Go Ise Go E Kae—Go Tla Tla Lefatshe Le Le Senang Botlhoko!
ALEFATSHE le le senang botlhoko le tloga le tla? Abo seo e tla nna mafoko a a itumedisang jang ne mo go bao ba tshwerweng ke malwetsi a a sa foleng—go sa kgathalesege gore botlhoko jo ba bo utlwang ke jwa mmele, tlhaloganyo, kana jwa boikutlo! Ka sekai, dimilione tse dintsi tsa batho di tla itumela tota fa go tlosiwa botlhoko jo bo maswe jwa mmele joo bo bakiwang ke mefuta mengwe ya kankere, ditlhabi tse di tlhabang ka bonako jaaka lomao tsa methapo e e isang madi mo sefatlhegong, le bolwetsi jwa pelo joo molwetsi a tlhabiwang ke ditlhabi tse di botlhoko mo mafatlheng ka ntlha ya go felelwa ke okosejene. Bao ba nang le malwetsi a a maswe a tlhaloganyo ba tla itumelela go fodisiwa malwetsi a bone ao gantsi ba palelwang ke go a tlhalosa. Mme dimilione tse dingwe gape tsa batho di tla itumela tota fa botlhoko jwa boikutlo jo bo bakiwang ke poifo, kutlobotlhoko, go ikutlwa o le molato, go tshwenyega, le go tlalelwa bo ne bo ka fela. Mme a tota re batla go bona botlhoko jotlhe bo fedile?
“Go se utlwe botlhoko gotlhelele go kotsi,” go ne ga bua jalo moitseanape mongwe yo o ithutang ka popego ya ditshedi Allan Basbaum wa Yunibesithi ya California kwa San Francisco. O ne a bua seno ka lebaka le le molemo. Jaaka selo se se dirang jaaka alamo, botlhoko jwa mmele bo re bolelela gore go diragala sengwe se se kotsi.
Go se kgone go utlwa botlhoko jwa mmele go ka nna kotsi tota. Seno se supiwa mo pegong eno ya makasine wa Time: “Monyenyo o montle wa mosimanyana wa dingwaga tse di lesome le bobedi o farologana thata fela le tebego ya gagwe e e tlhomolang pelo. Matsogo a gagwe le maoto gaa nna kafa tlwaelong ebile a obegile, jaaka ekete o kile a tshwarwa ke bolwetsi jwa marapo. Menwana e mengwe ya gagwe ga e yo. Lengole le lengwe la gagwe le na le ntho e tona, mme dipounama tsa gagwe jaaka a nyenya jaana di phanyegile. O lebega jaaka ngwana yo o bediwang setlhogo . . . O ne a tsholwa a na le bokoa bongwe jo bo sa tlwaelegang tota joo bo mo dirang gore a se ka a utlwa botlhoko. Menwana ya gagwe e ne ya robega kana ya sha ka go bo a ne a se ka a tlosa letsogo mo dilong tse di neng di le bolelo kana di le kotsi. Marapo a gagwe le ditokololo tsa gagwe di fapogile ka gonne a ne a di betsaganya thata fa a tsamaya kana a siana. Mangole a gagwe a ne a tswa dintho ka ntlha ya go bo a ne a gogoba ka one mo godimo ga dilo tse di tlhabang tse a neng a sa kgone go di utlwa. Fa a robega leoto kana noka, ga a utlwe sepe se se ka mo dirang gore a goe gore a thusiwe.”
Batho ba bangwe ba itlhaganelela go pega Modimo molato ka matlhoko a a ntseng jalo le matlhotlhapelo a dimilione tsa batho di a itemogelang. Lefa go ntse jalo, a go siame gore re pege Modimo molato ka dilo tse re bogang ka ntlha ya tsone tseno?
A Ke Molato wa Modimo?
Batho ba ile ba nna mo bokgobeng jwa go utlwa botlhoko mo mmeleng, mo tlhaloganyong le mo boikutlong ka dingwaga tse di ka nnang 6 000 jaanong. Ebile tota, moaposetoloi wa Mokeresete Paulo o ne a lemoga seno sentle dingwaga tse di ka nnang makgolo a a 19 a a fetileng jaana: “Lobopō lotlhe lo nntse loa hègèlwa, me lo nntse lo le mo botlhokuñ mmōgō, ekete yoa pèlègō, le gompiyeno.” (Baroma 8:22) Lemororo go na le dilo tse dintsi tse di bolayang botlhoko tse di bonwang mo dikhemising le maiteko a magolo a dingaka le dingaka tsa boboko, bokgoba jwa go tlhaselwa ke malwetsi a mantsintsi jo bo tletsetletseng bo ntse bo tswelela. Ke gone ka moo ba bantsi ba hutsang Modimo ka ntlha ya matlhoko a bone, fela jaaka mosadi wa ga Jobe a ne a mo raya a re a dire jalo makgolokgolo a dingwaga a a fetileng! Lefa go ntse jalo, jaaka le ene a ne a lemoga, go nna le moya o o ntseng jalo ke boeleele ebile ga go a tshwanela.—Yobe 2:9, 10.
Modimo ga o kake wa pegiwa molato ka ntlha ya bokgoba jo batho ba leng mo go jone jaanong jwa go tlhaselwa ke malwetsi. Go na le moo, moaki yo o sa bonaleng le batsadi ba rona ba ntlha ke bone ba ba molato. Jang?
Dikwalo di bontsha gore setshedi seno se ne sa eletsa ka bogagapa go nna le maatla le go nna kwa godimo lemororo kwa tshimologong se ne se dirilwe se siame. Se ne sa bonela pele fela fa batho ba simolola go nna gone mo lefatsheng gore lefatshe la paradaise le tlile go tlala ka batho ba ba ineetseng ka botlalo mo Modimong o o Maatlaotlhe, Jehofa. Setshedi seno sa semoya se ne sa tsuologela Mmopi ka se ne se tlhotlhelediwa ke pelo ya sone e e neng e tletse boferefere mme se batla gore batho ba se obamele le go ineela mo go sone. Maikaelelo a sone a a boikepo a ne a itshupa fa se ne se bua maaka fela se tsietsa. Seno, kwa bokhutlong, se ne sa lere boleo mo lefatsheng.
Jehofa Modimo o ne a bolelela motho wa ntlha, Adame, gore fa a ka ja setlhare sa kitso ya molemo le bosula o tla swa. (Genesise 2:15-17) Mme mosadi wa ga Adame, Efa, o ne a tlhotlhelediwa gore a tlhoke kutlo. Motsietsi yono wa semoya o ne a dirisa noga gore e bue mme a mo raya a re: “Rure ga lo ketla lo shwa; Gonne Modimo oa itse, go re, e tla re mo letsatsiñ ye lo lo yañ, hoñ matlhō a lona [Efa le monna wa gagwe] a tla buduloga me [lona boobabedi] lo tla nna yaka Modimo, lo itse molemō le boshula.” (Genesise 3:1-5) Seo e ne e le maaka a ntlha, mme a ne a naya sebopiwa seno sa semoya se se boikepo leina la “rra aōna maaka.” (Yohane 8:44) Go dirisa ga gagwe noga mo lekgetlong leno kwa tshimong ya Edena go tshwana sentle le go supiwa ga gagwe mo Dikwalong jaaka “nōga ea bogologolo . . . e e bidiwañ Diabolo le Satane.”—Tshenolō 12:9.
Boleo bo ne jwa lere go fegelwa le gore batho ba nne mo bokgobeng jwa botlhoko. Fela jaaka Modimo o ne o buile, Modimo o ne wa atlholela batlodi bao ba molao loso, mo go lone letsatsi leo Adame a neng a leofa ka lone. Kafa Jehofa a neng a atlhotse ka gone, go ya ka pono ya gagwe, Adame le Efa ba ne ba swa mo go lone letsatsi leo. (Bapisa Luke 20:37, 38.) Jehofa o ne a raya mosadi yoo wa ntlha wa moleofi kwa tshimong ya Edena a re: “Ke tla gu ntsihaletsa thekisègō ea gago le go ithwala ga gago: u tla bèlèga bana ka bohutsana.” (Genesise 3:16) Adame o ne a tla tshela bokete tota ka kwa ntle ga tshimo ya Edena le mo lefatsheng leo le sa tshwaneng gotlhelele le paradaise. Jehofa o ne a re: “U tla ya diyō ka mohuhucō oa sehatlhōgō sa gago, u bo u tle u tsamaee u boèla mo mbuñ; gonne u ntshicwe mo go ōna: gonne u lorole, me u tla boèla mo loroleñ.” (Genesise 3:17-19) Ka gone batho ba ne ba simolola go nna mo bokgobeng jwa go nna mo botlhokong.
Ka jalo he, bokgoba jwa go nna mo botlhokong bo amana thata le bosaitekanelang, boleo, le loso tseo re di ruileng mo go Adame. Go ntse fela jaaka moaposetoloi Paulo a ne a bua ka seno jaana: “Boleo bo tsenye mo lehatshiñ ka motho a le moñwe hèla, le losho ka boleo; me yalo losho lwa hetèla mo bathuñ botlhe ka botlhe ba leohile.” (Baroma 5:12) Mme Lefoko la Modimo le re thusa gore re itshokele botlhoko, ka go bo le re naya lebaka la go bo Jehofa a bo letlile ebile le re tlhomamisetsa gore bo tla tloga bo fela. Modimo o ne wa letla gore ‘rra ona maaka’ wa noga, Satane Diabolo, a iteye Jobe yo o siameng mme ka gone a leka bothokgami jwa gagwe. Diabolo o ne a bolela gore Jobe o ne a direla Modimo fela ka gonne o ne a ipatlela melemo ya gagwe, eseng ka go bo a mo rata. (Yobe 1:8-12) Mme Jobe o ne a nna a ntse a ikanyega mo Modimong, a supa gore batho ba ba sa itekanelang ba ka Mo direla ka go mo rata mme ba ka goletsa bothokgami jwa Gagwe ka boikanyegi lefa tumelo ya bone e ka lekwa thata. Go itshoka ga ga Jobe jaaka mmolokabothokgami go ne ga dira gore leina la ga Jehofa le itshekisiwe, ga supa gore Satane ke moaki, ga bo ga tlisetsa tlhogo eo ya lotso e e tlhomang sekao tuelo e kgolo. (Yobe 42:12-17; Yakobe 5:11) Go tswa mo go se se diragaletseng Jobe, re ka swetsa ka gore fa boikaelelo jwa Modimo bo sena go diragadiwa, bokgoba jo batho ba leng mo go jone jwa botlhoko bo tla fela. Mme re ka tlhomamisega jang ka seo?
Ka Moo Botlhoko Bo Tla Khutlang Ka Gone
Totatota, Jehofa o baakanyeditse ka sengwe se se dirang tota seo se tla fedisang go nna ga batho makgoba a botlhoko. Seno o se dirile ka setlhabelo sa thekololo sa Morwawe, Jesu Keresete. Jesu ke “Kwana oa Modimo, eo o tlosañ boleo yoa lehatshe.” (Yohane 1:29) O ne a tla mo lefatsheng, “a sa tla go dihèlwa, me e le go dihèla, le go ntsha botshelō yoa gagwè [botshelo jwa gagwe jwa motho jo bo itekanetseng] go nna thèkololō ea batho ba le bantsi.” (Mathaio 20:28) Adame o ne a latlhegelwa ke botshelo jwa gagwe jo bo itekanetseng ka ditshiamelo tsa jone le ditebelelo tsa jone ka ntlha ya go tlhoka kutlo. Mme seo ke sone se se rekololwang ka setlhabelo sa thekololo sa ga Jesu. (1 Timotheo 2:5, 6; Bahebera 7:26) Eleruri, “Modimo o ratile lehatshe mo go kalo kalo, oa ntsha Morwa ōna eo o tsecweñ a le esi, gore leha e le mañ eo o dumèlañ mo go èna a se ka a nyèlèla, me a bōnè botshelō yo bo sa khutleñ.”—Yohane 3:16.
Modimo o solofeditse ka tlhomamo gape gore bokgoba jwa go nna mo botlhokong bo tla fela. Moaposetoloi wa Mokeresete Johane o ne a tlhotlhelediwa ke Modimo go kwala jaana ka nako ya fa boleo bo tla bo bo seyo:
“Me ka bōna legodimo ye lesha le lehatshe ye lesha; gonne legodimo ya ntlha le hetile, le lehatshe ya pele; le lewatlè ga le tlhole le leeō. . . . Me ka utlwa lencwe ye legolo le cwa mo setuloñ sa bogosi, le re, Bōnañ, boagō yoa Modimo bo mo bathuñ, me o tla aga nabō, me ba tla nna batho ba ōna, le Modimo ka osi o tla nna nabō, me o tla nna Modimo oa bōnè: Me o tla phimola dikeledi cotlhe mo matlhoñ a bōnè; me ga go ketla go tlhōla go le losho; le gōna ga go ketla go tlhōla go le bohutsana, leha e le selelō, leha e le botlhoko: dilō tsa pele di hetetse rure. Me eo o dutseñ mo setuloñ sa bogosi, a re, Bōnañ, dilō cotlhe ke di diha sesha. Me a re, Kwala: gonne mahoko a, a boikañō, le boamarure.”—Tshenolō 21:1-5.
Batho ba ba kutlo ba tla tloga ba amogela molemo o o tletseng wa setlhabelo sa ga Jesu sa thekololo. Seno se tla diragala mo pusong ya Bogosi eo basiami ba sa bolong go e rapelela ba re: “Rra echo eo o kwa legodimoñ, Leina ya gago a le itshepisiwè. Bogosi yoa gago a bo tlè. Go rata ga gago a go dihwè mo lehatshiñ yaka kwa legodimoñ.” (Mathaio 6:9, 10) Jesu Keresete o tla busa mo Bogosing jwa legodimo go fitlha a nyeletsa baba botlhe, go akaretsa le bokgoba jwa go nna mo botlhokong le mmaba wa bofelo, loso.—1 Bakorintha 15:25, 26.
Ee, go ise go e kae, Modimo o tla ‘phimola dikeledi tsotlhe, mme ga go kitla go tlhola go nna le loso, kutlobotlhoko, selelo kana botlhoko,’ mo bathong ba ba kutlo. (Tshenolō 21:4) Mme mafoko a a latelang a seperofeti a jaanong a diragadiwang ka tsela ya semoya a tla diragadiwa ka mmatota: “Baka Yehofa, mōea oa me . . . eo o ichwarèlañ maikèpō aotlhe a gago; a hodise malwetse a gago aotlhe hèla.” “Monni oa gōna ga a ketla a re, Kea bobola.”—Pesalema 103:1-3; Isaia 33:24.
Botlhoko Bo Tla Fela Leng?
Go nna mo bokgobeng jwa botlhoko go setse go tla khutla. Ee, go tla diragala mo motlheng wa rona, mme kokomana eno ya rona e tla go bona. Boperofeti jo bo diragadiwang jwa Bibela bo bontsha gore re tshela mo metlheng ya bofelo ya tsamaiso e e boikepo eno ya dilo. Dintwa tse di sa tshwaneng le dipe, ditlala, le dithoromo tsa lefatshe, mmogo le go rerwa ga mafoko a a molemo mo kgolokweng yotlhe ke Basupi ba ga Jehofa, ke karolo ya “seshupō” se se dikarolo dintsi sa “go nna gone” (NW) ga ga Jesu ka kgalalelo ya selegodimo ya Bogosi a sa bonale.—Mathaio 24:3-14, 21, 34.
Go ise go e kae, ‘legodimo la pele le lefatshe la pele,’ tsamaiso e e rulagantsweng ya ga Satane Diabolo le thulaganyo ya yone ya puso, di tla nyelela. “Lewatlè” le le sa iketlang la batho ba ba boikepo le tla nyelela. Ka gone re tloga re busiwa ke “magodimo a masha” ao e leng puso e e segofaditsweng ke Modimo e e tla busang “lehatshe ye lesha,” mokgatlho wa batho ba ba siameng. Go tla ‘aga tshiamo’ mo go tsone.—Tshenolō 21:1; 2 Petere 3:13.
Se kgobege marapo, masego a a ntseng jalo a tlile go tla ka puso e ntšha—Bogosi jwa Modimo—jo bo setseng bo le gaufi thata. Batla kitso e e oketsegileng ka lefatshe le lesha leo le le senang botlhoko le loso. Eleruri, lebelela kwa pele kwa letsatsing le le segofaditsweng le le setseng le le gaufi leo mo go lone botlhe ba ba ratang Jehofa Modimo ba bile ba mo utlwa ba tla tshelang mo lefatsheng leo le le senang botlhoko.