Bommè ba ba Itekanetseng, Masea a a Itekanetseng
MMÈ o tshwere lesea la gagwe le le itekanetseng ka lorato. Rre o tletse boipelo. E re ka tiragalo eno e diragala gantsintsi ngwaga le ngwaga, go motlhofo go se anaanele go tsholwa ga ngwana go go tlwaelegileng. Mme gone, ke selo sa tlholego—ka jalo, ke eng fa motho a tshwanetse go tshwenyega?
Gone ke boammaaruri gore gantsi pelegi e tsamaya sentle mme e seng ka metlha. Ka jalo, batsadi ba ba kelotlhoko ba ba solofetseng ngwana, ba tsaya dikgato tse di tlhokegang gore ba tile mathata a a sa tlhokegeng. Ka sekai, ba ithuta gore ke eng se se bakang mathata a nako ya pelegi, ba batla tlhokomelo ya maemo a a kwa godimo ka nako ya fa ngwana a sa ntse a imilwe mme e bile ba tsaya dikgato dingwe tse di motlhofo tsa go fokotsa dikotsi tsa nako ya ditlhabi tsa pelegi le ya go tshola ngwana. Mma re sekaseke dintlha tseno ka botlalo.
Dilo Tse di Bakang Mathata a Pelegi
Nngwe ya dilo tse di bakang mathata a pelegi mo go mmè le mo ngwaneng ke go sa nne le tlhokomelo e e siameng ka nako ya boimana. Dr. Cheung Kam-lau, mankge wa malwetse a bana wa lephata la tlhokomelo ya bana ba ba sa tswang go tsholwa wa kwa Prince of Wales Hospital kwa Hong Kong, o bolela gore “fa batho ba ba imileng ba sa newe tlhokomelo epe fa ngwana a ise a tsholwe, go ka dira gore ba nne mo kotsing e kgolo.” O bolela gape gore, “bontsi jwa bommè bano ba lebeletse go nna le masea a a itekanetseng a makimanyana, mme gantsi dilo ga di tsamaye sentle jalo.”
Malebana le mathata a a amang bommè Journal of the American Medical Women’s Association e bolela gore, “dilo tse ka tlhamalalo di dirang gore basadi ba swe ka nako ya fa ba belega” ke go dutla madi thata, go kgoreletsega ga ngwana fa a tsholwa, go tshwaediwa ke megare le go nna le kgatelelo ya madi e e kwa godimo thata. Lokwalopaka loo lo oketsa ka gore, le fa go ntse jalo, go na le dikalafi tse di itsegeng, mme gantsi “kalafi ya segompieno . . . ga e tlhoke mekgwa e e raraaneng.”
Tlhokomelo e e kgonang go bonwa motlhofo le yone e ka thusa masea a mantsi. UN Chronicle e bega gore “peditharong ya dintsho tsa masea a a sa tswang go tsholwa di ka tilwa fa bommè le masea otlhe” ba ne ba ka bona kalafi e e “itsegeng, e e tshwanelang le e e ka kgonang go neelwa go sa dirisiwe didirisiwa tsa thekenoloji tse di raraaneng.” Philippines News Agency e bega gore, ka maswabi, go tlwaelegile gore bommè ba bo ba sa itse e bile ba itlhokomolosa kgang ya go tlhokomela masea a a iseng a tsholwe.
Tlhokomelo e e Molemolemo ya Mmè le Lesea ka Nako ya Boimana
UN Chronicle ya re: “Bommè ba ba itekanetseng ba nna le masea a a itekanetseng.” E ne ya ela tlhoko gape gore fa mosadi a sa bone tlhokomelo ya kalafi e e lekaneng kgotsa a sa e bone gotlhelele ka nako ya boimana jwa gagwe, ka nako ya pelegi le ka nako ya morago ga foo, lesea la gagwe le tla bona tlhokomelo ya kalafi e nnye kgotsa le ka se e bone gotlhelele.
Mo dinageng dingwe go ka tswa go le thata gore mosadi yo o imileng a bone tlhokomelo e e tshwanetseng. Gongwe o tshwanetse go tsaya loeto lo loleele kgotsa a ka nna a tshwanelwa ke go duelela ditshenyegelo tsa kalafi. Le fa go ntse jalo, fa go kgonega, mmè yo o imileng o tshwanetse go leka go bona bobotlana tlhokomelo ya kalafi ka tsela nngwe. Seno se botlhokwa thata mo mosading yo o tshelang ka dithuto tse di mo Baebeleng e e Boitshepo, e e bolelang gore botshelo jwa motho bo boitshepo, go akaretsa le botshelo jwa ngwana yo o iseng a tsholwe.—Ekesodo 21:22, 23;a Duteronome 22:8.
A go bona tlhokomelo e e tshwanetseng go kaya gore o tshwanetse go bona ngaka beke nngwe le nngwe? Nnyaa, e seng tota. Malebana le mathata a a nnang teng ka nako ya boimana, Mokgatlho wa Lefatshe Lotlhe wa Boitekanelo “o lemogile gore basadi ba ba yang go bona dingaka tsa bone ka makgetlo a le manè ka nako ya boimana jwa bone” ba nna le matswela “a a tshwanang le a basadi ba ba ileng ba ya go bona dingaka tsa bone ka makgetlo a le 12 kgotsa go feta.”
Se Dingaka Di ka Se Dirang
Go tokafatsa ditshono tsa mmè kgotsa ngwana wa gagwe yo o iseng a tsholwe, ba tsa kalafi, segolobogolo ba e leng bomankge ba pelegi, ba tsaya dikgato tse di latelang:
◼ Ba lebelela rekoto ya molwetse ya kalafi mme ba bo ba mo tlhatlhoba go bona gore ke dikotsi dife tse di ka nnang teng le go thibela mathata a a ka nnang a ama mmè kgotsa ngwana yo o golang mo teng ga gagwe.
◼ Ba ka nna ba tsaya dikaelo tsa madi le tsa motlhapo go bona gore a ga go na mathata a a jaaka a tlhaelo ya madi, go tshwaediwa ke megare, go sa tshwane ga Rh mo mading le malwetse. Malwetse ano a ka akaretsa, bolwetse jwa sukiri, rubella, malwetse a a tshelanwang ka tlhakanelodikobo, bolwetse jwa diphilo jo bo ka dirang gore kgatelelo ya madi e tlhatloge.
◼ Fa go tlhokega e bile molwetse a dumela, dingaka di ka nna tsa akantsha go mo naya mokento wa dilo tse di jaaka foluu, kitlano ya ditlhaa (tetanus) le go sa tshwane ga Rh mo mading.
◼ Ba ka nna ba akantsha le go dirisa dibitamine, segolobogolo folic acid.
Fa dingaka di lemoga dikotsi mo bathong ba ba farologaneng ba ba imileng mme ba bo ba dira se se tlhokegang go sireletsa molwetse—kgotsa ba thusa mmè go dira jalo—seo se dira gore mmè le ngwana wa gagwe yo o iseng a tsholwe ba nne le ditshono tse di botoka tsa gore dilo di ba tsamaele sentle.
Go Fokotsa Dikotsi ka Nako ya Ditlhabi Tsa Pelegi le fa Ngwana a Tsholwa
Joy Phumaphi yo pele e neng e le mothusa motsamaisimogolo wa Boitekanelo jwa Lelapa le Setšhaba wa Mokgatlho wa Lefatshe Lotlhe wa Boitekanelo a re: “Nako e e kotsi thata mo mosading ke nako ya ditlhabi tsa pelegi le ya go tshola ngwana.” Go ka dirwa eng go tila mathata a a masisi, le a a ka bolayang, mo nakong eno e e kotsi? Tota mme, dikgato tse di ka tsewang di motlhofo, mme di tlhoka go tsewa go sa ntse go na le nako.b Seno se botlhokwa thata mo bathong ba ba ganang go tshelwa madi ka ntlha ya mabaka a a theilweng mo Baebeleng kgotsa mo bathong ba ba batlang go tila madi ka ntlha ya dikotsi tsa kalafi tse di ka nnang teng.—Ditiro 15:20, 28, 29.
Balwetse ba ba ntseng jalo ba tshwanetse go dira se ba ka se kgonang go tlhomamisa gore motho yo o ba neelang tlhokomelo ya kalafi, e ka tswa e le ngaka kgotsa mmelegisi, o na le bokgoni e bile o na le maitemogelo a go dirisa kalafi e nngwe kwantle ga go tshela madi. Mo godimo ga moo, batsadi ba ba solofetseng ngwana ba tla bo ba le botlhale fa ba ka tlhomamisa gore kokelo kgotsa lefelo le ba tla tsholelang ngwana kwa go lone le ikemiseditse go dirisana mmogo le bone.c O ka botsa ngaka dipotso tse di botlhokwa tse pedi tseno: 1. O tla dira eng fa mmangwana kgotsa ngwana a latlhegelwa ke madi a mantsi kgotsa fa go na le mathata a mangwe? 2. Fa o seyo fa ngwana a goroga, go tla dirwa dithulaganyo dife tse dingwe?
Mme gone, mosadi yo o botlhale o tla botsa ngaka ya gagwe go tlhomamisa gore a selekanyo sa madi a gagwe se kwa godimo kafa go ka kgonegang go ya ka selekanyo se se tshwanetseng pele ga a nna le ditlhabi tsa pelegi. Mme ngaka yone e ka nna ya akantsha gore molwetse a dirise folic acid, dibitamine tse dingwe tsa setlhopha sa B mmogo le dilo tse di thusang go oketsa aene mo mading.
Ngaka e tla akanyetsa gape le dilo tse dingwe. Ka sekai, a maeto a molwetse a boimana a ile a senola mathata ape a botsogo a a ka tswang a tlhoka go tlhokomelwa? A mmè yo o solofetseng ngwana o tlhoka gore a tile go nna a eme thata ka maoto? A o tlhoka go ikhutsa mo go oketsegileng? A go tla bo go le molemo fa a ka oketsa kgotsa a fokotsa boima jwa mmele kgotsa a ikatisa mo go oketsegileng? Mme a o tlhoka go tlhokomela thata bophepa jwa mmele wa gagwe go akaretsa le bophepa jwa molomo?
Dipatlisiso di bontsha gore bolwetse jwa marinini mo basading ba ba baimana bo amanngwa le kotsi ya preeclampsia, bolwetse jo bo masisi jo gare ga dilo tse dingwe bo dirang gore kgatelelo ya motho ya madi e tlhatloge ka tshoganyetso, a nne le go opa ga tlhogo go go botlhoko thata le edema (go tlala ga seedi mo dithishung).d Preeclampsia e ka dira gore ngwana a tsholwe e ise e nne nako, mme ke yone e bakang thata gore masea le bommè ba swe, segolobogolo mo dinageng tse di tlhabologang.
Ee ruri, ngaka e e kelotlhoko e tla tsaya masisi letshwao lepe fela la gore mmè yo o imileng o tshwaeditswe ke megare. Mme fa a ka nna le ditlhabi tsa pelegi e ise e nne nako, o tla akantsha gore a ye kokelong ka bonako, e leng selo se se ka bolokang botshelo.
Dr. Quazi Monirul Islam, mokaedi wa Lephata la go Dira Gore Boimana bo Babalesege la Mokgatlho wa Lefatshe Lotlhe wa Boitekanelo a re: “Basadi ba itsenya mo kotsing ya go swa gore ba tshole bana.” Mme go bona tlhokomelo e e siameng ya kalafi ka nako ya boimana, ka nako ya go tsholwa ga ngwana le ka bonako morago ga foo go ka thusa gore go tilwe mathata a mantsi, tota le e leng loso. Se se botlhokwa le go feta, leka go nna le botsogo jo bo siameng. Tota e bile, fa o batla go nna le lesea le le itekanetseng, o tlhoka go leka ka natla gore o nne mmè yo o itekanetseng.
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Temana ya ntlhantlha ya Sehebera e bua ka kotsi e e ka bolayang mmè kgotsa ngwana yo o iseng a tsholwe.
b Bona lebokoso la setlhogo se se reng “Go Dira Dipaakanyetso ka Nako ya Boimana.”
c Banyalani ba e leng Basupi ba ga Jehofa ba ka nna ba ikgolaganya le Komiti ya Puisano le Dikokelo ya lefelo la bone ya Basupi ba ga Jehofa pele ga ngwana wa bone a tsholwa. Maloko a komiti eno a etela dikokelo le dingaka go ba naya tshedimosetso ya kalafi e e ka dirisiwang mo boemong jwa madi mo balwetseng ba Basupi. Mo godimo ga moo, dikomiti tseno di ka kgona go thusa go bona ngaka e e tlotlang ditumelo tsa molwetse le e e nang le maitemogelo mo go diriseng kalafi e go sa dirisiweng madi mo go yone.
d Le fa gone go tlhokega gore go dirwe dipatlisiso tse di oketsegileng go tlhomamisa gore bolwetse jwa marinini bo baka kotsi e kgolwane ya preeclampsia, go botlhale ka metlha go tlhokomela marinini le meno a gago.
[Mafoko a a mo go tsebe 27]
Go ya ka dipalopalo tse di ntshitsweng ka October 2007, go na le mosadi a le mongwe yo o swang motsotso mongwe le mongwe—basadi ba le 536 000 ka ngwaga—ka ntlha ya mathata a a amanang le boimana.—United Nations Population Fund
[Mafoko a a mo go tsebe 28]
“Ngwaga le ngwaga masea a le dimilione di le 3,3 a tsholwa a sule mme masea a a fetang dimilione di le nnè a swa mo malatsing a le 28 fa a sena go goroga mo lefatsheng.”—UN Chronicle
[Lebokoso mo go tsebe 29]
GO DIRA DIPAAKANYETSO KA NAKO YA BOIMANA
1. Tlhopha kokelo e o tla yang kwa go yone, ngaka ya gago kgotsa mmelegisi wa gago ka kelotlhoko ka go dira dipatlisiso nako e sa ntse e le teng.
2. Ya kwa ngakeng kgotsa kwa mmelegising wa gago ka metlha, o dire gore lo tshepane le go nna le kamano e e botsalano.
3. Tlhokomela botsogo jwa gago sentle. Mme fa go kgonega, tsaya dibitamine tse di tshwanelang, mme tila go nwa melemo (tota le fa e le e e rekwang kwa mabenkeleng) fa e se fela fa ngaka ya gago e dumela gore o dire jalo. Go botlhale go tila ditagisi. Setheo sa Bosetšhaba sa go Nwa go Feta Selekanyo le go Nna Lekgoba la Bojalwa se bolela jaana: “Le fa gone kotsi e kgolo e le mo maseeng a bommaabone ba nwang thata, ga go ise go itsiwe sentle gore a go nwa bojalwa le fa e le ka selekanyo sefe fela go babalesegile ka nako ya boimana.”
4. Fa o nna le ditlhabi tsa pelegi e ise e nne nako, (pele ga beke ya bo37), ikgolaganye le ngaka ya gago kgotsa ba lephata la pelegi ka bonako. Go bona tlhokomelo ka bonako go ka thusa go tila gore ngwana a tsholwe pele ga nako le mathata a a ka nnang teng ka ntlha ya gone.e
5. Kwala ditshwetso tse o di dirileng malebana le tlhokomelo ya gago ya kalafi. Ka sekai, ba le bantsi ba lemogile gore go a thusa go tlatsa karata ya madi ya (DPA [durable power of attorney]) pele ga nako. Batlisisa gore go dirisiwa eng le gore ke eng se se leng kafa molaong mo nageng ya lona.
6. Fa ngwana a sena go tsholwa, gakologelwa go tlhokomela botsogo jwa gago le jwa ngwana wa gago, segolobogolo fa ngwana a ile a tsholwa pele ga nako. Ya kwa ngakeng ya bana ka bonako fela fa o lemoga gore go na le mathata mangwe.
[Ntlha e e kwa tlase]
e Gantsi masea a a tshotsweng pele ga nako a a nang le selekanyo se se kwa tlase sa madi, a dirwe tsa one di sa kgoneng go ntsha disele tse dikhibidu tsa madi tse di lekaneng, a tshelwa madi.