Phenyo le Matlhotlhapelo
“Hisitori ya thiibi mo dingwageng di le 30 tse di fetileng e nnile ya phenyo le ya matlhotlhapelo—phenyo ya baitsesaense ba ba neng ba tlhagisa mekgwa ya go laola le gore kgabagare ba nyeletse bolwetse jono, le matlhotlhapelo a go bo go ile ga se ka ga anamisiwa dilo tseno tse ba di ribolotseng mo lefatsheng lotlhe.”—J. R. Bignall, 1982.
THIIBI ga e bolo ga nna e bolaya ka lobaka lo loleele. E ne ya bogisa Ba-Inca ba kwa Peru dingwaga di le dintsi pele ga Bayuropa ba ya kwa Amerika Borwa ka dikepe. E ne ya tlhasela Baegepeto mo malatsing a bofarao ba neng ba busa thata ka one. Mekwalo ya bogologolo e bontsha gore thiibi e ne e tlhasela batho ba maemo le ba e seng ba maemo kwa Babilone wa bogologolo, Greece le China.
Go tloga ka lekgolo la bo18 la dingwaga go fitlha ka lekgolo la bo20 la dingwaga, thiibi e ne e le yone e di gogang kwa pele mo go bakeng dintsho kwa dinageng tsa Bophirima. Kgabagare, ka 1882, ngaka ya Mojeremane e bong Robert Koch o ne a itsise semolao gore o ribolotse baketeria e e bakang bolwetse jono. Dingwaga di le 13 moragonyana, Wilhelm Röntgen o ne a ribolola diekeserei, a dira gore go kgonege go leba makgwafo a motho yo o tshelang go bona matshwao a a bonalang sentle a thiibi. Go tswa foo, ka 1921, baitsesaense ba Bafora ba ne ba dira mokento o o lwantshang thiibi. BCG (Bacillus Calmette-Guérin) e e reeletsweng ka baitsesaense bano ba ba e ribolotseng, e sa ntse e le one fela mokento o o leng teng o o lwantshang bolwetse jono. Le fa go ntse jalo, thiibi e ne ya tswelela e bolaya batho ba bantsi.
Kgabagare ga Nna le Kalafi!
Dingaka di ne tsa romela balwetse kwa maokelong a thiibi. Maokelo ano gantsi a ne a agiwa mo dithabeng, koo balwetse ba neng ba ka ikhutsa le go hema mowa o o foreshe teng. Mme ka 1944, dingaka tsa kwa United States di ne tsa ribolola streptomycin, e leng sebolayadibaketeria sa ntlha se go fitlhetsweng se kgona go lwantsha thiibi sentle. Go ne ga latela diokobatsi tse dingwe tse di botoka tse di neng di lwantsha thiibi. Kgabagare, balwetse ba thiibi ba ne ba ka alafiwa le e leng kwa magaeng a bone.
Fa seelo sa bolwetse jono se ntse se fokotsega, isagwe e ne e lebega e solofetsa. Maokelo a thiibi a ne a tswalwa mme madi a a neng a ntshediwa dipatlisiso tsa thiibi a ne a se ka a tlhola a ntshiwa. Dithulaganyo tsa go bo thibela di ne tsa tlogelwa mme baitsesaense le dingaka ba ne ba batla dikalafi tsa malwetse a masha a a gwetlhang.
Le fa tota thiibi e ne e ntse e bolaya batho ba bantsi mo dinageng tse di tlhabologang, gone dilo di ne di tla tokafala. Thiibi e ne e le bolwetse jwa maloba. Ke se batho ba neng ba se akanya, le fa go ntse jalo ba ne ba fositse.
Go Ipoa Kgatsu ka Tsela e e Bolayang
Mo bogareng jwa bo1980, thiibi e ne ya simolola go ipoeletsa ka tsela e e tshosang le e e bolayang. Ka jalo, ka April 1993 World Health Organization (WHO) e ne ya itsise fa thiibi e le “selo se se tshoganyeditseng lefatshe lotlhe,” ya oketsa ka gore “bolwetse jono bo tla bolaya batho ba ba fetang dimilione di le 30 mo lesomeng le le tlang la dingwaga fa go ka se tsewe dikgato tsa ka bonako go thibela go anama ga jone.” E ne e le kitsiso ya ntlha e WHO e kileng ya e dira mo hisitoring ya yone.
Go tloga ka nako eo, ga go na “dikgato tsa ka bonako” tse di kileng tsa tsewa go thibela go anama ga bolwetse jono. Tota e bile, boemo bo ne jwa nnela maswe pele. Bosheng jaana WHO e begile gore batho ba bantsi ba bolailwe ke thiibi ka 1995 go feta dingwaga dipe fela mo hisitoring. WHO gape e lemositse gore mo e ka nnang batho ba ba fetang dimilione di le 500 ba ka nna ba tshwarwa ke thiibi mo dingwageng di le 50 tse di tlang. Palo e e oketsegang ya batho e tla tshwarwa ke thiibi e e sa foleng e e palelang mefuta e le mentsi ya diokobatsi.
Ke Eng fa e Ipoile Kgatsu ka Tsela e e Bolayang Jaana?
Lebaka le lengwe ke gore mo dingwageng tse 20 tse di fetileng, dithulaganyo tsa go laola thiibi di senyegile kgotsa di nyeletse mo dikarolong di le dintsi tsa lefatshe. Seno se feletse ka gore go diegiwe go lemoga bolwetse jono le go bo alafa. Kgabagare, seno se dirile gore go nne le dintsho tse dintsi le go anama ga bolwetse jono.
Lebaka le lengwe gape le le dirileng gore thiibi e ipoeletse ke palo e e golang ya batho ba ba humanegileng, ba ba sa boneng dikotla ba ba nnang mo ditoropong tse di kgotlaganeng, segolobogolo mo ditoropokgolong tsa mo dinageng tse di tlhabologang. Le fa gone thiibi e sa tshware fela baagi ba ba humanegileng—mongwe le mongwe a ka tshwarwa ke thiibi—tikologo e e leswe le e e kgotlaganeng e dira gore go nne motlhofo gore batho ba tshwaetsane. Gape maemo ao a ka dira gore tsamaiso ya mebele ya batho ya go lwa le malwetse e koafale thata go ka kganela bolwetse jono.
HIV le Thiibi—Bothata jo bo Maphatamabedi
Bothata jo bogolo ke gore thiibi e itirile seoposengwe le HIV, e bong baerase ya AIDS. Mo bathong ba ba fopholediwang go milione ba ba bolailweng ke dilo tse di amanang le AIDS ka 1995, gongwe nngwetharong ya bone e bolailwe ke thiibi. Seno ke ka gonne HIV e koafatsa bokgoni jwa mmele jwa go kganela thiibi.
Mo bathong ba bantsi go tshwaediwa ke thiibi ga go nke go dira gore ba feleletse ba na le bolwetse. Ka ntlha yang? Ka gonne dibaketeria tsa thiibi di tswalelwa mo diseleng tse di bidiwang di-macrophage. Mo teng moo, di tswalelwa ke thulaganyo ya motho ya go lwa le malwetse, segolobogolo ke di-T lymphocyte kgotsa di-T cell.
Dibaketeria tsa thiibi di tshwana le bokake ba ba bolokilweng mo dirotong tse di tswetsweng ka dikhurumelo tse di tswetsweng thata. Diroto tseo ke di-macrophage mme dikhurumelo tsone ke di-T cell. Le fa go ntse jalo, fa baerase ya AIDS e goroga, e ragela dikhurumelo tseno tse di mo dirotong kwa kgakala. Fa seno se diragala, dibaketeria di a bulelwa mme di tlhasele karolo epe fela ya mmele ka kgololesego.
Ka jalo go ka direga thata gore balwetse ba AIDS ba tshwarwe ke thiibi e e tseneletseng go feta batho ba ba nang le thulaganyo e e siameng ya mmele ya go lwa le malwetse. Mankge mongwe wa thiibi kwa Scotland o boletse gore: “Batho ba ba nang le HIV ba tlhaselwa ke bolwetse jono motlhofo thata. Balwetse bangwe ba babedi ba ba nang le HIV kwa tleliniking nngwe kwa Lontone ba ne ba tshwarwa ke bolwetse jono morago ga go nna mo phasiking e molwetse wa thiibi a neng a feta mo go yone a kgoromediwa ka kolotsana.”
Ka jalo, AIDS e gakaditse leroborobo la thiibi. Go ya ka phopholetso nngwe, ka ngwaga wa 2000, leroborobo la AIDS le tla dira gore batho ba le dimilione di le 1,4 ba tshwarwe ke thiibi e e neng e se kitla e ba tshwara. Selo se segolo se se oketsang thiibi ga se fela gore balwetse ba AIDS ba tshwarwa ke bolwetse jono motlhofo, mme gape ba ka tshela batho ba bangwe thiibi, go akaretsa le ba ba se nang AIDS.
Thiibi e e Palelang Bontsi Jwa Diokobatsi
Lebaka la bofelo le le dirang gore ntwa ya go lwantsha thiibi e nne thata ke go runya ga megare ya thiibi e e palelang diokobatsi. Megare eno e e maatla e batla go dira gore bolwetse jono bo se ka jwa kgona go fodisiwa gape, jaaka go ne go ntse mo motlheng wa pele ga go nna le dibolayadibaketeria.
Selo se se gakgamatsang ke gore, go se dirisiwe sentle ga diokobatsi tse di lwantshang thiibi ke lone lebaka la konokono le le bakang thiibi e e palelang bontsi jwa diokobatsi. Kalafi e e dirang sentle ya thiibi e tsaya dikgwedi di ka nna thataro mme e batla gore balwetse ba nwe diokobatsi di le nnè ba sa tle ba tlodisa. Molwetse a ka nna a tlhoka go nwa dipilisi di ka nna lesomepedi ka letsatsi. Fa balwetse ba sa nwe dipilisi ka metlha kgotsa ba sa fetse kalafi, go tla runya megare ya thiibi e go leng thata kgotsa e go sa kgonegeng go e bolaya. Megare e mengwe e palela mefuta e ka nna supa ya diokobatsi tsa thiibi tse di dirisiwang thata.
Go alafa balwetse ba ba nang le thiibi e e palelang bontsi jwa diokobatsi go thata e bile go ja madi a mantsi. Tlhwatlhwa ya teng e ka feta tlhwatlhwa ya go alafa balwetse ba bangwe ba ba tshwerweng ke thiibi e e tlwaelegileng mo e ka nnang ga makgetlho a le 100. Ka sekai, kwa United States sekoloto sa kalafi sa molwetse a le mongwe wa teng se ka feta R1100 000!
WHO e fopholetsa gore batho ba ba ka nnang dimilione di le 100 mo lefatsheng lotlhe ba ka nna ba tshwaediwa ke megare ya thiibi e e palelang bontsi jwa diokobatsi, mengwe ya yone go se na diokobatsi dipe tsa thiibi tse di itseweng di kgona go e alafa. Megare eno e e bolayang e tshwaetsa thata fela jaaka megare e mengwe e e tlwaelegileng.
Thibelo le Kalafi
Ke eng se se dirwang go lwa le selo seno se se tshoganyeditseng lefatshe lotlhe? Tsela e e molemo ya go laola bolwetse jono ke go bo lemoga le go alafa balwetse ba teng fa bo sa ntse bo simologa. Seno ga se thuse fela ba ba setseng ba lwala, gape go kganela bolwetse jono go anamela mo bathong ba bangwe.
Fa thiibi e tlogelwa e sa alafiwe, e bolaya palo e e fetang sephatlo sa batho ba e ba tshwereng. Le fa go ntse jalo, fa thiibi e alafiwa ka tshwanelo, e alafega mo balwetseng botlhe ba yone fa e sa bakiwe ke mogare o o palelang bontsi jwa diokobatsi tse di farologaneng.
Jaaka re setse re bone, kalafi e e atlegang e tlhoka gore balwetse ba fetse melemo yotlhe e ba e neilweng. Gantsi ga ba dire jalo. Ke ka ntlha yang fa ba sa dire jalo? Ebu, go gotlhola, letshoroma le matshwao a mangwe gantsi a nyelela dibeke di le mmalwa fela morago ga go simolola kalafi. Ka jalo, balwetse ba le bantsi ba akanya gore ba setse ba fodile mme ba bo ba tlogela go nwa melemo.
Go lwa le bothata jono, WHO e simolotse thulaganyo e e bidiwang DOTS, e e emelang “directly observed treatment, short-course [kalafi ya lobaka lo lokhutshwane o etswe tlhoko].” Jaaka leina le akantsha, badiri ba tsa kalafi ba ela balwetse ba bone tlhoko gore a ba nwa melemo yotlhe bobotlana mo dikgweding tsa ntlha tse pedi tsa kalafi. Le fa go ntse jalo, ga go motlhofo go dira jalo ka gonne bontsi jwa ba ba tshwerweng ke thiibi ba nna kwa mafelong a a kwa thoko thata. E re ka matshelo a bone gantsi a tletse ka ditlhakatlhakano le mathata—bangwe e bile ga ba na matlo—go ka nna thata tota go tlhomamisa gore ba nwa melemo ya bone.
Ka jalo a go na le tsholofelo epe fela ya gore sebetso seno se se wetseng batho se tla tsamaya se fenngwa?
[Lebokoso mo go tsebe 5]
Tshedimosetso e e Botlhokwa ka Thiibi
Tlhaloso: Thiibi ke bolwetse jo gantsi bo tlhaselang le go ja makgwafo, le fa go ntse jalo bo ka nna jwa anamela kwa dikarolong tse dingwe tsa mmele, segolobogolo boboko, diphilo le marapo.
Matshwao: Thiibi ya makgwafo e ka nna ya baka go gotlhola, go ota le go tlhoka keletso ya dijo, go fufula thata bosigo, go koafala, go hupelwa le ditlhabi mo sehubeng.
Kafa e ka lemogiwang ka teng: Tekeletso ya letlalo ya tuberculin e ka bontsha fa e le gore motho o na le baketeria ya teng. Ekeserei ya sehuba e ka senola go jega mo makgwafong, e leng se se ka nnang sa bontsha gore o tshwaeditswe ke thiibi. Go tlhatlhobiwa ga segotlholo sa molwetse kwa laboratoring ke tsela e e ka ikanngwang ya go senola fa a na le baketeria ya thiibi.
Ke mang yo o tshwanetseng go tlhatlhobiwa: Ba ba nang le matshwao a thiibi kgotsa ba ba kileng ba atamela molwetse wa thiibi ka makgetlho a le mmalwa—segolobogolo mo phaposing e e se nang moya o o lekaneng.
Mokento: Go na le mokento o le mongwe fela—o o itsegeng ka BCG. E thibela thiibi e e kotsi mo baneng mme ga e thuse go le kalo mo basheng le mo bagolong. Fa mokento ono o dira ka tshwanelo, o sireletsa motho ka dingwaga di ka nna 15. BCG e sireletsa fela batho ba ba sa tshwaediwang; ga e thuse ba ba setseng ba tshwaeditswe.
[Lebokoso mo go tsebe 6]
Thiibi le Feshene
Go ka nna ga lebega go sa tlwaelega gore mo lekgolong la bo19 la dingwaga, thiibi e ne e tseelwa kwa godimo ka gonne batho ba ne ba dumela gore matshwao a bolwetse jono a ne a nonotsha dinonofo tsa bone tsa botaki.
Mokwadi wa Mofora wa diterama le dipadi e bong Alexandre Dumas o ne a kwala jaana mo go Mémoires ya gagwe mo e ka nnang mo masimologong a bo1820: “Go ne go tlwaelegile go tshwarwa ke ditlhabi tsa mo sehubeng; mongwe le mongwe o ne a tshwerwe ke thiibi, segolobogolo baboki; e ne e le feshene go swa pele ga motho a tshwara dingwaga di le masome a mararo.”
Mmoki wa Moesemane e bong Lord Byron o begilwe a ne a re: “Ke batla go bolawa ke lehuba [thiibi] . . . ka gonne makgarebe otlhe a tla re, ‘A o ko o bone Byron wa batho gore o lebega a kgatlha jang fa a swa!’”
Mokwadi wa kwa Amerika e bong Henry David Thoreau, yo go tweng o bolailwe ke thiibi, o kwadile jaana: “Go bola le bolwetse gantsi di dintle, jaaka . . . go tlhaselwa thata ke lehuba.”
Setlhogo sengwe mo go The Journal of the American Medical Association fa se akgela ka kgang eno ya go kgatlhwa ke go tshwarwa ke thiibi, se boletse jaana: “Go rata bolwetse jaana mo go sa tlwaelegang go ne ga fetola kafa mongwe le mongwe a ikutlwang ka teng ka feshene; basadi ba ne ba lwela go lebega ba le basetlhana, ba dirisa makeup o o ba dirang basweu e bile ba rata go nna ba le basesane, le mesese ya khai—ba ntse fela jaaka bommabontle ba gompieno ba ba ipopamisang ka go itima dijo.”
[Lebokoso mo go tsebe 7]
A go Motlhofo go Tshwarwa ke Thiibi?
Dr. Arata Kochi yo e leng motsamaisi wa WHO wa Thulaganyo ya Lefatshe Lotlhe ya Thiibi o tlhagisitse jaana: “Ga go na kwa o ka iphitlhelang baketeria ya thiibi teng. Mongwe le mongwe a ka nna a tshwarwa ke thiibi ka go hema fela twatsi ya thiibi e e gotlholetsweng kgotsa e e ethimoletsweng mo moyeng. Ditwatsi tseno di ka nna di fofa mo moyeng ka diura di le dintsi; le e leng ka dingwagangwaga. Rotlhe re mo kotsing.”
Le fa go ntse jalo, pele ga motho a tshwarwa ke thiibi, go na le dilo tse pedi tse di tshwanetseng go direga. Pele o tshwanetse a tshwaediwa ke baketeria ya thiibi. Sa bobedi, go tshwaediwa gono go tshwanetse ga gola go fitlha e nna bolwetse.
Le fa go kgonega gore o tshwaetsege ka go kopana go sekae fela le motho yo o lwalang thata, thiibi e ka anama fela fa o kopana le ene gangwe le gape, jaaka se se diragalang gareng ga maloko a lelapa mo tikologong e e kgotlaganeng.
Baketeria e e hemilweng ke motho yo o tshwaeditsweng e a oketsega mo sehubeng. Le fa go ntse jalo, mo bathong ba le 9 go ba le 10, thulaganyo ya mmele ya go lwa le malwetse e thibela go anama ga tshwaetso eno e bile motho yo o tshwaeditsweng ga a lwale. Le fa go ntse jalo, ka dinako dingwe baketeria e e korobetseng fela e ka tlhagafadiwa ke fa e le gore thulaganyo ya mmele ya go lwa le malwetse e koafaditswe thata ke HIV, bolwetse jwa sukiri, kalafi ya dikhemikale ya go alafa kankere kgotsa dilo tse dingwe.
[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 4]
New Jersey Medical School—National Tuberculosis Center
[Setshwantsho mo go tsebe 7]
Dibaketeria tsa thiibi tse di tswang mo baeraseng ya AIDS di tshwana le bokake ba ba tswang mo dirotong