Kgatelopele mo go Alafeng Ditlhabi
GO FITLHA moragonyana jaana, go ne go na le dingaka di sekae fela tse di neng di itse thata ka ditlhabi, bontsi bo santse bo sa itse sepe. Dr. John Liebeskind, yo e kileng ya bo e le poresidente ya International Pain Foundation, o ne a akgela jaana dingwaga di se kae tse di fetileng: “Ga ke akanye fa go na le sekolo sepe sa kalafi mo lefatsheng seo se dirisang diura tse di fetang di le nne mo dingwageng tse nne tse di senngwang go rutiwa baithuti, go ba ruta go lemoga le go alafa mathata a ditlhabi.”
Lefa go ntse jalo, dilo tse di ileng tsa fitlhelelwa mo go tlhaloganyeng ditlhabi, di ile tsa bonwa ka ntlha ya maiteko a magolo a a dirilweng a go di alafa. Ke gone ka moo batho ba ba tlhaselwang ke ditlhabi ba ka nnang le tsholofelo. “Rotlhe re ka leboga,” jaaka makasine wa American Health o ne wa bega, “gore ba tsa kalafi jaanong ba lemoga gore ditlhabi tse di sa foleng ga se letshwao fela, mme ke bolwetsi tota jo bo ka alafiwang.” Kgopolo eno e ile ya dira gore ditleliniki tse di alafang ditlhabi di oketsege thata.
Koo Ditlhabi di Alafelwang Teng
Dr. John J. Bonica o ne a bula tlileniki ya ntlha e e neng e dirisa thata mekgwa e e farologaneng ya go alafa ditlhabi kwa United States. “Ka 1969 go ne go na le ditleliniki tsa mofuta oo di le 10 fela mo lefatsheng,” o ne a bega jalo. Mme palo ya ditleliniki tse di alafang ditlhabi e ile ya oketsega thata mo dingwageng tse 25 tse di fetileng. Jaanong go na le ditleliniki tse di alafang ditlhabi di feta sekete, e bile moemedi mongwe wa mokgatlho wa bosetšhaba wa go alafiwa ga ditlhabi tse di sa foleng o ne a bolela gore “go bulwa tse disha mo e ka nnang letsatsi le letsatsi.”a
Akanya fela gore seo se kaya eng! “Jaanong balwetsi ba ba neng ba a tle ba tsamaye dimaele di le diketekete tse di makgolokgolo go ya go alafiwa ditlhabi tse di botlhoko ba ka kgona go alafiwa gaufi le magae a bone,” go ne ga akgela jalo Dr. Gary Feldstein, ngaka ya kwa New York City e e dirang ka diidibatsi. Fa e le gore o molwetsi, a bo go tla nna molemo jang ne go thusiwa ke setlhopha sa baitseanape ba ba katiseditsweng go alafa ditlhabi!
Linda Parsons, mosadi wa molebedi mongwe wa potologo wa Basupi ba ga Jehofa, o ne a na le ditlhabi tsa mokwatla ka dingwaga tse dintsi. O ne a tsamaile dingaka di le dintsi a batla thuso, lefa go ntse jalo ditlhabi di ne di tswelela fela di sa okobale. Letsatsi lengwe ka May mo ngwageng o o fetileng, monna wa gagwe o ne a tsaya buka ya difouno a tlaletswe mme a leba kafa tlase ga ditlhabi. Go ne go na le dinomoro tsa founo ya tlileniki nngwe e e alafang ditlhabi gaufi le kwa ba neng ba direla teng kwa California borwa. Ba ne ba baya nako ya go ya koo, mme malatsi moragonyana Linda o ne a kopana le ngaka nngwe e e neng e tlile go mo tlhatlhoba le go bona gore o tshwerwe ke eng.
Go ne ga rulaganngwa gore Linda a alafiwe a sa robadiwa mo kokelong. Kwa tshimologong o ne a etela kokelo gararo ka beke go tla go alafiwa mme go na le thulaganyo nngwe ya kalafi e a neng a e dirisa kwa gae. O ne a simolola go ikutlwa botoka thata mo dibekeng di le mmalwa fela. Monna wa gagwe o tlhalosa jaana: “Ke gakologelwa maitseboa mangwe a bua a gakgametse a re, ‘ke ikutlwa ke sa dumele gore ga ke utlwe ditlhabi dipe.’” Mo lobakeng lwa dikgwedi o ne a kgaotsa go ya kwa tlileniking.
Linda o ne a thusiwa go alafa ditlhabi tsa gagwe ka tsela e e tshwanang le ya ditleliniki tse dintsi tse di alafang ditlhabi. Ditleliniki tse di ntseng jalo di dirisa botswerere jwa baitse ba tsa boitekanelo, seo, go ya ka Dr. Bonica, e leng “tsela e e di gaisang tsotlhe ya go alafa ditlhabi tse di sa foleng.” Ka sekai, ditlhabi tsa ga Linda di ne tsa alafiwa jang?
Kafa Ditlhabi Di Ka Alafiwang ka Teng
Boroutšhara jwa kwa tlileniking bo tlhalosa se se dirwang fa o goroga: “Motho mongwe le mongwe o tlhatlhobiwa ke ngaka go bona gore ditlhabi tseo di bakiwa ke eng le gore ke mekgele efe e e ka tlhongwang e bile go bolelwa le thulaganyo ya kalafi e e ka latelwang. . . . Go dirisiwa mekgwa le ditsela tse di manontlhotlho tota go thusa mmele go ntsha ‘diendofine’ (dikhemikale tse mmele o di ntshang ka tlholego) go nyeletsa ditlhabi le matshwenyego le go tila go dirisa diokobatsi.”
Dilo dingwe tse Linda a neng a alafiwa ka tsone ke kalafi ya dinnalete le TENS e e emelang transcutaneous electrical nerve stimulation (go tsibosa letlalo ka motlakase). O ne a alafiwa ka motlakase kwa tlileniking a bo a fiwa sedirisiwa se sennye sa TENS gore a se dirise kwa gae. Biofeedback—mokgwa o mo go one molwetsi a rutwang go ela tlhoko kafa mmele wa gagwe o tsibogelang dilo ka teng le go o laola go fokotsa botlhoko jwa ditlhabi—le one o ne wa dirisiwa.
Go alafa mmele, go go akaretsang go sidila mesifa, e ne e le karolo e kgolo ya kalafi eno. Fa nako e ntse e tsamaya, e bile e le nako e Linda a neng a go siametse, go ne ga simololwa ka go itshidila mmele gone mo tlileniking, mme e ne ya nna karolo ya botlhokwa thata ya kalafi. Go itshidila mmele go botlhokwa thata, e re ka go ile ga lemogiwa gore go busetsa diendofine tse di nyeleditsweng ke ditlhabi tse di sa foleng. Lefa go ntse jalo, se se gwetlhang thata ke go thusa batho ba ba nang le ditlhabi gore ba kgone go itshidila mmele ka tsela e e tla ba solegelang molemo.
Bontsi jwa balwetsi ba ditlhabi tse di sa foleng ba ba yang kwa ditleliniking tseno ba nwa melemo e mentsi tota ka ntlha ya ditlhabi, mme Linda le ene o ne a ntse fela jalo. Mme o ne a di tlogedisiwa ka bonako, seo e leng mokgele wa botlhokwa wa ditleliniki tse di alafang ditlhabi. Linda ga a ka a lwala fa a di tlogela, lefa go ntse jalo seo ga se selo se se sa tlwaelegang. Moitse kaga ditlhabi e bong Dr. Ronald Melzack o ne a bolela gore “fa go ne go botsolodiwa batho ba ba sheleng ba le 10 000 . . . , ga go na motho ope yo o neng a tshwakgoga morago yo go neng go ka twe seo se simolotswe ke diokobatsi tse a neng a di fiwa fa a le kwa kokelong.”
E re ka gantsi tlhaloganyo e amega thata fa go tla mo ditlhabing tsa ka metlha, ditleliniki di leka go thusa balwetsi, go tlwaologa ditlhabi tsa bone. “Se o se akanyang,” go ne ga tlhalosa jalo Dr. Arthur Barsky, porofesa ya kwa Harvard Medical School, “se o se lebeletseng, selekanyo se o elang maikutlo a gago tlhoko ka sone—dilo tseno tsotlhe di tlhotlheletsa kafa o ikutlwang ka teng fela thata.” Ka jalo balwetsi ba thusiwa gore ba tlhome megopolo mo dilong tse dingwe e seng mo ditlhabing.
Go Solofela go Fola
A ditleliniki tse disha tseno tse di alafang ditlhabi di tlile go rarabolola mathata a batho a ditlhabi? Le mororo mekgwa e ditlhabi di alafiwang ka yone e e tlhalositsweng fano e ka thusa, motho o tshwanetse go ela tlhoko gore o tlhopha tlileniki e e tla mo thusang kana moitseanape wa ditlhabi yo o ka mo thusang. Lefa o ka di bona, o se ka wa lebelela dikgakgamatso.
Seno se ka tshwantshiwa jaana ka kgang ya mongwe yo a neng a atlega: Stephen Kaufman, yo a kileng a bo a tsholetsa ditshipi mo Diolimpiking, o ne a felela e le segole fela ka ntlha ya ditlhabi tse di sa foleng tse a neng a nna natso fa senokwane se sena go mo thuntsha mo molaleng. Morago ga dikgwedi di le robedi mo thulaganyong ya go alafelwa ditlhabi, o ne a kgona go boela kwa tirong gape mme morago a bo a tsenela dikgaisano tsa go tsholetsa ditshipi. Lefa go ntse jalo o ne a re: “Nako le nako menwana ya me e gotela fela thata mo e keteng e tsentswe mo metsing a a belang.”
Ka jalo, le mororo motho a dirile kgatelopele e e kgatlhang thata jaana, go itshupa sentle gore motho a ka se kgone go diragatsa tsholofetso eno ya Bibela: ‘Botlhoko bo ka se ka jwa tlhola bo nna teng.’ (Tshenolō 21:4) Ka jalo seo se ka kgonwa jang?
[Ntlha e e kwa tlase]
a Tsogang! ga e buelele tlileniki epe fela e e alafang ditlhabi kana mokgwa ope fela wa kalafi.
[Ditshwantsho mo go tsebe 26]
Mekgwa ya go alafa ditlhabi go akaretsa le go tsibosa methapo ka motlakase
[Motswedi wa Setshwantsho]
Courtesy of Pain Treatment Centers of San Diego