LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g97 8/8 ts. 15
  • Go Boela Gape Kwa go Lweng Le Malaria

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Boela Gape Kwa go Lweng Le Malaria
  • Tsogang!—1997
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Melemo ya go Dirisa Masire Ano
  • Loso Lwa Diphuka Tse Di Lotsatsa
    Tsogang!—1994
  • Se o Tshwanetseng go se Itse ka Malaria
    Tsogang!—2015
  • Sebetsa Se Sesha Kgatlhanong le Malaria
    Tsogang!—1993
  • Ke Eng Fa Malwetsi “A go Itheilweng ga Twe A Ka Alafiwa” A Boa Gape?
    Tsogang!—1993
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—1997
g97 8/8 ts. 15

Go Boela Gape Kwa go Lweng Le Malaria

E re ka lefatshe le tlhomile mogopolo mo dintweng tsa semorafe, tlolomolao, go tlhoka tiro le mathata a mangwe, go buiwa sewelo ka dintsho tsa malaria mo dikgannyeng. Le fa go ntse jalo, World Health Organization (WHO) e bolela gore mo e ka nnang halofo ya baagi ba lefatshe gompieno e tshwerwe ke bolwetse jwa malaria e bile batho ba ka nna dimilione di le 300 go ya go di le 500 ba tshwarwa ke jone ngwaga le ngwaga, e leng se se dirang malaria “go nna bolwetse jo bo anameng thata go gaisa malwetse a boboatsatsi le jo bo bolayang go gaisa otlhe.” Bo bolaya go le kana kang?

Mo metsotswaneng mengwe le mengwe e le 20, mongwe o bolawa ke malaria. Palo eo e oketsega go nna palogotlhe ya dintsho di le dimilione di le 1,5 ngwaga le ngwaga—palo e e lekanang le ya baagi botlhe ba setšhaba sa Afrika sa Botswana. Batho ba le robongwe mo go ba le lesome ba ba swang ke ba dinaga tsa boboatsatsi tsa Afrika, koo ba ba swang thata e leng bana ba bannye. Kwa dinageng tsa Amerika, WHO e bontshitse fa malaria e gaketse thata kwa karolong ya Amazon. Go rengwa ga dikgwa le diphetogo tse dingwe tsa ikholoji di bakile gore batho ba le bantsi ba tshwarwe ke malaria mo karolong eo ya lefatshe. Kwa metseng mengwe ya kwa Amazon kwa Brazil, gone jaanong bothata bo nna maswe thata mo e leng gore mo baaging ba le 1000, ba ba fetang 500 ba na le bolwetse jono.

E ka tswa e le kwa Afrika, kwa dinageng tsa Amerika, kwa Asia kgotsa golo gongwe fela, malaria e tshwara thata baagi ba ba humanegileng. WHO e boletse gore batho bano “ba na le ditirelo tsa maemo a a kwa tlase thata tsa botsogo, ga ba kgone go itshireletsa ka bobone e bile ba kgakala thata le mafelo a a lwantshanang le malaria.” Le fa go ntse jalo, ga se gore bothata jwa batho bao ba ba humanegileng bo ka se rarabologe. TDR News e leng lekwalodikgang la patlisiso ka ga malwetse a boboatsatsi, e boletse gore mo dingwageng tsa bosheng jaana, go nnile le mokgwa mongwe o o ka nnang wa thusa thata wa go kganela dintsho tsa malaria. Mokgwa oo o o ka bolokang botshelo ke ofe? Masire a malao a a tletseng dibolayaditshenekegi.

Melemo ya go Dirisa Masire Ano

Le fa gone go dirisa masire a malao e le go boeletsa tharabololo e e kileng ya dirisiwa, Dr. Ebrahim Samba yo e leng motsamaisi wa ofisi ya WHO mo Afrika, o ne a bolelela lekwalodikgang la Panos Institute e bong Panos Features, gore diteko tsa go dirisa masire mo malaong e le go lwantsha malaria di bontshitse “matswela a a itumedisang.” Ka sekai, kwa Kenya, go dirisiwa ga masire a malao a a tshetsweng dibolayaditshenekegi tse dintsi tse di tlhaologang ka bonako a fokoditse palogotlhe ya dintsho mo baneng ba ba ka fa tlase ga dingwaga di le tlhano ka nngwetharong, e seng fela dintsho tsa malaria. Kwantle ga go namola matshelo, “masire a ka kgona thata go fokoletsa ditheo tsa pholo tiro” ka gonne e tla nna balwetse ba sekae fela ba ba tla tlhokang go alafelwa malaria kwa bookelong.

Le fa go ntse jalo, go na le bothata jo bo tshwanetseng jwa rarabololwa: Ke mang yo o tla duelelang masire ano? Fa batho ba setšhaba sengwe mo Afrika ba ne ba lopiwa go ntsha moneelo, bontsi bo ne jwa gana. Ga go gakgamatse go bo mo bathong ba ba nnang mo dinageng tse di dirisang madi a a kwa tlase ga R25 go duelela motho a le mongwe dilo tsa botsogo ka ngwaga, le e leng lesire la monang—le ka tswa le na le dibolayaditshenekegi kgotsa nnyaa—e le selo sa manobonobo. Le fa go ntse jalo, e re ka mokgwa ono wa go bo thibela o tla fokotsa ditshenyegelo tsa dipuso go na le go alafa balwetse ba malaria, bomankge ba lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng ba bolela gore “e tla nna mokgwa o o molemo thata wa go dirisa madi a a seng mantsi a puso go aba le go duelela masire a malao.” Eleruri, go tlamela batho ka masire a malao e ka nna tsela e dipuso di ka somarelang madi ka yone. Le fa go ntse jalo, mo dimilioneng tsa baagi ba tsone ba ba humanegileng, go gaisa moo—ke mokgwa wa go namola matshelo a bone.

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 15]

CDC, Atlanta, Ga.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela