Loso Lwa Diphuka Tse Di Lotsatsa
Ka mmegadikgang wa Tsogang! kwa Nigeria
Ga se ntwa e ditlhogo tsa dikgang di buang thata ka yone; lefa go ntse jalo e bolaile dimilione di le dintsi tsa batho. Ga se ntwa e e lowang ka dibomo le marumo; lefa go ntse jalo masetlapelo a yone le tsela e e bolayang ka yone, e tshwana le tsa mofuta oo kana ya di gaisa. Mo ntweng eno, motho ga a bolawe ke dibomo tse di tswang mo maleng a dikoloi tsa ntwa tsa baba, mme o bolawa ke se se tswang mo diphukeng tse di lotsatsa tsa monang o o namagadi.
GO BOSIGO; lelapa le robetse. Mo phaposing ya borobalo go ntse go fokafoka monang, diphuka tsa one di phaphasela ka lobelo lwa fa gare ga 200 le 500 ka motsotswana. O nyoretswe madi a motho. O kotama ka manontlhotlho mo letsogong la mosimanyana. E re ka o le digerama di le 3/1 000 fela, mosimane ga a utlwe sepe. Morago ga moo o somola lomao lo e keteng meno a šaga mo ntlhaneng e e mebitlwa ya karolo ya molomo wa one lo ka lone o tlhabang letlalo la mosimanyana fa tshikaneng. O mo nwa madi ka go mo gopa gabedi ka dipomponyana tse di mo tlhogong. Ka yone nako eo, pharasaete ya malaria e fetela mo mading a mosimane go tswa mo dikgelesweng tsa mathe tsa monang. Ka bonako fela o weditse tiro ya one; ga a utlwe sepe. Monang o a fofa, mmele wa one o gogomotswe ke madi gararo go feta bokete jwa one. Malatsi a sekae fela morago ga moo, mosimanyana o lwala tota mo a bileng a leng gaufi le loso. O tshwerwe ke malaria.
Tiragalo eno e ipoeleditse ka dimilione tse di diketekete. Ditlamorago tsa yone ke masetlapelo le dintsho tsa palo e e boitshegang. Kwantle ga pelaelo, malaria ke mmaba yo o setlhogo le yo o sa ineeleng wa motho.
Go Batlisisa Mmaba ka Bopelotelele
Selo sengwe sa botlhokwa mo go tlhabantshaneng le malaria se ne sa ribololwa e seng ke rasaense mongwe yo mogolo wa kwa Yuropa, mme ke ngaka nngwe e e arang ya Sesole sa Borithane e e neng e le kwa India. Borasaense le dingaka tsa lekgolo la bo19 la dingwaga, tumalanong le tsela e go neng go akanngwa ka yone dingwaga di le dikete tse pedi pele ga moo, ba ne ba akanya gore bolwetsi jono bo tshwara motho ka go hema mowa o o bongola o o leswe.a Dr. Ronald Ross ene o ne a dumela ka tsela e e farologaneng, o ne a dumela gore menang ke yone e e dirang gore batho ba tshelane bolwetsi jono. Tota le morago ga gore go itsege gore bolwetsi jwa malaria bo amana le dipharasaete mo mading a motho, babatlisisi ba ne ba nna ba batlisisa mo moyeng le mo metsing a mafelo a a bongola go bona lesedinyana ka jone. Ka yone nako eo, Ross ene o ne a dira dipatlisiso mo maleng a menang.
Go dira dipatlisiso mo maleng a menang e ne e se kgetsi e potlana fa o akanya ka didirisiwa tsa bogologolo tsa laboratori tse a neng a di dirisa. Fa a ntse a bereka, lesogodi la menang le dintsi di ne di mo kgobokanela, go ya kafa Ross a bolelang ka teng, di ne di tlile go busulosetsa loso lwa “ditsala tsa tsone.”
Kgabagare, ka August 16, 1897, Ross o ne a fitlhela mo maleng a menang ya anofele, go na le ditshedinyana tse dikgolokwenyana tse di neng di godile ka lobelo lo logolo. E ne e le dipharasaete tsa malaria!
Ka boitumelo jo bogolo, Ross o ne a kwala mo bukeng ya gagwe ya dintlha gore o ribolotse masaitseweng a a tla namolang “dimiriate tsa batho.” O ne gape a kwala temana eno ya buka ya Bakorintha go tswa mo Bibeleng: “Losho, phenyo ea gago e kae? Losho, lobèlela loa gago lo kae?”—1 Bakorintha 15:55.
Segajaja sa Malaria
Thibololo ya ga Ross e ne e le selo sa botlhokwa thata mo go lweng le malaria, selo se se neng sa bula tsela ya gore motho a kgone go lwa le bolwetsi jono le ditshenekegi tse di bo rwalang.
Mo makgetlhong a mantsintsi mo hisitoring, batho ba ile ba palelwa thata ke go fenya malaria. Mekwalo ya Egepeto ya hieroglyphics le papyri e supa masetlapelo a bolwetsi jwa malaria bo ileng jwa a dira dingwaga di le 1 500 pele Keresete a tla mo lefatsheng. Bo ne jwa ganyaola metse e mentle ya Greece wa bogologolo jwa bo jwa bolaya Alexander yo Mogolo a santse a le mosha. Bo ne jwa gaila metse ya Roma jwa bo jwa lelekela bahumi kwa mafelong a dithota. Ka nako ya Botlhabanelatumelo, Ntwa ya Selegae ya Amerika le ka nako ya dintwa tse pedi tsa lefatshe bo ne jwa bolaya banna ba ba fetang ba ba bolailweng mo dintweng tse dintsi tse dikgolo.
Mono Afrika, bolwetsi jwa malaria kwa Afrika Bophirima bo ne jwa itirela leina le go tweng, “Lebitla la Lekgoa.” Totatota, bolwetsi jono bo ne jwa kgoreletsa Bayuropa thata go dira dinaga tsa Afrika dikolone mo e bileng yunibesithi nngwe ya Afrika Bophirima e neng ya bolela gore monang ke mogaka wa selegae! Kwa Amerika Bogare, bolwetsi jwa malaria bo ne jwa thusa gore Fora e palelwe ke go dira Kanale ya Panama. Kwa Amerika Borwa, ka nako ya fa go ne go dirwa seporo sa Mamoré-Madeira kwa Brazil, go ne ga bolelwa fa bolwetsi jwa malaria bo ne jwa bolaya batho ba ba lekanang le dimapo tsotlhe tse di mo seporong seo.
Go Lwela go Fenya
Batho ba feditse dimileniamo ba itshireletsa kgatlhanong le menang ba sa lemoge gore tota ba itshireletsa kgatlhanong le malaria. Mo lekgolong la dingwaga la bo16 B.C.E., Baegepeto ba ne ba dirisa oli ya setlhare sa Balanites wilsoniana go leleka menang. Dingwaga di le sekete morago ga moo, Herodotus o ne a kwala gore batshwaraditlhapi ba Baegepeto ba ne ba itshireletsa mo ditshenekeging tseno ka go khurumetsa malao a bone ka matloa a bone. Makgolo a le lesomesupa moragonyana, Marco Polo o ne a bega gore baagi ba ba humileng ba India ba ne ba robala ba sireleditse malao a bone ka masire a ba neng ba kgona go a tswala bosigo.
Kwa mafelong a mangwe batho ba ne ba ribolola melemo ya tlhago e e neng e thusa thata. Mo e ka nnang go feta dingwaga tse 2 000, Batšhaena ba ntse ba kgona go alafa malaria ka semela se se bidiwang qinghaosu, setlhatsana se se thusang se se ileng sa ribololwa gape mo dingwageng tsa bosheng jaana. Kwa Amerika Borwa, Baindia ba Peru ba ne ba ikalafa ka lekwati la setlhare sa cinchona. Cinchona e ne ya isiwa mo lekgolong la bo17 la dingwaga kwa Yuropa, mme ka 1820 borakhemise ba babedi ba kwa Paris ba ne ba tlhotlha sere sa kalaka se se bidiwang quinine go tswa mo go yone.
Ditlhabano Tse Disha
Go ne ga tsaya nako gore go tlhaloganngwe kafa quinine e neng e thibela le go alafa malaria ka teng mme e ne ya re fa go se na go tlhaloganngwa, e ne ya nna seokobatsi se se rategang thata ka lobaka lwa dingwaga di le lekgolo. Morago ga moo, mo masimologong a ntwa ya bobedi ya lefatshe, masole a Bajapane a ne a gapa masimo a a botlhokwa thata a ditlhare tsa cinchona kwa Botlhabakgakala. Ka ntlha ya go tlhaela thata ga quinine kwa United States, go ne ga duwa letsholo la go senkana le tsela ya go dira seokobatsi se se ka alafang malaria. Go ne ga dirwa chloroquine, seokobatsi se se neng se se kotsi, se thusa thata e bile go se tlhwatlwagodimo go se dira.
Go ise go ye kae chloroquine e ne e setse e le kalafi e kgolo e e lwantshang malaria. Gape ka bo1940 go ne ga simololwa sebolayaditshenekegi se se bidiwang DDT, se se neng se nonofile thata mo go bolayeng menang. DDT ga e bolaye menang fela ka nako ya fa o e kgatsa mme gape monkgo wa yone o o saletseng mo dipoteng tse di kgatsitsweng o sala o bolaya ditshenekegi tse dingwe.b
Tsholofelo ya go Bo Tlhasela Gape
Morago ga ntwa ya bobedi ya lefatshe, borasaense ba eme sentle ka DDT le chloroquine, ba ne ba rulaganya letsholo le lengwe gape la go lwantsha malaria le menang. Ntwa e ne e imenne sebedi—go ne go tla dirisiwa diokobatsi go bolaya dipharasaete mo mebeleng ya batho, fa kafa go je lengwe go ne go tla dirisiwa dibolayaditshenekegi tse di nonofileng go nyeletsa menang.
Maikaelelo e ne e le go fenya gotlhelele. Malaria e ne e tshwanetse go nyelediwa. World Health Organization (WHO), e e neng e sa tswa go tlhongwa e ne e ya baya thulaganyo ya go e nyeletsa kwa pelepele ga dilo tse e neng e ikaeletse go di dira. Maikaelelo ano a ne a engwa nokeng ka madi. Magareng a 1957 le 1967, ditšhaba di ne tsa dirisa diranta di le dikete tse di dimilione di le 3,5 mo letsholong leo la lefatshe ka bophara. Matswela a ntlha a seno a ne a usa pelo. Bolwetsi jono bo ne jwa nyelediwa kwa Yuropa, Amerika Bokone, Soviet Union, le Australia, le dikarolo dingwe tsa Amerika Borwa. Porofesara L. J. Bruce-Chwatt, mongwe wa batho ba ba nang le nako e telele mo go lwantsheng malaria, o ne a tlhalosa jaana: “Gompieno go thata go tlhalosa kafa kgopolo ya go bo nyeletsa e neng e tlhagafaletswe thata ka gone lefatshe ka bophara ka nako eno ya kagiso.” Bolwetsi jwa malaria bo ne bo phutlhama ka mangole! WHO e ne ya ipelafatsa jaana: “Jaanong re nyeleditse malaria fela jaaka re ne re ikaeletse.”
Malaria E A Ipusolosetsa
Ba ne ba ise ba fenye. Masikasika oomonang a a neng a falola go gailwa ke dikhemikale a ne a simolola go palela dibolayaditshenekegi. DDT e ne e sa tlhole e o bolaya motlhofo jaaka pele. Dipharasaete tsa malaria mo bathong le tsone di ne tsa palela chloroquine. Dilo tseno le mathata a mangwe gape di ne tsa dira gore dilo di nne maswe gape kwa dinageng dingwe tse go neng go lebega go fentswe bolwetsi jono kwa go tsone. Ka sekai, kwa Sri Lanka, dingwaga di le tlhano fela morago ga gore go akanngwe gore go nyeleditswe malaria gotlhelele ka 1963, go ne ga nna le kgogodi e e neng ya tshwara dimilione tsa batho.
Ka 1969 go ne go dumelwa gore malaria ke mmaba o o ka se nyelediweng. Go na le gore go buiwe ka go bo “nyeletsa,” go ne go buiwa thata ka lefoko go bo “laola.” Go bo “laola” go kaya eng? Dr. Brian Doberstyn, yo e leng tlhogo ya lephata la malaria la WHO, o tlhalosa jaana: “Se re ka se dirang fela ke go leka go fokotsa tsela e bo bolayang le go bogisa batho ka yone.”
Modiredimogolo mongwe wa WHO o tlhalosa jaana: “Morago ga gore go dirwe maiteko a go nyeletsa malaria le go dirisa DDT go bolaya ditshenekegi tseno ka bo1950, ditšhaba tsotlhe di ne tsa repisa letsogo. Lehuma, go tlhoka dilo tsa motheo, go palela diokobatsi le dibolayaditshenekegi go ne ga dira gore bolwetsi jono bo tswelele pele. Totatota, bolwetsi jono bo re fentse.”
Selo se sengwe gape ke gore dikhampani tsa diokobatsi di tlogetse go batlisisa. Rasaense mongwe wa malaria o ne a re: “Bothata ke gore go tlhoka motho madi a mantsi thata mme ga go busetse e bile go kgoba marapo.” Ee, le mororo dintwa di le dintsi di fentswe, ntwa kgatlhanong le malaria yone e kgakala le go fela. Lefa go ntse jalo, Bibela e bolela nako e e gaufi e go se kitlang go nna le ‘ope yo o reng, ke a bobola.’ (Isaia 33:24) Go fitlha nako eo e goroga, bolwetsi le loso di tla nna di tla ka diphuka tse di lotsatsa.
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Lefoko “malaria” le tswa mo lefokong la Sentadiana e bong mala (maswe) aria (mowa).
b Go ne ga lemogiwa fa DDT e le kotsi mo tikologong mme dinaga di le 45 di ne tsa kganela gore e dirisiwe.
[Lebokoso mo go tsebe 15]
Monang Kgatlhanong le Motho
Ka tlhamalalo o tsentse mo e ka nnang halofo ya palo yotlhe ya batho mo kotsing mo dinageng tse di fetang lekgolo, segolobogolo tsa boboatsatsi. Afrika ke yone e e mo kotsing go feta.
Go lemogilwe gore menang e tla e rwelwe ke difofane tse di tswang kwa mafelong a boboatsatsi mme e ile ya tshwaetsa batho ba ba nnang gaufi le maemafofane a ditšhabatšhaba.
Ba e ba bolayang. Bo tlhasela batho ba le dimilione tse 270 ngwaga le ngwaga, bo bolaya dimilione tse 2. Bo setlhogo thata mo basading ba ba imileng le mo baneng, ka kakaretso bo gaila bana ba le babedi ka motsotso.
Bo tlhasela batho ba ba etelang kwa boboatsatsi. Ngwaga le ngwaga batho ba le 10 000 kwa Yuropa le ba ba fetang 1 000 kwa Amerika Bokone ba tshwarwa ke malaria “e e tswang dinageng di sele.”
Matlhale. Menang e e namagadi ya anofele e tshwaetsa batho segolobogolo bosigo. Gape malaria e tsena batho ka go tshelwa madi mme ka dinako tse dingwe ka mamao a a tshwaetsegileng.
Batho ba ile ba nna le kitso le ditsela tsa go itshireletsa mo go yone moragonyana fela jaana. Go sa kgathalesege maiteko a a kopanetsweng a dinaga tse 105 go leka go lwa le petso eno, batho ba a palelwa.
[Box/Picture on page 16]
Fa o robala, khurumetsa bolao jwa gago ka lesire. Masire a a tshetsweng dibolayaditshenekegi a molemo thata.
Dirisa sefokamowa bosigo fa o na le sone, kana o robale mo phaposing e e nang le matlhabaphefo le dikgoro tse di nang le dikirini. Fa go se na dikirini, boloka dikgoro le matlhabaphefo a tswetswe.
Fa letsatsi le sena go phirima, go molemo gore o apare diaparo tse di matsogomaleele le marokgwe a maleele. Menang e rata thata mebala e e lotobo.
Itshase selelekaditshenekegi mo dikarolong tsa mmele tse di sa sirelediwang ke diaparo. Tlhopha se se nang le diethyltoluamide (selelekaditshenekegi sa mmala o o phatsimang se se mafura) kana dimethyl phthalate.
Dirisa dikgatsi tse di bolayang menang, le dilelekaditshenekegi kana dikhoele tse di fisiwang go leleka menang.
Motswedi: World Health Organization.
[Motswedi wa Setshwantsho]
H. Armstrong Roberts
[Lebokoso mo go tsebe 17]
“Ga go Na ‘Lerumo la Kgakgamatso’”
Lefa go se na tsholofelo ya go bo fenya, batho ba tla tswelela pele ba lwa le malaria. Kwa konferenseng ya malaria kwa Brazzaville, kwa Congo, ka October 1991, baemedi ba WHO ba ne ba ikuela gore go kgaoganwe le “kgopolo ya gore ga go ka ke ga tlhola go dirwa sepe” mme ba akantsha gore batho lefatshe ka bophara ba tlhotlhelediwe gore ba laole malaria. Maiteko ao a tla atlega go le kana kang?
“Ga go na ‘lerumo la kgakgamatso’ la malaria,” go ne ga rialo motsamaisimogolo wa WHO, e bong Hiroshi Nakajima bosheng jaana. “Ka jalo, re tshwanetse go lwa le jone ka mekgwa e le mentsi.” Ditsela tse tharo tse di tumileng thata bosheng jaana tsa go lwa le jone ke tse:
Meento. Go fetile dingwagangwaga borasaense ba batlisisa ka moento o o ka alafang malaria, mme gangwe le gape metswedi ya tshedimosetso e ne ya bega ka “kgatelopele” e e dirilweng mo dipatlisisong tseno. Fa e ne e ganana le go nna le tsholofelo e e seng yone WHO e ne ya tlhagisa batho kgatlhanong le go “ijesa dijo tsa ditoro ka ga gore go tla tloga go nna le moento o o alafang malaria.”
Sengwe se se bakang mathata mo go direng moento ke gore pharasaete ya malaria e palela dilwantshamalwetsi tsa mmele fa di leka go e bolaya. Tota le morago ga gore di fetse dingwaga di leka go e tlhasela, batho ba kgona go nna fela le selekanyo se se rileng sa go emelana le bolwetsi jono. Dr. Hans Lobel, moepedimioloji wa U.S. Centers for Disease Control kwa Atlanta o ne a akgela jaana: “Mmele wa gago ga o ka ke wa kgona go emelana le bolwetsi morago ga gore bo go tlhasele go sekae fela. Ka jalo [fa o leka go dira moento wa jone] o a bo o leka fela go tokafatsa se tlhago e se dirileng.”
Diokobatsi. Ka gonne pharasaete ya malaria e nnela go palela diokobatsi go ya pele, WHO e buelela molemo o mosha o o bidiwang arteether, o leina leno la one le tserweng mo setlhatshaneng sa kwa Tšhaena se se bidiwang qinghaosu.c WHO e solofela gore qinghaosu e ka nna ya nna motswedi wa mofuta wa diokobatsi tsa tlholego o mosha gotlhelele, o ditšhaba tsotlhe di ka nnang le one mo dingwageng tse di lesome fela.
Masire a malao. Tsela eno ya go itshireletsa kgatlhanong le menang, e e nang le dingwaga di le dikete tse pedi e le gone e santse e thusa thata. Gantsi menang ya malaria e loma motho bosigo, mme lesire le a e kganela. Masire a a molemo thata ke a a inilweng mo sebolayaditshenekeging, se se jaaka permethrin. Dipatlisiso tse di dirilweng mono Afrika di bontsha gore palo ya batho ba ba neng ba bolawa ke malaria e ne ya fokotsega ka 60 lekgolong kwa metsaneng e kwa go yone go neng go dirisiwa masire a a inilweng mo dibolayaditshenekeging.
[Ntlha e e kwa tlase]
c Qinghaosu e tswa mo setlhatshaneng sa longana se se bidiwang Artemisia annua.
Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 18]
A O Etela kwa Boboatsatsi?
Fa e le gore o rulaganyetsa go etela kwa lefelong le malaria e tletseng thata kwa go lone, o tshwanetse go dira jaana:
1. Itekole kwa ngakeng kana kwa setheong se se entang.
2. Latela ditaelo fela jaaka o di neetswe, mme fa e le gore o nwa seokobatsi se se thibelang malaria, tswelela pele o se nwa dibeke di le nnè morago ga go boa kwa lefelong la malaria.
3. Itshireletse mo go longweng ke menang.
4. Itse matshwao ano a malaria: letshoroma, go opiwa ke tlhogo, go tlhotlhona mesifa, go tlhatsa, le/kana letshololo. Itse gore malaria e ka nna ya go tshwara tota le ngwaga morago ga gore o boe kwa lefelong le le tletseng malaria lefa o ile wa dirisa diokobatsi tse di thibelang malaria.
5. Fa o lemoga gore o na le matshwao ano a yone, bona ngaka. Malaria e ka nna maswe mo lobakeng lo lokhutshwane thata e bile e ka go bolaya mo diureng tse 48 fela morago ga gore o lemoge matshwao a yone a ntlha.
Motswedi: World Health Organization.
[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 14]
H. Armstrong Roberts