LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g94 7/8 ts. 21-24
  • Ditlhabi Tse Di Tlileng go Nyelediwa

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Ditlhabi Tse Di Tlileng go Nyelediwa
  • Tsogang!—1994
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Maiteko a go Tlhaloganya Ditlhabi
  • Go Amega Boboko le Mmele
  • Kafa go Utlwa Ditlhabi go Fetolwang ka Teng
  • Kgatelopele mo go Alafeng Ditlhabi
    Tsogang!—1994
  • Di Feta Mmaba yo o Setlhogo
    Tsogang!—1994
  • Go Ise Go E Kae—Go Tla Tla Lefatshe Le Le Senang Botlhoko!
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1990
  • Botshelo jo bo Senang Ditlhabi bo Gaufi!
    Tsogang!—1994
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—1994
g94 7/8 ts. 21-24

Ditlhabi Tse Di Tlileng go Nyelediwa

DITLHABI tse di tlileng go nyelediwa go diragadiwa se Bibela e se solofetsang e tla bo e le ditlhabi tse di utlwiwang ka ntlha ya go sa itekanelang ga motho wa ntlha. Ditlhabi tseno di akaretsa tse go tweng ke ditlhabi tse di sa foleng.

Go na le gore go twe ditlhabi tse di sa foleng di re tlhagisa ka bolwetsi bongwe, di ile tsa tshwantshiwa le “mokgosi o o lelang go sena kotsi epe” mme o sa emise. Mofuta ono wa ditlhabi ke one o o dirang gore batho ba senye dimilione di le diketekete tsa diranta ngwaga le ngwaga ba batla kalafi, mme bo sulafatsa botshelo jwa dimilione tsa batho.

Moitse mo go tsa ditlhabi e bong Dr. Richard A. Sternbach o ne a kwala jaana: “Go farologana le setlhabi se se tlhabang, ditlhabi tse di sa foleng ga se letshwao la sepe; ditlhabi tse di sa foleng ga di tlhagise ka sepe.” Emergency Medicine e ne ya gatelela jaana: “Ditlhabi tse di sa foleng ga di thuse ka gope.”

Ke gone ka moo, dingaka tse dintsi mo dingwageng tsa morago jaana di ileng tsa simolola go leba ditlhabi tse di ntseng jalo gore ke bolwetsi ka botsone. “Mo kgannyeng ya setlhabi se se tlhabang botlhoko, setlhabi seo se supa gore go na le bolwetsi kana kgobalo nngwe,” go tlhalosa jalo Dr. John J. Bonica mo go The Management of Pain, e leng buka e e dirisiwang thata gompieno e e nang le tshedimosetso e ntsi ka ditlhabi. “Mo kgannyeng ya ditlhabi tse di sa foleng, ditlhabi ke bolwetsi ka botsone.”

Maiteko a go Tlhaloganya Ditlhabi

Ditlhabi di santse di ise di tlhaloganngwe ka botlalo. Makasine wa American Health wa re: “Selo se se kgatlhang thata ka maiteko a a sa feleng a a dirwang a go batla gore ditlhabi ke eng ke gore borasaense ba dira ka natla.” Mo masomeng a sekae a dingwaga a a fetileng, go ne go akanngwa gore ditlhabi ke tsela nngwe ya go tsiboga, jaaka go bona, go utlwa, le go tshwara, goo go utlwiwang ke dintlha tse di kgethegileng tsa methapo e e mo letlalong di bo di fetisetsa seo kwa bobokong ka medi ya methapo. Mme kgopolo e e motlhofo eno e ile ya fitlhelwa e se boammaaruri. Jang?

Selo sengwe se se dirileng gore ba tlhaloganye seno bosha ke fa ba ne ba tlhatlhoba mosadi mongwe yo o neng a sa kgone go utlwa ditlhabi. Fa a sena go swa ka 1955, go ne ga tlhatlhobiwa boboko le thulaganyo ya gagwe ya methapo mme seo se ile sa ba naya kgopolo e ntšha ka ditlhabi. Dingaka di ne tsa “batla go bona gore a o na le dintlhana tsa methapo,” go ne ga tlhalosa jalo The Star Weekly Magazine, ya July 30, 1960. “Fa [mosadi] yono a ne a sena tsone, seo e ne e tla nna lebaka la go bo a sa utlwe ditlhabi. Lefa go ntse jalo, di ne di le teng e bile go lebega di sena bogole bope.

“Morago ga foo, dingaka di ne tsa sekaseka medi ya methapo e e momaganyang dintlhana tsa methapo le boboko. Eleruri ba ne ba tla fitlhela go na le phoso fano. Mme e ne e seyo. Go ya kafa ba neng ba bone ka teng medi eo e ne e siame sentle, kwa ntle ga e e neng e sa lebege jaaka ka gale gonne e ne e gobetse.

“Kwa bokhutlong, go ne ga tlhatlhobiwa boboko jwa mosetsana yono, mme, gape, go ne ga se ka ga fitlhelwa bogole bope. Go ya ka dilo tsotlhe tse di itsiweng le kafa go akanngwang ka teng, mosetsana yono o ne a tshwanetse go bo a ne a kgona go utlwa ditlhabi jaaka mongwe le mongwe, mme o ne a sa utlwe sepesepe.” Lefa go ntse jalo, o ne a kgona go utlwa fa o mo gatelela mo letlalong mme a kgona go farologanya tlhogo ya nnalete le motsu wa one, le mororo a ne a sa utlwe botlhoko fa o mo tlhaba.

Ronald Melzack, yo ka bo1960 a neng a pataganela le ba bangwe go kwala kgopolo nngwe e ntšha e e itsegeng thata ka ditlhabi, o bolela sekai se sengwe se se supang gore di raraane. O ne a tlhalosa jaana: “Mrs. Hull o ne a nnela go supa leoto la gagwe le le neng le seyo [le ne le kgaotswe], mme a tlhalosa ditlhabi tse di botlhoko tse e neng e kete o tlhabiwa ka tshipi e e molelo fa gare ga menwana.” Melzack o ne a bolelela makasine wa Maclean’s ka 1989 “gore o ne a santse a batla tlhaloso ya se a se bitsang ditlhabi ‘tsa leoto le le kgaotsweng.’” Mo godimo ga moo, go na le se se bidiwang ditlhabi tse di romanang, koo karolo nngwe ya mmele e lwalang mme motho a utlwa ditlhabi felo gongwe go sele.

Go Amega Boboko le Mmele

Gompieno ditlhabi di tlhalosiwa e le “tsela e e raaraneng thata e boboko le mmele di dirang ka yone.” Mo bukeng ya gagwe ya 1992 e leng Pain in America, Mary S. Sheridan, o bolela gore “go utlwa ditlhabi go amana thata le boboko mo e leng gore ka dinako tse dingwe boboko bo gana go dumela gore setlhabi se teng e bile ka dinako tse dingwe bo kgona go dira gore motho a utlwe botlhoko joo le go dira gore a nne a bo utlwa le mororo kgobalo eo e setse e fodile.”

Go itumela kana go sa itumele, tsela e o tlhomang mogopolo ka yone mo dilong, botho jwa gago, go dumela ga gago dikakantsho ka bonako le dilo tse dingwe, tsotlhe di botlhokwa thata mo go reng o nna jang fa o utlwa setlhabi. “Poifo le go tshwenyega di dira gore o utlwe botlhoko thata,” go ne ga bolela jalo moitse kaga ditlhabi e bong Dr. Bonica. Ka jalo, motho a ka ithuta go utlwa ditlhabi. Dr. Wilbert Fordyce, porofesa ya thutotlhaloganyo, eo e dirang thata ka mathata a ditlhabi e tlhalosa jaana:

“Kgang ga se gore a ditlhabi tseo di teng. Tsone tota di teng. Kgang ke gore di bakiwa ke eng. O tlile go rokotsega mathe fa nka bua le wena ka borotho jo bo nang le nama ya kolobe pele ga dijo. O akanya ka bone. Mme seo se diragala gonne o tsentswe mo boemong joo. Ga go na borotho jo bo nang le nama ya kolobe foo. Batho ba kgona go dirwa gore ba akanye ka sengwe bonolo fela. Seo se tlhotlheletsa kafa ba itshwarang ka teng, go rokotsega mathe, kgatelelo ya madi, le lebelo le dijo di silegang ka lone, ditlhabi, le dilo tse dingwe gape tse dintsi.”

Fela jaaka maikutlo a gago le seemo sa tlhaloganyo ya gago di ka oketsa botlhoko jwa ditlhabi, di ka dira gore o se ka wa di utlwa e bile o ka di okobatsa. Akanya ka sekai seno: Ngaka nngwe e e arang boboko e ne ya bolela gore fa e ne e santse e le mosha e ne ya gapiwa maikutlo ke mosetsana mongwe yo a neng a ntse nae mo godimo ga lebota le le gatsetseng mo a neng a sa kgone go utlwa botsididi joo kana ditlhabi dipe mo masagong a gagwe. “Ke ne ke gatsetse tota,” o ne a tlhalosa. “Re ne re na le metsotso e le 45 re ntse re ntse foo, mme ke ne ke sa utlwe sepe.”

Dikai tse di ntseng jalo di dintsi. Batshameki ba kgwele ya dinao ba ka tlhoma mogopolo thata mo motshamekong kana masole a ka lwa ntwa a gobetse fela thata mme lefa go ntse jalo ba utlwa ditlhabi go le gonnye fela kana ba sa di utlwe gotlhelele ka nako eo. Moribolodi yo o itsegeng thata mo Afrika e bong David Livingstone o ne a bolela gore o ne a tlhaselwa ke tau e e neng e mo akga “jaaka ntša e e tsomang e ka dira ka peba. Letshogo la teng . . . le ne la dira gore a ikutlwe e kete o a lora ka jalo a se ka a utlwa ditlhabi.”

Re itse sentle gore le batlhanka ba ga Jehofa Modimo ba ba mo ikanyang le go ikaega ka ene ka botlalo, ka dinako tse dingwe ba ile ba utlwa ba sa kgone go utlwa botlhoko. “Lefa go ka lebega go gakgamatsa jang,” go ne ga bega jalo Mokeresete mongwe yo o neng a itewa, “morago ga dithupa tsa ntlha di sekae, ke ne ke sa tlhole ke utlwa sepe. Go na le moo, e ne e kete ke kgona fela go ba utlwa, e kete ba itaya moropa kgakajana.”—February 22, 1994, Awake!, tsebe 21.

Kafa go Utlwa Ditlhabi go Fetolwang ka Teng

E ne ya re fa ba ntse ba leka go tlhalosa dintlha dingwe tse di gakgamatsang ka ditlhabi ka 1965, Ronald Melzack, porofesa ya thutotlhaloganyo le Patrick Wall, porofesa ya anatomi, ba ne ba tla ka kgopolo nngwe e e neng e akgolwa gongwe le gongwe ya go laolwa ga kgoro ya ditlhabi. Tokololo ya 1990 ya buka ya ditlhabi ya ga Dr. Bonica e ne ya bolela gore kgopolo eno “e ne e le nngwe ya dilo tse di botlhokwa thata tse di bonweng fa go ntse go batlisisiwa ka ditlhabi le kalafi ya tsone.”

Go ya ka kgopolo eno, go bulega le go tswalega ga kgoro nngwe e e seng ya mmatota mo monyetsaneng go letla melaetsa e e yang kwa bobokong ya ditlhabi gore e fete kana go e kganela. Fa kgoro eno e thibilwe ke boikutlo bongwe jo e seng ditlhabi, melaetsa ya ditlhabi e fitlha kwa bobokong e setse e fokotsegile thata. Ka sekai, ke gone ka moo, ditlhabi di fokotsegang fa o forogotlha kana o tshikhinya monwana o o sheleng, e re ka melaetsa e e seng ya ditlhabi le yone e romelwa kwa monyetsaneng e bo e fitlha e kgoreletsa melaetsa ya ditlhabi gore e se ka ya feta.

Selo se se neng sa ribololwa ka 1975 sa gore mebele ya rona e ntsha dire tse di tshwanang le mmofaene tse di bidiwang diendofine se ne sa thusa thata fa go ntse go lekwa go tlhaloganya dintlha tse di gakgamatsang kaga ditlhabi. Ka sekai, batho bangwe ba ka utlwa ditlhabi go le gonnye fela kana ba se ka ba di utlwa gotlhelele gonne ba ntsha diendofine tse dintsi thata. Diendofine di ka tlhalosa gape selo se se gakgamatsang sa gore ke eng fa ditlhabi di fokotsega kana di nyelela fa go dirisiwa kalafi ya dinnalete, mokgwa wa kalafi o go tlhomelwang dinnalete tse ditshesatshesane mo mmeleng. Go ya ka bangwe ba ba boneng seno ka matlho, balwetsi bangwe ba ile ba ariwa dipelo ba thantse, ba tsogile, e bile ba ritibetse go dirisiwa kalafi ya dinnalete jaaka sebolayaditlhabi! Ke eng fa ba ne ba sa utlwe botlhoko?

Bangwe ba dumela gore dinnalete tseno di dira gore mmele o ntshe diendofine tse di nyeletsang ditlhabi ka nakwana. Selo se sengwe se se ka tswang se diragala ke gore kalafi ya dinnalete e bolaya ditlhabi ka gore dinnalete tseno di thantsa medi ya methapo e e romelang melaetsa e e seng ya setlhabi fela. Melaetsa eno e thiba dikgoro tsa monyetsane, tse di thibelang melaetsa ya ditlhabi gore e se ka ya tsena ya fetela kwa bobokong, koo ditlhabi di utlwiwang teng.

Kgopolo ya go laola dikgoro, le ntlha ya gore mmele o ntsha dibolayaditlhabi tsa one, di ka tlhalosa lebaka la go bo seemo sa tlhaloganyo ya motho, dikgopolo, le maikutlo di ama selekanyo sa ditlhabi tse a di utlwang. Ke gone ka moo, go tshosiwa ke go tlhaselwa ke tau go ka tswang go ile ga dira gore mmele wa ga Livingstone o ntshe diendofine, le gore monyetsane wa gagwe o ne wa tlala ka melaetsa e e neng e se ya ditlhabi fela. Ka jalo o ne a se ka a utlwa ditlhabi thata.

Lefa go ntse jalo, jaaka go setse go boletswe, seemo sa tlhaloganyo le maikutlo se ka dira se se farologaneng. Go ngomoga pelo ga letsatsi le letsatsi go go tletseng mo botshelong jono jwa segompieno go ka oketsa tsela e motho a utlwang ditlhabi ka yone ka go dira gore a tshwenyege, a ngomoge pelo, le mesifa ya gagwe e gonagane.

Se se itumedisang ke gore batho ba ba tlhaselwang ke ditlhabi ba ka solofela go bona sengwe se se molemo. Seno ke ka gonne balwetsi ba bantsi ba thusiwa ke mekgwa e e tlhabolotsweng ya kalafi. Go ile ga kgonwa gore go tokafadiwe jalo gonne botlhoko jono bo tlhaloganngwa botoka. Dr. Sridhar Vasudevan, poresidente ya American Academy of Pain Medicine, o ne a tlhalosa jaana: “Kgopolo fela ya gore ka nako nngwe ditlhabi e ka nna bolwetsi ka botsone e ile ya fetola tsela e di alafiwang ka yone ka bo1980.”

Go alafiwa ga ditlhabi go ile ga fetolwa jang? Ke mefuta efe ya kalafi e e di kgonang thata?

[Setshwantsho mo go tsebe 24]

Kalafi ya dinnalete e fokotsa ditlhabi kana e di nyeletsa jang?

[Motswedi wa Setshwantsho]

H. Armstrong Roberts

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela