LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g97 3/8 ts. 14-16
  • Letshoroma la Kgopa—A le Tla Tloga le Fedisiwa?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Letshoroma la Kgopa—A le Tla Tloga le Fedisiwa?
  • Tsogang!—1997
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Botshelo Jwa Pharasaete
  • Ditharabololo le Mathata
  • Go na le Tsholofelo Efe ka Isagwe?
  • Kgapetla ya Kgopa ya Scaly-Foot
    Tsogang!—2011
  • Kgapetla ya Kgopa ya Clusterwink
    Tsogang!—2012
  • Fa Ngwana wa Gago a Tshwerwe ke Letshoroma
    Tsogang!—2003
  • Se o Tshwanetseng go se Itse ka Malaria
    Tsogang!—2015
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—1997
g97 3/8 ts. 14-16

Letshoroma la Kgopa—A le Tla Tloga le Fedisiwa?

KA MMEGADIKGANG WA TSOGANG! KWA NIGERIA

GO SA kgathalesege ditlhabologo tsa maemo a a kwa godimo tse di dirwang mo go tsa kalafi le saense, motho ga a kgone go baakanya bontsi jwa mathata a gagwe a a sa bolong go nna gone. Seno e nnile boammaaruri le ka matsapa a a tserweng go fenya bolwetse jwa letshoroma la kgopa.

Go bonala go na le dilo tsotlhe tse di tlhokegang go dira seno. Dingaka di tlhaloganya mogolagang wa botshelo jwa pharasaete ya teng. Bolwetse jono bo lemogiwa motlhofo. Diokobatsi tse di dirang sentle go bo fodisa di gone. Baeteledipele ba puso ba tlhagafaletse go tsweledisa pele maiteko a go bo kganela. Lefa go ntse, ga ba kgone go fedisa bolwetse jono jo bo fetsang dimilione tsa batho mo Afrika, Amerika Borwa, Asia, Botlhabagare le kwa Caribbean.

Letshoroma la kgopa (le gape le bidiwang bilharziasis kana schistosomiasis) le feditse batho ka dingwaga di le diketekete. Mae a a gwamileng a a bonweng mo ditopong tse di omeletseng tsa kwa Egepeto a neela bosupi jwa gore bolwetse jono bo ne bo bogisa Baegepeto mo metlheng ya bofaro. Jone bolwetse jono bo santse bo ganyaola Egepeto makgolo a le 30 a dingwaga morago ga foo, mme bo koafatsa boitekanelo jwa dimilionemilione tsa baagi ba naga eo. Mo metseng mengwe e e gaufi le Makgadikgadi a Nile, batho ba le 9 mo go ba le 10 ba na le bolwetse jono.

Egepeto ke nngwe ya dinaga di le 74 kana go feta tse letshoroma la kgopa le anameng thata kwa go tsone. Go ya ka dipalopalo tsa World Health Organization (WHO), mo lefatsheng lotlhe, batho ba le dimilione di le 200 ba na le bolwetse jono. Mo dimilioneng di le 20 tsa ba ba gateletsweng thata ke bolwetse jono, ba le 200 000 ba bone ba a swa ngwaga le ngwaga. Mo malwetseng a boboatsatsi a a bakwang ke dipharasaete, go bolelwa fa letshoroma la kgopa le tsere maemo a bobedi go tloga go jwa malaria go ya ka palo ya batho ba le ba tshwereng le ka tshenyo e le e bakang mo setšhabeng le mo go tsa ikonomi.

Botshelo Jwa Pharasaete

Gore o tlhaloganye se letshoroma la kgopa e leng sone, le gore o itse ka moo o ka iphemelang ka teng le go le alafa, go bolela gore o tshwanetse go tlhaloganya pharasaete e e le bakang. Ntlha ya botlhokwa ke eno: Gore pharasaete eno e tswelele e tshela go tloga mo kokomaneng e nngwe go ya go e nngwe, e tlhoka dilo tse pedi tse e tla nnang mo go tsone, ditshedi tse pedi tse e tla nnang mo teng ga tsone gore e bone dijo le gore e gole. Sa ntlha ke seamusi, se se jaaka motho; se sengwe ke kgopa e e nnang mo metsing a a phepa.

Se se diragalang ke seno. Fa motho yo o tsenweng ke pharasaete a ntshetsa motlhapo kana a ithusetsa mo metsing a lekadiba, a letsha, a molapo kana a noka, o ntsha mae a pharasaete—mae a ka nna milione ka letsatsi. Mae ano a mannye thata mme o ka a bona fela ka thuso ya maekorosekopo. Fa mae a kopana le metsi, a a thuthuga a ntsha dipharasaete. Dipharasaete di dirisa boboa jo bonnye jo bo mo mebeleng ya tsone go thumela le go tsena mo kgopeng e e nnang mo metsing a a phepa. Mo teng ga kgopa, di ikoketsa mo dibekeng tse nnè go ya go di le supa tse di latelang.

Fa di tswa mo kgopeng, di na le diura di le 48 fela gore di ka batla le go tsena mo mothong kana mo seamusing sengwe fela. Go sa nneng jalo, di tla swa. Morago ga go bona setshedi seo se se tlileng mo metsing, pharasaete e phunya letlalo la sone e bo e tsena mo mading. Seno se ka dira gore motho a babelwe, lefa tota gantsi a sa lemoge gore sengwe se a mo tsena. Mo teng ga madi, pharasaete e fetela mo ditshikeng tsa madi tsa setlha kana tsa mala, go ikaegile ka gore ke pharasaete ya mofuta mang. Mo dibekeng di le mmalwa fela dipharasaete di gola go nna diboko tse di godileng tse ditona le tse dinamagadi tsa boleele jwa dimilimitara di le 25. Morago ga go gwaelana, seboko se se namagadi se simolola go beela mae mo mading a setshedi seo, ka jalo se konela mogolagang wa sone.

Moo e ka nnang halofo ya mae ao e tswa mo mmeleng wa setshedi seo e le mo mantleng (fa e le letshoroma la kgopa la mala) kgotsa ka motlhapo (fa e le letshoroma la kgopa la motlhapo). Mae a a setseng a sala mo mmeleng mme a senye dirwe tse di botlhokwa tsa mmele. Fa bolwetse bo ntse bo anama mo mmeleng, molwetse a ka nna a tshwarwa ke letshoroma, a ruruga dimpa le go dutlela madi mo teng. Kgabagare bolwetse bo ka iphetola kankere ya setlha kana go sa dire sentle ga sebete kana diphilo. Balwetse bangwe ba a opafala kana ba golafala. Ba bangwe ba a swa.

Ditharabololo le Mathata

Go kganela bolwetse jono go anama, bobotlana go ka dirwa dilo tse nnè. Fa epe fela ya dilo tseno e ka bo e dirisiwa mo lefatsheng lotlhe, bolwetse jono bo ne bo tla nyelediwa.

Kgato ya ntlha ke go fedisa dikgopa tsotlhe mo metsweding ya metsi. Dikgopa di thusa pharasaete go anama ka bonako. Fa go se na dikgopa, letshoroma la kgopa ga le kitla le nna teng.

Go ne ga dirwa maiteko a go dira botlhole jo bo bogale thata jo bo ka bolayang dikgopa mme bo sa kgotlele tikologo. Ka bo1960 le bo1970, maiteko a go nyeletsa dikgopa a ne a dira gore go bolawe dilo tsotlhe tse di tshelang mo metsing a le mantsi. Go ne ga dirwa matsapa a rileng kwa Theodor Bilharz Research Institute ya kwa Egepeto a go batla molluscicide (selo se se bolayang dikgopa) e e se ketlang e bolaya ditshedi tse dingwe. Poresidente ya setheo seo, Dr. Aly Zein El Abdeen o ne a akgela jaana ka selo seno: “E tlile go latlhelwa mo metsing a go nosediwang dijalo ka one, a a nowang ke batho le ke diphologolo, le a ditlhapi di nnang mo go one, ka jalo re tshwanetse go tlhomamisega sentle gore ga go sepe fela sa tsone se se amegang.”

Kgato ya bobedi ke go bolaya dipharasaete mo bathong. Kalafi e e neng e ntse e dirisiwa go fitlha mo bogareng jwa bo1970 e ne e akaretsa diokobatsi tse di neng di na le ditlamorago tse di sa itumediseng le mathata. Gantsi, kalafi eno e ne e tlhoka gore motho a age a tlhabiwa ka mamao a a botlhoko. Bangwe ba ne ba ngongorega gore botlhoko jo ba bo utlwang fa ba alafiwa jalo bo gaisa jwa bolwetse ka bojone! Go tloga ka nako eo, go ne ga dirwa diokobatsi tse disha tse di lwantshang letshoroma la kgopa sentle, tse di jaaka praziquantel, mme e le tse di nowang.

Lefa diokobatsi tseno di itshupile di atlega fa di ne di lekelediwa kwa Afrika le Amerika Borwa, bothata jo bogolo mo dinageng tse dintsi e nnile tlhwatlhwa ya tsone. WHO e ne ya akgela jaana ka khutsafalo ka 1991: “Dinaga tse bolwetse jono bo atileng mo go tsone ga di kgone go tswelela ka dithulaganyo tse di oketsegileng tsa go laola [letshoroma la kgopa] ka ntlha ya tlhwatlhwa e e kwa godimo ya kalafi ya yone; ditlhwatlhwa tse di kwa godimo tsa diokobatsi tseno ka botsone gantsi di feta le tekanyetso ya madi e badiredi ba tsa boitekanelo ba dinaga di le dintsi tsa Afrika ba e beetseng dinaga tsa bone.”

Totatota le kwa balwetse ba newang diokobatsi mahala teng, batho ba bantsi ga ba ye go di tsaya. Ka ntlha yang? Lebaka le lengwe ke gore palo ya batho ba ba bolawang ke bolwetse jono e kwa tlase go sekae, ka jalo ba bangwe ga ba bo tseye bo le kotsi. Lebaka le lengwe ke gore ga se ka metlha batho ba lemogang matshwao a bolwetse jono. Mo dinageng tse dingwe tsa Afrika, madi mo motlhapong (e leng letshwao la konokono la bolwetse jono) ke selo se se tlwaelegileng thata mo go tsewang e le tsela e ka yone motho a supang gore o a gola.

Kgato ya boraro ke go fedisa mae mo metsweding yotlhe ya metsi. Fa e le gore matlwana a boithusetso a ne a ka agiwa go tila go kgotlelwa ga melapo le makadiba mme mongwe le mongwe a a dirisa, kotsi ya go tsenwa ke letshoroma la kgopa e ne e ka fokodiwa.

Dipatlisiso tse di dirilweng lefatshe lotlhe di bontsha gore morago ga gore go tsenngwe dipeipi tse di tlamelang ka metsi le matlwana a boithusetso bolwetse jono bo ile jwa fokotsega thata, lefa go ntse jalo dilo tseno ga di tlhomamise gore di tla kganela bolwetse. Alan Fenwick, moitsesaense yo o ithutileng ka ga letshoroma la kgopa ka dingwaga di feta 20 o ne a akgela jaana: “Go tlhoka motho a le mongwe fela go ithusetsa mo kanaleng gore a tsweledise mogolagang wa yone pele.” Bothata jo bongwe gape ke jwa dipeipi tsa leswe tse di thubegang mme di tshela mantle a a tshwaetsang mo metsweding ya metsi a a dirisiwang.

Kgato ya bonè ke go dira gore batho ba se ke ba amana ka gope le metsi a a kgotletsweng ke pharasaete. Seno le sone ga se motlhofo jaaka go lebega. Mo dinageng tse dintsi makadiba, melapo le dinoka tse di thusang ka metsi a a nowang di dirisediwa go tlhapa, go nosetsa mmogo le go tlhatswa diaparo. Batshwari ba ditlhapi ba nna mo metsing letsatsi le letsatsi. Mme mo mogoteng wa letsatsi la boboatsatsi, mo baneng molatswana wa metsi e ka nna mo ba thumelang teng.

Go na le Tsholofelo Efe ka Isagwe?

Ga go na pelaelo gore batho ba ba peloephepa le mekgatlho ba dira ka tlhoafalo go lwantsha letshoroma la kgopa mme go dirilwe tswelelopele e e bonalang tota. E bile babatlisise jaanong ba dira mokento o o lwantshang bolwetse jono.

Lefa go ntse jalo, go bonala go se na tsholofelo ya gore bolwetse jono bo tla fedisiwa. Dr. M. Larivière mo lokwalopakeng lwa kalafi lwa Sefora e bong La Revue du Praticien o ne a bolela jaana: “Lefa go nnile le katlego . . , bolwetse ga bo kitla bo fedisiwa.” Lefa letshoroma la kgopa le kgona go kganelwa le go alafiwa mo bathong bangwe, tharabololo ya bothata jwa lefatshe lotlhe ya lone e ka se bonwe go fitlha lefatshe le lesha la Modimo le nna gone. Baebele e solofetsa gore “monni wa gona ga a ketla a re: ‘Ke a bobola.’”—Isaia 33:24.

[Setshwantsho mo go tsebe 15]

Batho ba ka tshwaediwa ke dipharasaete tse di bakang letshoroma la kgopa fa ba tsena mo metsing a a kgotletsweng

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela