LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g93 12/8 ts. 8-10
  • Lefatshe Le Le Senang Malwetsi

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Lefatshe Le Le Senang Malwetsi
  • Tsogang!—1993
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Modi wa Malwetsi
  • Phodiso ya Mmatota
  • Kafa Bogole Bo Tla Felang ka Teng
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2002
  • Botshelo jo bo Senang Ditlhabi bo Gaufi!
    Tsogang!—1994
  • Se “Modimo yo o Esi wa Boammaaruri” a se Solofetsang
    Tsogang!—2005
  • Ke Eng Fa Malwetsi “A go Itheilweng ga Twe A Ka Alafiwa” A Boa Gape?
    Tsogang!—1993
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—1993
g93 12/8 ts. 8-10

Lefatshe Le Le Senang Malwetsi

Dr. Dan Gordon, moitse wa kafa mmele o lwang le malwetsi ka teng a re: “Malaria a botlhale go feta kafa ope a neng a akanya ka teng. Re santse re batla kafa re ka e alafang ka teng.”

“RE SANTSE re sa itse mo go lekaneng ka se se diragalang mo diseleng fa motho a tsenwe ke [baketeria ya thibii],” go bolela jalo Barry Bloom wa Howard Hughes Medical Institute. “Tota ga re itse kafa diokobatsi di dirang ka teng. Ruri ga re itse.”

“Go itse selo ga go reye gore motho a ka fetola kafa a itshwarang ka teng,” go bolela jalo ka kutlobotlhoko mmueledi wa Centers for Disease Control, fa a lemoga kafa matsholo a go rotloetsa “tlhakanelodikobo e e sireletsegileng” a paletsweng ka teng go fokotsa thosola. Jaaka dipolelo tse di fa godimo di bontsha, ba ba lwang le malaria, thibii, le thosola ba ile ba felelwa ke tsholofelo. A malwetsi ano a tla nna le melemo e e botoka mo isagweng?

Gongwe. Mme lefa motho a ka kgona malwetsi mangwe kana a dira gore a mangwe a kgone go itshokelwa, go na le lebaka lengwe la motheo la go bo a sa kgone go fenya malwetsi gotlhelele.

Modi wa Malwetsi

Ntwa kgatlhanong le malwetsi e feta go lwa fela le diparasiti le megare. Bibela e tlhalosa gore bolwetsi bo tla ka ntlha ya boleo jo re bo ruileng go tswa mo go rraarona wa ntlha wa motho. (Baroma 5:12) Boleo ga bo a senya kamano ya motho le Mmopi wa gagwe fela mme gape bo ile jwa dira gore tlhaloganyo ya gagwe, maikutlo le mmele wa gagwe di nnele go koafala. Ka jalo, go na le gore batho ba tswelele ba tshela ba itekanetse mo lefatsheng la paradaise, ba ne ba se ka ba tlhola ba itekanela, ba ne ba koafala go fitlha ba swa.—Genesise 3:17-19.

Le yone melemo e e gaisang yotlhe ga e kgone go thusa motho gore a fetole boemo jwa gagwe jwa go nna le boleo kana go thibela gore a se ka a boga matswela a jone. Bothata jono bo tlogela lotso lwa motho lo “beilwe mo taoloñ ea boithamakō [“lo sa kgone go dira sengwe le sengwe,” Phillips].” (Baroma 8:20) Seno se boammaaruri le fa go tla mo go kgoneng malwetsi. Kgatelopele e e dirwang ke ba ba tlhokometseng kalafi mo go bolokeng matshelo gantsi e emisiwa ke tlhakatlhakano e e leng teng mo bathong.

Jerold M. Lowenstein o kwala jaana mo makasineng wa Discover: “Re iphitlhela re le fa gare ga dinaka tsa nare. Selekanyo se re atlegang ka sone go lwa le malwetsi le go lelefatsa botshelo jwa motho, ke sone se re iphitlhelang re fefosa go inyeletsa ka sone,” ka ntlha ya go oketsega thata ga baagi le go senyega ga tikologo.

Phodiso ya Mmatota

Mmopi ke ene fela a ka fodisang malwetsi eseng motho. Ke gone ka moo mopesalema a neng a bolela jaana: “Lo se ka loa ikanya dikgōsana, leha e le ñwana oa motho, eo go senañ thushō epè mo go èna.” Bibela e bolela gape jaana: “Go segō èna eo . . . cholohèlō ea gagwè e leñ mo go Yehofa, Modimo oa gagwè: O o dihileñ legodimo le lehatshe.” (Pesalema 146:3, 5, 6) Modimo ke one fela o nang le maatla a go khumola bolwetsi ka medi ya jone. E bile Bibela e bolela gore o ikaeletse go dira jalo. Nako eo e ntse e atamela.

Jesu Keresete o ne a bolelela pele gore “dikgogodi tsa bolwetsi” e tla nna sengwe sa dilo tse dintsi tse di supang gore re tshela mo metlheng ya bofelo ya tsamaiso ya gone jaanong ya dilo e bile di supa gore lefatshe le lesha le le tlang le setse le le gaufi thata. O ne a bonela pele gape go oketsega ga maemo a a dirang gore malwetsi a nne maswe thata, jaaka ntwa, mauba, le boikepo.—Luke 21:11; Mathaio 24:3, 7, 12; 2 Timotheo 3:1-5, 13.

Fa Jesu a ne a le mo lefatsheng, o ne a fodisa batho ba ba lwalang ka go dira dikgakgamatso, ka go dira jalo a simolola go diragatsa boperofeti jono: “O itseetse dièmèra tsa rona, a rwala matlhoko a rona.” (Isaia 53:4; Mathaio 8:17) Ka go dira ka selekanyo se sennye seo o ne a supa se Modimo o ikaeletseng go se dira ka bonako mo lefatsheng lotlhe. Bibela e bolela jaana ka Jesu: “Me ga tla kwa go èna machutichuti a magolo a batho, ba na le ba ba tlhotsañ, le dihohu, le dimumu, le digōlè, le ba bañwe ba le bantsi, ba ba baea ha hatshe ha dinaoñ tsa gagwe; me a ba hodisa; Bontsi yoa batho yoa ba yoa tla yoa gakgamala, ka ba bōna dimumu di bua, le digōlè di golohologile, le batlhotsi ba tsamaea, le dihohu di bōna.”—Mathaio 15:30, 31.

Batho ba ba neng ba bona dikgakgamatso tseo ba ne ba galaletsa Modimo gonne ba ne ba tlhaloganya gore ke Ene a neng a file Jesu maatla a go di dira. Maatla a Jesu a neng a kgona go a dirisa e ne e le one a a neng a dirisiwa fa go ne go bopiwa lobopo lono lwa rona lo logolo ka mo go boitshegang. O ne a dirisa moya o o boitshepo wa Modimo, maatla a gagwe a a dirang se a se laetsweng.—Genesise 1:1, 2; Tshenolō 4:11.

Moperofeti Isaia o ne a kwala a umaka nako ya fa ‘go tla bo go sena monni yo o reng, Kea bobola.’ (Isaia 33:24) E bile Tshenolō 21:4, 5 e bolela jaana: “[Modimo] o tla phimola dikeledi cotlhe mo matlhoñ a bōnè; me ga go ketla go tlhōla go le losho; le gōna ga go ketla go tlhōla go le bohutsana, leha e le selelō, leha e le botlhoko: dilō tsa pele di hetetse rure. Me eo o dutseñ mo setuloñ sa bogosi, a re, Bōnañ, dilō cotlhe ke di diha sesha.”

Bibela e bolela gore re tshela mo nakong ya fa dilo di tla tloga di fetoga. (1 Yohane 2:15-17) Go ise go e kae, lefatshe leno le tla feta le malwetsi, kutlobotlhoko, bokebekwa, thubakanyo, le dintsho tsa lone. Modimo o tla le tlosa le matlhotlhapelo a lone otlhe, a bula tsela gore lefatshe le lesha, ‘le go tla agang tshiamo mo go lone’ le tle. (2 Petere 3:11-13) Jesu o ne a bolela gore lefatshe le lesha le le tlang leo ke “Paradaisa,” gonne le tlile go tshwana le tshimo ya Edene e e neng e le Paradaise kwa tshimologong, pharologano fela ke gore lefatshe lotlhe le tla bo le ntse jalo.—Luke 23:43; Genesise 2:7, 8.

Ka jalo, Bakeresete ga ba a solofela gore ba tla alafiwa ka lobakanyana fela, mme ba tla gololelwa ruri go tswa mo boemong jwa go sa itekanelang, mo bolwetsing le mo losong. Ba solofetse go bona Modimo o dira selo seno se o se ba solofeditseng ka botlalo: “Ke nna Yehofa eo ke gu hodisañ.” “Me ke tla tlosa bolwetse mo gare ga gago.”—Ekesodo 15:26; 23:25.

[Ditshwantsho mo go tsebe 9]

Modimo o ne o file Jesu maatla a go fodisa malwetsi le go tsosa baswi

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela