Tharabololo ya Lefatshe Lotlhe—A e Ka Kgonega?
BOMANKGE ba a dumela gore thiibi ke bothata jwa lefatshe lotlhe jo bo tlhokang tharabololo ya lefatshe lotlhe. Ga go na naga e e ka kgonang go laola thiibi e sa dirisane le dinaga tse dingwe, ka gonne dimilione tsa batho di tshela melelwane ya dinaga tse dintsi beke le beke.
Ba le bantsi ba dumela gore tirisanommogo ya boditšhabatšhaba e tlhoka gore ditšhaba tse di humileng di thuse tse di humanegileng, e leng tsone tse di gateletsweng ke thiibi. Jaaka Dr. Arata Kochi a bolela, “ke boikarabelo jwa dinaga tse di humileng gore di thuse dinaga tse di sa tlhabologang go lwantsha thiibi, pele ga e anamela le kwa go tsone.”
Le fa go ntse jalo e re ka dinaga tse di humileng, di aparetswe ke se di se tsayang e le mathata a a masisi go feta dilo dipe fela tse dingwe, ga di a ka tsa itlhaganelela go thusa. Dinaga dingwe tse di humanegileng ka botsone gantsi di itlhokomolosa go tlhokomela boitekanelo jwa tsone, go na le moo di dirisa madi a mantsi mo ditlhabanong. Mo bogareng jwa 1996, ke fela diperesente di le 10 tsa balwetse ba thiibi mo lefatsheng ba ba neng ba alafiwa ka thulaganyo ya DOTS, e leng palo e nnye thata go ka kganela leroborobo leno gore le se ka la etegela pele.
WHO e bolela jaana: “Kitso le diokobatsi tse di tlhwatlhwatlase tsa go alafa thiibi ga di bolo go nna teng ka masome a dingwaga. Se lefatshe le se tlhokang jaanong ke matsapa a a tseneletseng a batho ba ba nang le taolo, tlhotlheletso le kutlwelobotlhoko ba ba tla tlhomamisang gore melemo eno e dirisiwa ka tshwanelo mo lefatsheng lotlhe.”
Phenyo e e Tla Tlang
A re ka ikanya batho ba ba nang le taolo le tlhotlheletso gore ba tla rarabolola bothata jono? Mopesalema yo o tlhotlheleditsweng wa Baebele o kwadile seno: “Lo se ka lwa ikanya dikgosana, le fa e le ngwana wa motho yo go se nang thuso epe mo go ene.” Jaanong he, re ka ikanya mang? Lokwalo lono lo oketsa ka gore: “Go sego ene yo Modimo wa ga Jakobe e leng thuso ya gagwe, yo tsholofelo ya gagwe e leng mo go Jehofa Modimo wa gagwe; o o dirileng legodimo le lefatshe, lewatle, le tsotlhe tse di mo go tsone.”—Pesalema 146:3, 5, 6.
E re ka Jehofa Modimo e le Motlhodi le Mmopi wa lefatshe, o na le maatla mmogo le botlhale jwa go nyeletsa bolwetse. A o na le kutlwelobotlhoko? Jehofa o solofeditse seno ka moporofeti wa gagwe yo o tlhotlheleditsweng: “Ke tlaa ba rekegela [batho ba me], jaaka motho a tle a rekegele morwawe tota yo o mo direlang.”—Malaki 3:17.
Kgaolo e e tswalang ya Baebele e tlhalosa ka pono e e neng ya neelwa moaposetoloi Johane. O ne a bona “ditlhare tsa botshelo di ungwa maungo a mefuta e le lesome le bobedi, di ungwa maungo a tsone kgwedi nngwe le nngwe.” Ditlhare tseno tsa tshwantshetso le maungo a di a ungwang di tshwantshetsa dilo tse Modimo a di baakanyeditseng tse di tla dirang gore batho ba ba boikobo ba kgone go tshela ka bosakhutleng mo lefatsheng.—Tshenolo 22:2.
Johane fa a tswela pele o ne a kwala jaana: “Matlhare a ditlhare tseno e ne e le a go alafa merafe.” Matlhare a tshwantshetso a tshwantshetsa masego a a tswang kwa Modimong a a tla felelang ka go fodisa batho ka tsela ya semoya le ya nama. Ka jalo, re ka tlhomamisega gore mo lefatsheng le lesha le le siameng mo tlase ga puso ya Modimo, thiibi e tla fenngwa gotlhelele le ka bosaengkae.—Tshenolo 21:3, 4.
[Setshwantsho mo go tsebe 8]
Modimo o solofetsa gore o tla fodisetsa batho ruri