LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g 7/15 ts. 14-15
  • Se o Tshwanetseng go se Itse ka Malaria

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Se o Tshwanetseng go se Itse ka Malaria
  • Tsogang!—2015
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • 1 MALARIA KE ENG?
  • 2 BOLWETSE JWA MALARIA BO ANAMA JANG?
  • 3 O KA ITSHIRELETSA JANG?
  • Loso Lwa Diphuka Tse Di Lotsatsa
    Tsogang!—1994
  • Go Boela Gape Kwa go Lweng Le Malaria
    Tsogang!—1997
  • Sebetsa Se Sesha Kgatlhanong le Malaria
    Tsogang!—1993
  • Ke Eng Fa Malwetsi “A go Itheilweng ga Twe A Ka Alafiwa” A Boa Gape?
    Tsogang!—1993
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—2015
g 7/15 ts. 14-15

Se O Tshwanetseng Go Se Itse ka Malaria

Mokgatlho wa Lefatshe Lotlhe wa Boitekanelo o fopholetsa gore ka 2013, batho ba feta dimilione di le 198 ba ne ba tshwarwa ke bolwetse jwa malaria mme jwa bolaya ba ka nna 584 000. Batho ba le 4 mo go ba le 5 ba ba bolailweng ke malaria ke bana ba dingwaga tse di ka fa tlase ga tse tlhano. Batho ba le dibilione di ka nna 3,2 mo dinageng le mo dikgaolong di le makgolo ba mo kotsing ya go tshwarwa ke bolwetse jono.

1 MALARIA KE ENG?

Ke bolwetse jo bo tsenang motho fa a lomilwe ke monang. Matshwao a jone ke letshoroma, go sitwa, go fufula, go opiwa ke tlhogo, ditlhabi mo mmeleng, go feroga sebete le go kgwa. Ka dinako dingwe matshwao ano a nna a tlhaga morago ga diura di le 48 go ya go di le 72, go ikaegile ka gore motho o tshwaeditswe ke mofuta ofe wa pharasaete le gore o na le lobaka lo lokae a tshwaeditswe.

2 BOLWETSE JWA MALARIA BO ANAMA JANG?

  1. Taekeramo e e bontshang kafa bolwetse jwa malaria bo anamang ka gone mo mmeleng wa motho

    Dipharasaete tsa malaria—di-protozoa tse di bidiwang Plasmodia—di tsena mo mmeleng wa motho fa a lomiwa ke monang o o namagadi o o bidiwang Anopheles.

  2. Dipharasaete di tlhasela disele tsa sebete sa motho yo o lomilweng ke monang di bo di ikoketsa.

  3. Fa disele tsa sebete di phatloga, di ntshetsa dipharasaete mo diseleng tse dikhibidu tsa madi di bo di nna di ikoketsa.

  4. Dipharasaete di tlhasela disele tsa madi tse dikhibidu di bo di dira gore di phatloge

    Fa disele tsa madi tse dikhibidu di phatloga di ntshetsa dipharasaete mo diseleng tse dingwe tse dikhibidu tsa madi.

  5. Go tshwaediwa ke dipharasaete le go phatloga ga disele tse dikhibidu tsa madi go nna go tswelela. Motho yo o tshwaetsegileng o nna a bona matshwao a malaria nako le nako fa disele tse dikhibidu di phatloga.

3 O KA ITSHIRELETSA JANG?

Fa o nna mo lefelong le le itsegeng ka malaria . . . 

  • Dirisa nnete ya bolao kgotsa ya menang. E tshwanetse ya bo

    • e tshasitswe sebolayaditshenekegi.

    • e se na diphatlha e bile e sa gagoga.

    • e teneditswe ka fa tlase ga materase.

  • Dirisa seporei se se bolayang ditshenekegi.

  • Tsenya digalase tse di sireletsang mo dikgorong le mo difensetereng kgotsa o dirise difetlhaphefo go leleka menang.

  • Apara diaparo tsa mebala e e galotseng tse di bipang mmele wa gago otlhe.

  • Fa go kgonega, tila mafelo a a ratiwang ke menang a a jaaka tlhaga le mo go emeng metsi.

  • Fa o tshwerwe ke malaria, batla kalafi ka bonako.

Tsela e bolwetse jwa malaria bo tsenang menang le batho ka gone

Motho a ka tsenwa ke pharasaete ya malaria fa a lomilwe ke monang. Gape monang o o se nang pharasaete ya malaria o ka tsenwa ke pharasaete fa o lomile motho yo o nang le malaria. Go tswa foo, o ka fetisetsa pharasaete eo mo bathong ba bangwe

Fa o rulaganya go etela lefelo le le itsegeng ka malaria . . . 

  • Batla tshedimosetso ya bosheng pele o tsaya loeto. Mefuta ya dipharasaete tsa malaria e farologana go ya ka mafelo, ka jalo o tshwanetse go dirisa mofuta wa kalafi o o tshwanelang. Gape go tla bo go le molemo gore o botse ngaka gore ke dilo dife tse o tshwanetseng go di ela tlhoko tse di amanang le botsogo jwa gago.

  • Fa o ntse o etile, dirisa dikgakololo tse di mo setlhogong seno tse di malebana le ba ba nnang mo lefelong le le itsegeng ka malaria.

  • Fa o ka tshwaetsega, batla kalafi ka bonako. Ela tlhoko gore matshwao a ka bonala morago ga beke kgotsa di le nnè fa o sena go tshwaetsega.

O KA DIRA ENG GAPE?

  1. Batla tshedimosetso kwa ditheong tsa botsogo tsa puso kgotsa tsa setšhaba.

  2. Batla melemo mo metsweding e e siameng. (Melemo e e sa siamang e ka dira gore o lwale lobaka lo loleele kgotsa ya go bolaya.)

  3. Tlosa dilo tse di ngokang menang go dikologa ntlo.

Fa o nna mo lefelong la malaria kgotsa o kile wa ya kwa go lone, o se ka wa itlhokomolosa matshwao ano . . . 

  • Go gotela

  • Go fufula

  • Go sitwa le go roroma

  • Go opiwa ke tlhogo

  • Mesifa e e opang

  • Letsapa le le tseneletseng

  • Go feroga sebete

  • Go kgwa

  • Letshololo

Fa motho a sa alafelwe malaria a ka nna le tlhaelo ya madi kgotsa a swa. Ka jalo, batho, segolobogolo bana le baimana, ba tshwanetse go batla kalafi ka bonako pele matshwao a etegela.a

a Fa o batla tshedimosetso e e oketsegileng, bona makasine wa Tsogang! wa November 2011, tsebe 24-25 le wa November 2009, tsebe 26-29.

A O NE O ITSE?

Tshupanako e beilwe mo mmapeng wa Afrika

Kwa Afrika fela, motsotso mongwe le mongwe ngwana a le mongwe o bolawa ke malaria

  • Bana le baimana ba ka lwala thata fa ba ka tshwaediwa ke malaria.

  • Kwa Afrika fela, motsotso mongwe le mongwe ngwana a le mongwe o bolawa ke malaria.

  • Ga se gantsi batho ba tshwaediwang ke malaria ka go tshelwa madi.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela