LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g94 7/8 ts. 20-21
  • Di Feta Mmaba yo o Setlhogo

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Di Feta Mmaba yo o Setlhogo
  • Tsogang!—1994
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Mathata a Magolo a Boitekanelo
  • A Re Ka Tshela Re Sena Ditlhabi?
  • A Re Ka Tshela Re Sa Lele?
  • Ditlhabi Tse Di Tlileng go Nyelediwa
    Tsogang!—1994
  • Go Ise Go E Kae—Go Tla Tla Lefatshe Le Le Senang Botlhoko!
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1990
  • Kgatelopele mo go Alafeng Ditlhabi
    Tsogang!—1994
  • “Bona! Ke Dira Dilo Tsotlhe Disha”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2013
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—1994
g94 7/8 ts. 20-21

Di Feta Mmaba yo o Setlhogo

DITLHABI tse di sa foleng di ka sulafatsa botshelo jwa batho. Di ba amoga kagiso, boitumelo, le dilo tse ba itshedisang ka tsone, ka go tlhakatlhakanya botshelo jwa bone mo ba bangwe ba batlang go ipolaya. Morongwa yo e bileng e ne e le ngaka e bong Albert Schweitzer o ne a konela jaana: “Ditlhabi ke morena yo o busang batho setlhogo go gaisa loso ka bolone.”

Totatota, go na le dimilione di le makgolokgolo tse di bogang botlhoko. ‘Fa re ne re ka tseelwa kwa loaping ra bo re emisiwa mo moleteng oo re ka kgonang go utlwa medumo e e tswang mo lefatsheng leno le le dikologang,’ go ne ga bolela jalo ngaka nngwe e e arang ya Mofora, ‘re ne re tla utlwa batho botlhe ba ba bogisiwang ke ditlhabi ba goa ka modumo o mogolo e kete ke motho a le mongwe fela.’

Eleruri, se moaposetoloi wa Mokeresete Paulo a neng a se kwala dingwaga di ka nna 1 900 tse di fetileng se nonofile thata le gompieno: “Lobopō lotlhe lo nntse loa hègèlwa, me lo nntse lo le mo botlhokuñ mmōgō, ekete yoa pèlègō, le gompiyeno.”—Baroma 8:22.

Mathata a Magolo a Boitekanelo

Moamerika a le mongwe mo go bangwe le bangwe ba le 8 o tshwarwa ke ditlhabi tse di botlhoko tsa bonyelele jwa mahihiri le marapo a malokololo, mofuta o o tlwaelegileng thata wa bonyelele. Batho bangwe ba nna le ditlhabi tse di botlhoko thata tsa mokwatla. angwe ba bogisiwa ke ditlhabi tse di botlhoko tse di bakiwang ke kankere le bolwetsi jwa pelo.

Dimilione tse dingwe di opiwa ke tlhogo, meno, ditsebe, hemorrhoids, le malwetsi a mantsintsi le dikgobalo. Ga go gakgamatse go bo mo ngwageng o o sa tswang go feta batho ba Amerika ba ne ba senya didolara di le dibilione di le 2.1 (diranta di le dimilione di le dikete di le 7,2) mo melemong e e okobatsang ditlhabi e e sa laelwang ke dingaka, kana gore ba bitsa ditlhabi ba re ke “kgogodi e e sa itshupeng e e tlhasetseng Amerika.”

John J. Bonica, yo gongwe go ka tweng ke ene a itseng thata ka ditlhabi, o ne a re: “Fa go akanngwa ka didolara le disente, le fa go akanngwa ka masetlapelo a a utlwiwang ke batho, ditlhabi tse di sa foleng di botlhokwa go feta mathata otlhe a boitekanelo a kopantswe.”

A Re Ka Tshela Re Sena Ditlhabi?

E re ka seemo se le botlhoko ka tsela eno, go ka lebega go se botlhale go akantsha gore motho a ka kgona go tshela a sena ditlhabi. Ke gone ka moo go ka lebegang Bibela e se boammaaruri fa e re: “[Modimo] o tla phimola dikeledi cotlhe mo matlhoñ a bōnè; . . . ga go ketla go tlhōla go le bohutsana, leha e le selelō, leha e le [ditlhabi].”—Tshenolō 21:4.

Lefa go ntse jalo, ke boammaaruri gore motho a ka kgona go tshela a sena ditlhabi. Mme ema o akanye. Totatota lokwalo loo lo bolelang? Gompieno go na le batho ba ba sa kgoneng go utlwa ditlhabi. Ba tsholwa ba ntse jalo. A re tshwanetse go eletsa go tshwana le bone? Moithuti wa anatomi e bong Allan Basbaum o ne a re: “Go sa utlwe ditlhabi gotlhelele go kotsi tota.”

Fa o ka bo o ne o sa kgone go utlwa ditlhabi, o ne o se kitla o lemoga gore o tswile lerophi go fitlha fa le setse e le ntho e e maswe. Go ya ka pego ya dikgang, batsadi ba mosetsana mongwe yo o neng a sa kgone go utlwa ditlhabi “ka dinako dingwe ba ne ba utlwa monko wa dinama di sha mme ene ba mo fitlhela a itshegeditse ka setofo a sa utlwe sepe.” Ka jalo, setlhabi ga se mmaba yo o setlhogo fela. Se ka thusa thata.

Go tweng he ka tsholofetso eno ya Bibela: “Ga go ketla go tlhōla go le . . . botlhoko”? A eno ke tsholofetso e re ka eletsang tota go e bona e diragadiwa?

A Re Ka Tshela Re Sa Lele?

Ela tlhoko gore mafoko a mangwe a temana eno a re: “[Modimo] o tla phimola dikeledi cotlhe mo matlhoñ a bōnè.” (Tshenolō 21:4) Seno se botlhokwa thata, e re ka dikeledi di re thusa thata. Di re sireletsa fela jaaka go utlwa ditlhabi go dira.

Dikeledi di boloka matlho a rona a le bongola e bile di dira gore leitlho le lesi di se ka tsa gotlhana. Gape di ntsha dilabe mo leitlhong. Gape di na le sebolayamegare se se bidiwang lysozyme, se se bolayang ditwatsi tse di kotsi mo leitlhong mme se thibela gore le se ka la tshwaediwa. Ka jalo, go tsholola dikeledi fela jaaka go kgona go utlwa ditlhabi, ke karolo e e kgatlhang fela thata ya kafa mebele ya rona e dirilweng ka mo go gakgamatsang ka teng.—Pesalema 139:14.

Lefa go ntse jalo, dikeledi gape di amana thata le bohutsana, pelo e e botlhoko, le go tshwenyega. “Masigo aotlhe ke sapisa bolaō yoa me,” go ne ga bolela jalo Kgosi Dafide wa metlha ya Bibela a hutsafetse. “Ke kolobetsa phatè ea me ka dikeledi tsa me.” (Pesalema 6:6) Jesu le ene o ne a “lela” fa tsala ya gagwe e sena go swa. (Yohane 11:35) Boikaelelo jwa Modimo kwa tshimologong e ne e se gore batho ba lele ka ntlha ya bohutsana. Boleo jwa monna wa ntlha, e bong Adame, ke jone bo dirileng gore batho ba se ka ba itekanela ba bo ba swe. (Baroma 5:12) Ka jalo, dikeledi tse di bakiwang ke go sa itekanelang le loso ke tsone tse di tlileng go phimolwa.

E re ka Bibela e umaka dikeledi tsa mofuta mongwe gore ke tsone tse di tlileng go nyelediwa, ka jalo tsholofetso ya gore o tlile go nyeletsa ditlhabi e tlile go diragadiwa jang? A batho, ga ba kitla ka nako nngwe ba utlwa ditlhabi tse di ba hutsafatsang le go ba dira gore ba lele?

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela