Ke Eng Fa Malwetsi “A go Itheilweng ga Twe A Ka Alafiwa” A Boa Gape?
NTLO e fetsa go phepafadiwa sentle. Lefa go ntse jalo fa malatsi, dibeke, le dikgwedi di ntse di feta, lerole le leswe di ntse di boa gape ka bonya ka bonya. Ka gone go phepafatsa gangwe fela ga go a lekana. O tshwanetse wa nna o go dira ka metlha.
Go ne ga tsaya lobaka e kete kalafi ya segompieno e feditse malaria, thibii, le thosola. Mme go ile ga se ka ga tlhokomelwa gore go lepalepanwe le tsone ka go nna go batlisisiwa le go batla dikalafi tse dingwe. Jaanong, “lerole le leswe” di boile gape. Dr. Hiroshi Nakajima wa WHO (World Health Organization) a re: “Boemo jwa malaria mo lefatsheng bo masisi e bile bo ntse bo nnela maswe kwa pele.” Dr. Lee Reichman yo o itseng thata ka thibii o tlhagisa jaana: “Batho ba tshwanetse go lemoga gore thibii e boile—le gore e boile e le bogale thata.” E bile The New York Times e ne ya itsise jaana kwa tshimologong ya dingwaga tse di lesome tseno: “Dipalo tsa batho ba basha ba ba tshwerweng ke thosola mo nakong eno di kwa godimo thata fa e sale go tloga ka 1949.”
Malaria—E Tshosetsa mo E Ka Nnang Bontlhanngwe jwa Lefatshe
Gompieno, malaria e e nang le dingwaga tse di ka nnang 40 go kile ga twe e batla e fedisitswe e tshosetsa thata kwa Afghanistan, Brazil, Cambodia, China, India, Indonesia, Sri Lanka, Thailand, Vietnam le dikarolo tse di farologaneng tsa Afrika. Le Figaro, lokwalodikgang lwa kwa Fora lo bega jaana: “E bolaya bana ba babedi motsotso mongwe le mongwe.” Go swa dimilione tse pedi ngwaga le ngwaga—ba feta kgakala ba ba bolawang ke AIDS.
Go na le batho ba ba fetang dimilione tse di ka tshwarang 270 ba ba nang le parasiti ya malaria mme dimilione di le dikete di le 2,2 di lejwa di le mo kotsing ya go tshwaediwa. Phyllida Brown o botsa jaana mo go New Scientist: “Go tla jang gore malaria e go kileng ga twe e fedisitswe kana e kgona go alafiwa mo 90 lekgolong ya baagi ba lefatshe, e bo jaanong e tshosetsa 40 lekgolong ya rona?” Mabaka a mantsi.
Go rengwa ga dikgwa le go dirwa ga dikolone. Go aga ga batho mo mafelong a dikgwa tse ditala a a tletseng menang go dirile gore malaria e oketsege ka bonako kwa Brazil. Claudio Ribeiro, moithuti wa kafa mmele o lwang ka teng le malwetsi, o bolela jaana ka batho ba ba neng ba fudugela koo: “Se se neng sa diragala ke gore monang o ne wa latelelwa kwa matlong a one. Ba ne ba sa itse sepe ka malaria e bile mebele ya bone e ne e sa kgone go lwa le one.”
Khudugo. Batshabi ba ba mo letsholong la go batla ditiro ba ba tswang kwa Myanmar ba tletse kwa meepong ya majana a a tlhwatlhwakgolo ya Borai, toropo nngwe e nnye kwa Thailand. Newsweek e bega jaana: “Go tla ga bone le go nna ba fuduga go dira gore malaria e se ka ya kgona go alafiwa.” Go begwa fa go na le batho ba le 10 000 ba ba tshwarwang ke malaria kgwedi nngwe le nngwe—mo badiring ba moepo fela!
Bojanala. Bontsi jwa bao ba etelang kwa mafelong a a tletseng malaria ba boela gae ba na le one. Ka jalo, ka 1991 go ne ga bolelwa fa go na le batho ba le 1 000 ba e ba tseneng kwa United States le ba le 10 000 kwa Yuropa. Ngwaga le ngwaga go na le makgolokgolo a bajanala le batho ba ba direlang kwa moseja ba ba boelang kwa Canada ba tshwaeditswe. Mo kgetsing nngwe e e tlhomolang pelo, bana bangwe ba babedi ba ne ba tshwarwa ke letshoroma fela fa lelapa leo le boa kwa Afrika. Ngaka e ne ya se ka ya akanya gore e ka nna malaria. Globe and Mail ya Toronto e bega jaana: “Go ne go setse go sena se se ka dirwang fa batsadi ba ba isa kwa kokelong. Yo mongwe o ne a swa diura fela morago ga yo mongwe.”
Mefuta e e sa kgonweng ke kalafi. WHO e bega gore mefuta ya malaria e e sa kgonweng ke kalafi e setse e anametse mo dinageng tsotlhe tsa boboatsatsi tsa Afrika. Newsweek e bolela gore kwa Southeast Asia, “go sa kgonwe ke diokobatsi ga malwetsi mangwe go anama ka bonako mo e leng gore mefuta e mengwe ya one e tla tloga e sa tlhole e kgonwa go alafiwa.”
Go tlhoka madi. Kwa mafelong a mangwe ditlileniki tsa teng ga di na didirisiwa tsa go dira diteko tse di motlhofo fela jaaka e e bidiwang blood smear go tlhatlhoba gore a bo teng. Kwa mafelong a mangwe madi a a beetsweng kwa thoko gore a dirisediwe kalafi a tlhoka go dirisediwa dilo tse dingwe tse di batlegang ka bonako, mme seo se dira gore go se ka ga bonwa dilo tse di bolayang ditshenekegi le melemo e e lekaneng. Ka dinako tse dingwe ke kgang ya go batla go bona morokotso. New Scientist e bolela jaana e dumelana: “Ga o kake wa bona madi fa o alafa malwetsi a dinaga tsa boboatsatsi, gonne, ka kakaretso fela, batho ba ba tsenweng ke malwetsi ao ba ka se ka ba kgona go duelela melemo.”
Thibii—Mmolai wa Bogologolo Yo O Tlang ka Maano a Masha
Go ne ga itsisiwe la ntlha ka streptomycin, seokobatsi se go neng go bonala se tla alafa thibii, ka 1947. Ka nako eo, go ne go akanngwa gore thibii e tlile go fedisetswa ruri. Mme dinaga tse dingwe di ne tsa thanya lo le tsebeng: thibii e ne ya tshwara batho ba bantsi thata mo dingwageng tsa bosheng. The Washington Post e bega jaana: “Selekanyo se thibii e leng teng ka sone mo mafelong a khumanego e leng ntsi thata kwa go one kwa Amerika se kwa godimo go feta sa dinaga tse di humanegileng go gaisa tsotlhe tsa Afrika tse di gaufi le Sahara.” Kwa Côte d’Ivoire go diragala se lokwalopaka longwe lo se bitsang “go thanya lomapo lo le tsebeng ka tsela e e botlhoko thata ka ntlha ya thibii.”
Dr. Michael Iseman o bolela jaana ka kutlobotlhoko: “Re ne re itse go e alafa. Re ne re e kgona. Re ne ra latlha seditse.” Ke eng se se neng sa kgoreletsa ntwa kgatlhanong le thibii?
AIDS. E re ka e tlogela motho a sa kgone go lwa le go tshwaediwa, AIDS e lejwa e le yone tota e bakileng gore thibii e tsoge gape. Dr. Iseman a re: “Fa ba sa bolawe ke sengwe pele, mo e ka nnang 100 lekgolong ya balwetsi ba AIDS ba ba nang le baketeria ya thibii ba tla lwala thibii.”
Tikologo. Dikgolegelo, magae a go tlhokomelelwang bagolo mo go one, mafelo a batho ba ba senang magae ba tlhokomelelwang mo go one, dikokelo, le mafelo a mangwe di ka dira gore thibii e oketsege. Dr. Marvin Pomerantz, o anela gore balwetsi ba ba nang le nyumonia ba ne ba gotlhola thata fa go ne go dirisiwa kalafi nngwe e e kgatshiwang mo moyeng mme ka gone badiri ba kokelo ba ne ba tsenwa ke thibii.
Go tlhoka madi. Go ne ga se ka ga tlhola go ntshiwa madi le batho ba ne ba leba dilo di sele fela fa go sena go bonala gore thibii e tla kgonwa. Dr. Lee Reichman a re: “Go na le gore re nyeletse thibii, re ne ra nyeletsa dithulaganyo tsa go nyeletsa thibii.” Patrick Brennan, moitse wa saense ya ditshedi a re: “Ke ne ka dira thata kwa tshimologong ya bo1960 ke leka go bona gore ke eng fa thibii e sa kgonwe ke diokobatsi dingwe mme ke ne ka swetsa go tlogela gonne ke ne ke akanya gore thibii e kgonwa go alafiwa.” Ka gone dingaka tse dintsi di ne di sa lebelela gore thibii e ka boa gape. Ngaka nngwe e ne ya bolela jaana: “Mo bekeng e le nngwe fela [ka selemo ka 1989], ke ne ka bona batho ba le bane ba ba tshwerweng ke mofuta mongwe wa bolwetsi jono jo morutisi wa me kwa sekolong sa bongaka a neng a ntheile a re ga nkitla ke tlhola ke bo bona gape.”
Thosola—E Boile E Bile E A Bolaya
Le mororo penicillin e le makgonatsotlhe, thosola e santse e le ntsi thata mo Afrika. E boile e nonofile tota kwa United States morago ga dingwaga di le 40. Go ya ka The New York Times, thosola jaanong “e tsietsa kokomana ya dingaka tse di e bonang sewelo, fa e le gore di kile tsa e bona.” Ke ka ntlha yang fa e boile gape?
Crack. Go tshwakgolwa ke crack go bakile se ngaka nngwe e se bitsang “go tagwa ke cocaine le tlhakanelodikobo ka selekanyo se segolo thata.” E re ka gantsi banna bone ba utswa gore ba kgone go duelela dilo tseno tse di ba tshwakgotseng, basadi bone gantsi ba tlhakanela dikobo le bangwe gore ba bone diokobatsi. Dr. Willard Cates, yo Mmotlana, wa U.S. Centers for Disease Control a re: “Kwa mafelong a go rekisiwang crack kwa go one, go tlhakanelwa dikobo, e bile motho o nna le balekane ba bantsintsi. Bolwetsi bope fela jo bo leng teng mo tikologong e e ntseng jalo ke jone jo bo tla tshelanwang.”
Go se itshireletse. Discover e bega jaana: “Le mororo go tswilwe letsholo la go bua ka ‘tlhakanelodikobo e e sireletsegileng,’ basha ba ba mo dingwageng tsa bolesome ba santse ba sa batle go dirisa dikhontomo go itshireletsa mo malwetsing.” Patlisiso nngwe e e neng ya dirwa kwa United States e ne ya senola gore ke 12,6 lekgolong fela ya batho bao balekane ba bone ba ka nnang ba ba tsenya malwetsi ba ba dirisang dikhontomo ka metlha.
Madi le didirisiwa di a tlhaela. The New York Times e bolela jaana: “Go fokodiwa ga tekanyetso ya madi go dirile gore ditlileniki tsa botlhe koo thosola le malwetsi a mantsi a a tsenang batho ka tlhakanelodikobo di alafiwang teng di tlhaelelwe ke madi.” Mo godimo ga moo, mekgwa e go tlhatlhobiwang ka yone go bona gore a motho o tshwaeditswe ga e kgone go supa bolwetsi ka metlha. Basadi ba le mmalwa kwa kokelong nngwe ba ne ba tshola bana ba ba tsenweng ke bolwetsi jono, lefa gone madi a bommaabo a ne a fitlhelwa a se na thosola fa a ne a tlhatlhobiwa.
A go Bonala Bo Tla Fela?
Motho ga a bolo go lwa le malwetsi mme a sa a kgone. Gantsi go kgona malwetsi mangwe ga motho go tlhokisiwa mosola ke a a mo palelang. A motho o hutsitswe ka gore o tla lwa ntwa e a se kitlang a e fenya? A lefatshe le tla tsamaya le nna le se na malwetsi?
Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 7]
Polao ya Thosola
THOSOLA e bakiwa ke Treponema pallidum, baketeria e e bopegileng jaaka tshitshwana e e ntshang diporopo, mme gantsi e tsena motho ka dirwe tsa tlhakanelodikobo. Baketeria eno e tsena mo mading e bo e anama le mmele otlhe.Morago ga dibeke di le mmalwa motho a sena go tshwaediwa, o tswa seso se se bidiwang chancre. Gantsi se tswa mo ditokololong tsa tlhakanelodikobo mme gape se ka nna sa tswa mo dipounameng, mo dikodung, kana mo menwaneng. Kgabagare chancre e fola fela e sa tlogele lebadi. Mme lefa go ntse jalo, megare e tswelela e anama le mmele otlhe e bile e ka itshupa gape ka: bogwata mo letlalong, mometso o o botlhoko, go opa ga malokololo, go tlhotlhorega moriri, diso tse dikima, le go baba ga matlho.
Fa e tlogelwa e sa alafiwe, thosola e nna fela e le teng mme e ka nna botshelo jotlhe. Fa mosadi a ka ithwala go santse go ntse jalo, ngwana wa gagwe a ka nna a tsholwa a foufetse, e le segole, kana a tlhokafetse.
Masomesome a dingwaga moragonyana, thosola e ka etegela, mme baketeria ya thosola e ka tsena mo pelong, mo bobokong, mo mokolelong, kana mo dikarolong tse dingwe tsa mmele. Fa baketeria eno ya thosola e ka tsena mo bobokong, motho a ka nna a wa mototwane, a swa ditokololo, kana a tsenwa. Kgabagare, bolwetsi jono bo ka nna jwa bolaya motho.
[Motswedi wa Setshwantsho]
Biophoto Associates/Science Source/Photo Research
Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 7]
“Moitimokanyi Yo Mogolo”
DR. Lee Reichman o bitsa thibii jalo. O bolela jaana: “E ka lebega e kete ke mofikela, bronchitis, foluu. Ka jalo fa ngaka e ka se ka ya akanya gore e ka nna thibii, e ka nna ya se ka ya lemoga gore motho o tshwerwe ke eng.” Go tshwanetse ga tsewa ekeserei ya sehuba go tlhomamisa gore motho o tshwaeditswe ke yone.
Motho o tsenwa ke thibii ka go e hema mo phefong. Fa motho a gotlhola go nna le dikarolwana tse dinnye tse di kgonang go tsena mo makgwafong. Lefa go ntse jalo, gantsi mmele o a bo o nonofile go ka thibela megare eno gore e se ka ya anama. Dr. Reichman o tlhalosa jaana: “Ke fela [bao] ba nang le dibaketeria tse dintsi tse di bakang bolwetsi jono mo diphatlheng tsa makgwafo a bone—ditshedinyana tseno di le dimilione di le 100 tse di leng mo go bao ba ka anamisang bolwetsi jono fa di bapisiwa le tse di kafa tlase ga 10 000 mo go ba ba sa lwaleng.”
[Motswedi wa Setshwantsho]
SPL/Photo Researchers
[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 7]
Go Gotela ga Kgolokwe le Malaria
MALARIA e ne e ka se ka ya nna teng fa e ne e se ka monang o o e rwalang ebong Anopheles gambiae. The Economist e akgela ka gore: “Fa o ka fokotsa palo ya [ditsheneke-gi] tse di e rwalang o tla bo o fokoditse bolwetsi.”
Diteko tse di dirwang kwa dilaboratoring di ile tsa bontsha gore palo ya ditshenekegi e ka oketsega fela thata fa mogote wa themperetšha o oketsega go le gonnye fela. Ka jalo, baitse bangwe ba swetsa ka gore go gotela ga kgolokwe go ka gakatsa malaria. Dr. Wallace Peters a re: “Fa themperetšha ya Lefatshe ka kakaretso e ka oketsega ka dikerii e le nngwe kana di le pedi tsa Celsius, mafelo a monang ono o leng mo go one a ka oketsega fela thata mo e leng gore malaria e ka anama go feta jaaka e aname jaanong.”
[Motswedi wa Setshwantsho]
Dr. Tony Brain/SPL/Photo Researchers
[Setshwantsho mo go tsebe 6]
Mafelo a go tlhokomelelwang batho ba ba senang magae kwa go one a ka anamisa thibii
[Motswedi wa Setshwantsho]
Melchior DiGiacomo