Botshelo jo bo Senang Ditlhabi bo Gaufi!
DITSELA tse di raraaneng tse mmele o re sireletsang ka tsone eleruri di a gakgamatsa. Fa re ithuta ka tsone re tshwanetse go tlhotlheletsega go baka Mmopi, jaaka mopesalema wa Bibela a ne a kwala jaana: “Ke tla gu ntshetsa malebogō; gonne ke dihilwe ka mo go boitshègañ le ka mo go gakgamatsañ.” (Pesalema 139:14) Eleruri, Modimo ke one fela o ka dirang gore re tshele re sena ditlhabi! Mme seno se tlile go dirwa jang?
Ela tlhoko gore pele e solofetsa gore ditlhabi le dikeledi di tla nyelediwa, Bibela e bolela ka “legodimo ye lesha le lehatshe ye lesha; gonne legodimo ya ntlha le hetile, le lehatshe ya pele.” (Tshenolō 21:1, 4) Ke boammaaruri gore Bibela ga e re legodimo le lefatshe leno la mmatota di a feta. Go na le moo, ka bokhutshwane fela ya re, tsamaiso ya jaanong e tlile go emisediwa ka e nngwe e ntšha gotlhelele. Ee, puso e ntšha e e seng ya motho e tla dira gore re kgone go tshela gone mo lefatsheng re sena ditlhabi.
Bibela e tlhalosa puso eno ka gore “Modimo oa legodimo o tla tlhōma bogosi [kana, puso] . . . me bo tla thubaganya bo nyèlètsa magosi auō aotlhe, me bo tla èma ka bosakhutleñ.” (Daniele 2:44) Ka nako ya fa Jesu Keresete a ne a le mo lefatsheng, o ne a re ruta go rapelela puso ya Bogosi jwa gagwe fa a ne a re: “Lo rapèlè, lo re yana: lo re, Rra echo eo o kwa legodimoñ, Leina ya gago a le itshepisiwè. Bogosi yoa gago a bo tlè. Go rata ga gago a go dihwè mo lehatshiñ yaka kwa legodimoñ.”—Mathaio 6:9, 10.
Lefa go ntse jalo, ke eng se se supang gore fa thapelo eo e diragadiwa re tla tshela re sena ditlhabi?
Mmusi Yo O Nang le Maatla A A Fetang a Motho
Seno se tla dirwa ka botlhale le maatla a yoo Modimo o mo tlhophileng gore a etelele puso ya Gagwe pele. Yoo ke Jesu Keresete ka boene. Boperofeti jwa Bibela bo bolela jaana ka ene: “Pushō e tla nna mo lerudiñ ya gagwè . . . Go tota ga pushō ea gagwè, le ga kagishō ga go ketla go nna le bokhutlō.”—Isaia 9:6, 7.
Botlhale jwa ga Jesu, yo jaanong a leng kwa legodimong, bo feta jwa ngaka epe fela e e leng mo lefatsheng. O tlhaloganya tsela e mmele wa rona o dirang ka yone ka botlalo, go akaretsa le tsela e o itshireletsang ka yone gore o se ka wa gobala. Fa e ne e santse e le motho mo lefatsheng, dingwaga tse di fetang 1 900 tse di fetileng, go ne go sena bolwetsi bope kana bogole bope bo a neng a palelwa ke go bo fodisa. Ka go dira jalo o ne a supa se a tlileng go se dira ka selekanyo se segolwane fa e setse e le Mmusi wa Bogosi jwa Modimo. Bibela e bolela se se neng sa diragala ka nako nngwe jaana:
“Me ga tla kwa go èna machutichuti a magolo a batho, ba na le ba ba tlhotsañ, le dihohu, le dimumu, le digōlè, le ba bañwe ba le bantsi, ba ba baea ha hatshe ha dinaoñ tsa gagwè; me ba ba hodisa. Bontsi yoa batho yoa ba yoa tla yoa gakgamala, ka ba bōna dimumu di bua, le digōlè di golohologile, le batlhotsi ba tsamaea, le dihohu di bōna.” (Mathaio 15:30, 31) Bongwe jwa malwetsi a Jesu a tla a fodisang fa a busa mo Bogosing jwa gagwe e tla nna ditlhabi tse di sa foleng.
Eleruri, a bo seo se tlile go itumedisa jang ne! E bile ga se ne se direlwa batho ba sekae fela. Mmopi o solofetsa jaana: “Monni oa gōna ga a ketla a re, Kea bobola.” (Isaia 33:24) Ka yone nako eo, fa Bogosi jwa Modimo bo busa, go tla diragadiwa tsholofetso ya gore, “ga go ketla go tlhōla go le . . . botlhoko.”—Tshenolō 21:4.
Fa puso e e galalelang ya Bogosi jwa ga Keresete e busa, ditsela tse dintsi tse mebele ya rona e dirang ka tsone, go akaretsa le tse di re sireletsang mo dikotsing, di tla dira ka botlalo gonne boleo jo re bo ruileng bo tla bo bo tlositswe. Tsela e mmele wa rona o re bolelelang ka yone fa sengwe se senyegile ga e kitla e nna yone e re bogisang. Se se itumedisang ke gore, go ya ka boperofeti jwa Bibela jo bo diragadiwang jaanong, re setse re le fela fa mojakong wa lefatshe le lesha, le ditlhabi di ka se kang tsa tlhola di bogisa ope mo go lone.—Mathaio 24:3-14, 36-39; 2 Timotheo 3:1-5; 2 Petere 3:11-13.
O ka itumelela go tshela mo Bogosing jwa Modimo fa mofuta wa ditlhabi tse di tshwereng dimilione tsa batho gompieno di tla bo di seyo. Mme lefa go ntse jalo o tlhoka go dira sengwe. Jesu Keresete o ne a bolela selo sengwe sa motheo se se tlhokegang fa a ne a rapela Modimo jaana: “Botshelō yo bo sa khutleñ ke yo, gore ba gu itse, wèna, Modimo o o osi, o o boamarure, le èna eo u mo romileñ, e boñ Yesu Keresete.”—Yohane 17:3.
Basupi ba ga Jehofa ba tla itumelela go go thusa go bona kitso e e botlhokwa eno. Kopa fela mongwe wa bone yo o mo lefelong la lona, kana o kwalele bagatisi ba makasine ono, o ba bolelele gore o eletsa go ithutela Bibela mo legaeng la gago kana kwa lefelong lepe fela le le tshwanetseng. Go tla dirwa dithulaganyo tsa gore o ithute go le gontsi ka boikaelelo jwa Modimo jwa gore o batla batho ba tshela ba sena ditlhabi.