LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g98 1/8 ts. 3
  • Dintshontsho Tse di Fetafetanang le Tsa Ntwa

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Dintshontsho Tse di Fetafetanang le Tsa Ntwa
  • Tsogang!—1998
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Phenyo le Matlhotlhapelo
    Tsogang!—1998
  • Sesireletsi se Sesha mo go Lwantsheng Thiibi
    Tsogang!—1999
  • Thiibi e Boile Gape!
    Tsogang!—1996
  • Tharabololo ya Lefatshe Lotlhe—A e Ka Kgonega?
    Tsogang!—1998
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—1998
g98 1/8 ts. 3

Dintshontsho Tse di Fetafetanang le Tsa Ntwa

FA Marilyn wa dingwaga di le 23 a ne a fokotsega mmele e bile a ikutlwa a lapa mo go maswe, o ne a akanya gore gongwe ke ka ntlha ya go bo a sa tswa go ima. O ne a na le go gotlhola mo go sa feleng, mo a neng a go umaka mo ngakeng ya gagwe. Ngaka e ne ya mo bolelela gore o na le mathata a go hema mme a mo kwalela dibolayadibaketeria tse a tshwanetseng go di reka. Moragonyana, fa Marilyn a simolola go fufulelwa bosigo, o ne a tshwenyega tota. O ne a boela kwa ngakeng ya gagwe, e e neng ya rulaganya gore a tsewe ekeserei.

Moritinyana o o neng wa tlhaga mo ekesereing o ne wa dira gore go tsewe kgato ka bonako, le fa go ntse jalo, go ne go sa kgonege gore go ikgolaganngwe le Marilyn ka founo. Marilyn o boletse jaana: “Ngaka e ne ya kgona go ikgolaganya le mmè mme ya mmolelela gore ke lwala thata. Mmè o ne a tla go mpatla mme a mpolelela gore ke ye go bona [ngaka] ka yone nako eo. Ngaka e ne ya nthomela kwa bookelong koo ke neng ka dirwa ekeserei e nngwe gape mme ba fitlha ba nthobatsa.”

Marilyn o ne a garoga pelo fa a utlwa gore o tshwerwe ke thiibi. O ne a akanya gore o tlile go swa, le fa go ntse jalo, morago ga go alafiwa ka diokobatsi tse di thibelang thiibi, o ne a fola.

Go a utlwala go bo Marilyn a ile a gakgamadiwa ke go bo a na le thiibi. Le e leng bosheng fela jaana baitsi ba le bantsi ba tsa boitekanelo ba ne ba dumela gore thiibi e fentswe mo dinageng tse di tlhabologang. Mooki mongwe wa kwa tleliniking ya kwa Lontone o boletse gore: “Ke ne ke akanya gore ga e bolo go nyelediwa. Le fa go ntse jalo, fa ke tla go bereka fano, ke ne ka fitlhela gore e sa ntse e le teng e bile e oketsega ka bonako jo bo boitshegang mme e gaketse thata mo toropokgolong.”

Mo mafelong a mo go one thiibi e neng e nyeletse, e boile; mo e neng e sa ntse e le teng, e oketsegile thata. Go na le gore thiibi e bo e fentswe, e bolaya batho ba bantsi thata fela jaaka ntwa le leuba. Akanya ka seno:

◼ Le mororo bongaka jwa segompieno bo gatetse pele thata, thiibi e bolaile batho ba ba fetang ba le dimilione di le 200 mo dingwageng tse di fetang di le lekgolo tse di fetileng.

◼ Batho ba ka nna dimilione di le dikete tse pedi—nngwetharong ya baagi botlhe ba lefatshe—ba setse ba tshwaeditswe ke baketeria ya thiibi, mofuta mongwe wa baketeria. Mo godimo ga moo, motho a le mongwe o tshwarwa ke thiibi mo motsotswaneng mongwe le mongwe!

◼ Ka 1995 palo ya batho ba ba neng ba tshwerwe ke thiibi e e tseneletseng e ne e le dimilione di le 22. Mo e ka nnang dimilione di le tharo di sule, bontsi jwa bone e le ba kwa dinageng tse di tlhabologang.

E re ka go na le diokobatsi tse di maatla go ka lwantsha thiibi, ke ka ntlha yang fa bolwetse jono bo tswelela go itaya batho jaana? A bo tla tsamaya bo fenngwa? A go na le tsela nngwe fela ya go itshireletsa kgatlhanong le jone? Ditlhogo tse di latelang di tla arabela dipotso tseno.

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 3]

New Jersey Medical School —National Tuberculosis Center

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela