lenaane la Diteng
    Tsogang!—2012
  • Letshoroma la Kgopa—A le Tla Tloga le Fedisiwa?
    Tsogang!—1997
  • Lenaane la Diteng
    Tsogang!—2011
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—2012
g 6/12 ts. 18

A e Ne e Tlhamilwe?

Kgapetla ya Kgopa ya Clusterwink

● Ditshedi di le dintsi tsa lewatle di kgona go dira lesedi. Kgopa ya clusterwink e dirisa bokgoni jono ka tsela e e sa tlwaelegang. Fa kgopa ya clusterwink e tshosediwa ke lekakaie le le ratang go e ja, e gonyela mo kgapetleng ya yone e bo e “benya,” e ntsha lesedi le le phatsiphatsimang le le dirang gore lekakaie le tshoge le bo le tshaba. Mme lesedi le feta jang mo kgapetleng ya kgopa eno?

Ela tlhoko: Go na le gore kgapetla ya kgopa ya clusterwink e thibele lesedi, e anamisa lesedi. Dimitri Deheyn le Nerida Wilson, ba e leng baitsesaense kwa Scripps Institution of Oceanography e e kwa San Diego, California, U.S.A., ba fitlhetse gore lesedi le le ntshiwang ke kgopa eo le anama ka tsela e e tshwanang mo kgapetleng yotlhe mme kgapetla e anamisa lesedi sentle ka selekanyo se se menaganeng ga some go feta sedirisiwa se se itiretsweng se se anamisang lesedi se se bokima jo bo tshwanang le jwa yone (dimilimetara di le 0,5). Ka nako e e tshwanang, kgapetla e kgona go fetisa lesedi botoka mo tikologong e e leng mo go yone go gaisa didirisiwa tse di anamisang lesedi tse di dirilweng ke batho go menagane ga robedi. Se se gakgamatsang ke gore, dikgapetla tsa dikgopa tse dingwe tsa lewatle tse di tshwanang le tsone tse di sa anamiseng lesedi ga di na bokgoni joo jo bo sa tlwaelegang jwa go ntsha kgotsa go anamisa lesedi. Se se kgatlhang ke gore lesedi leno ke one mmala o o kgonang go bonala sekgala se seleele mo metsing a lewatle go gaisa mebala e mengwe.

Dr. Deheyn a re go ithuta ka kgopa ya clusterwink “go ka thusa go dira dilo tse di kgonang go fetisa lesedi botoka.” Thulaganyo ya biophotonics, e e dirisang lesedi go dira ditlhatlhobo tsa kalafi le go alafa, le yone e tla solegelwa molemo ke patlisiso e e ntseng jalo. Mme mo motlheng ono wa light-emitting diodes (LED), didirisiwa tse di anamisang lesedi tse di kgonang go godisa lesedi le lennye di tla kgona go boloka maatla thata.

O akanya eng? A kgapetla ya kgopa ya clusterwink e itiragaletse fela? Kgotsa a e ne e tlhamilwe?

[Setshwantsho mo go tsebe 18]

Setshwantsho se se godisitsweng sa kgapetla mo leseding le le tlwaelegileng

[Setshwantsho mo go tsebe 18]

Setshwantsho se se godisitsweng sa kgapetla fa e ntsha lesedi le le phatsimang le le anamang

[Metswedi ya Ditshwantsho mo go tsebe 18]

Left: www.robastra.com; center and right: Courtesy of Dr. D. Deheyn, Scripps Institution of Oceanography, UC San Diego

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela