Babolai ba Tlhasetse
MARGARET o ne a batlela Tito, morwawe yo a neng a tshwerwe ke malaria kalafi gongwe le gongwe kwa e neng e ka bonwa teng. O ne a newa diokobatsi tse tharo, go akaretsa le “chloroquine” e go tweng e a itse. Lefa go ntse jalo, Tito o ne a swa—a na le dikgwedi di le robongwe fela.
Kwa Kenya, kwa Margaret a nnang teng, selo se se botlhoko seno se diragala nako le nako. “Newsweek” e bega jaana: “‘Anopheles gambiae,’ mofuta wa monang o o nang le megare ya malaria, o oketsega thata mo karolong eno ya lefatshe. Bana bone ba a fela. Tlhano lekgolong ya bone e swa pele e fitlha mo dingwageng tsa go simolola sekolo.”
Ka 1991, thibii e ne ya bolaya magolegwa a le 12 le modisakgolegelo kwa New York State, kwa U.S.A. Dr. George DiFerdinando, yo Mmotlana a re: “Re tlile go bo kganela mo dikgolegelong, mme bothata tota ke gore re tlile go bo fedisa jang gonne bo setse bo fetetse le ka kwa go ba ba kwa gae?”
World Health Organization e bega gore dimilione di le dikete di le 1,7—mo e ka nnang nngwetharong ya baagi ba lefatshe—ba na le baketeria ya thibii. Ngwaga le ngwaga, dimilione di le robedi tsa bano di tshwarwa ke bolwetsi jono, mme dimilione tse tharo di a swa.
Kwa kokelong nngwe kwa New York, ngwana mongwe wa mosetsanyana o ne a tsholwa dibeke di le 11 pele ga nako, mme seno e ne e se jone fela bothata. Letlalo la diatla tsa gagwe le le neng le tleboga, diso tse di neng di le mo maotong a gagwe, sebete le lebete tse di neng di rurugile, tsotlhe di ne di supa ka phepafalo gore o ne a tsenwe ke thosola a santse a imilwe.
“The New York Times” e bega jaana: “Bolwetsi jono bo tlhasela bana bangwe ba santse ba ise ba tsholwe mo eleng gore ba tsholwa ba setse ba sule. Ba bangwe ba le mmalwa ba swa fela fa ba sena go tsholwa, ba na le diso tse di thubegang fa ba tsholwa.”
Mo masomeng a dingwaga a a fetileng go ne go akanngwa gore boraro jono, malaria, thibii, le thosola di kgonwa go alafiwa e bile go akanngwa gore di tla tloga di fedisiwa. Jaanong ke eng fa di oketsega thata jaana?