Thiibi e Boile Gape!
E SA le go tloga ka bo1950 dipalo tsa balwetse ba thiibi di ne tsa fokotsega kwa United States ka selekanyo sa diperesente tse 5 ka ngwaga. Lefa go ntse jalo, e sale go tloga ka 1985, go ile ga nna le koketsego ya diperesente tse 18 tsa balwetse ba thiibi. Se se tshwenyang le go feta ke go nna teng ga mofuta o mosha wa bolwetse jono o o palelang diokobatsi tsa teng. Gone jaanong thiibi e bolaya batho ba go akanyediwang ba le dimilione tse tharo ngwaga le ngwaga. Ke eng fa ntwa ya go lwantsha thiibi e sa fenngwe?
Lebaka le lengwe ke gore balwetse ba le bantsi ga ba nwe melemo ya jone ka lobaka lo lo batlegang—le gantsi e leng dikgwedi tse thataro go ya go tse robongwe. Ka sekai, kwa New York City, patlisiso nngwe e ne ya senola gore diperesente tse 89 tsa setlhopha sa balwetse ba le 200 ba ba tshwereng ke thiibi e e etegetseng ga ba a ka ba fetsa kalafi ya bone. Dr. Lee Reichman, poresidente wa American Lung Association, o bolela gore: “Seo se maswe thata ka gonne batho bao ga (a) ba na go fola, gape (b) ba ka nna ba nna le thiibi e e tla palelang melemo ya kalafi e e tlholang e dirisiwa.” Mme seno ga se ame fela boitekanelo jwa batho bano ba e ba tshwereng. Dr. Reichman o oketsa ka gore: “Ka go se nwe melemo ya bone ba ka nna ba tshwaetsa batho ba bangwe.” Ga go na pelaelo gore seno ke sone se bakang gore ngwaga le ngwaga go nne le batho ba basha ba e ba tshwarang ba go fopholediwang gore ke dimilione tse robedi mo lefatsheng lotlhe.
Baithuti ba Baebele ba lemoga gore ‘mebopamo mo mafelong mangwe le mangwe’ ke karolo ya sesupo sa gore re tshela mo “metlheng ya bofelo” ya tsamaiso eno ya dilo. (Luke 21:11; 2 Timotheo 3:1) Ke eng se se tla latelang? Lefatshe le lesha, le mo go lone “monni wa gone a se ketlang a re: ‘Ke a bobola.’” (Isaia 33:24) Ee, Jehofa Modimo o solofetsa, e seng thuso fela ya nakwana, go na le moo, go re golola ka bosakhutleng mo bolwetseng le mo losong.—Tshenolo 21:1-4.