Dikakgelo Tsa Babadi
Thulaganyo ya go Tlhokomela Batho ba ba Lwalang Thata—Boikaelelo Jwa Yone ke Eng? (July 2011) E re ka ke le mothusi wa modirediloago, ke ne ka thapisiwa kwa lefelong la go tlhokomela batho ba ba lwalang thata, mme nka tlhomamisa gore se lo se bolelang mo makasineng wa Tsogang! wa July 2011 se boammaaruri. Mafelo a a baakanyeditsweng sentle go tlhokomela batho ba ba lwalelang go swa a a tlhokega mo lefatsheng le re tshelang mo go lone. Ke emetse ka tlhoafalo go tla ga puso ya Modimo, e mo go yone go seng ope yo o tla reng, “Ke a bobola,” e bile mo go yone Modimo a tla phimolang dikeledi mo matlhong a rona.—Isaia 33:24; Tshenolo 21:3, 4.
M. R., Italy
Ke ne ke swabile e bile ke gamaregile go bona go dirisitswe polelwana ya “mengato ya batho ba ba godileng” mo setlhogong seno. Mafoko ano ke a lonyatso tota mo mothong yo o tshwanelwang ke go apara seaparo se se sireletsang sa kafa gare. Ga go le fa e le sephuthelwana sepe sa “diaparo tse di sireletsang tsa kafa gare” tse di rekisiwang se se dirisang lefoko mongato.
Ga re a newa leina, United States
“Tsogang!” e a araba: Re leboga go bo o re bontshitse ntlha eno. Re utlwela botlhoko ope yo o lebaneng le mathata a a masisi a botsogo, mme ruri ga re batle go okeletsa ope botlhoko ka go dirisa mafoko a bangwe ba ka a tsayang e le go ba nyatsa. Re maswabi fa seno se ka tswa se baketse babadi ba rona kutlobotlhoko.
Basha ba Botsa Jaana . . . Ke Tshwanetse go Itse Eng ka Mafelo a go Ikgolaganya le Batho mo Internet? (July 2011) Ke leboga go bo lo gatisitse setlhogo seno. Ke na le dingwaga di le 26. Ke ne ke ntse ke rulaganyetsa go bula akhaonto ya [mafelo a go ikgolaganya le batho mo Internet] e se ka gonne ke batla go nna le ditsala tse di oketsegileng, mme e le ka gonne batho ba le bantsi ba ne ba nkgothaletsa go dira jalo. Setlhogo seno se nthusitse thata. O ka nna le ditsala o se mo lefelong lepe la go ikgolaganya le batho mo Internet.
M. P., Philippines
Ke ne ke lebeletse gore setlhogo seno se ne se tla bua dilo tse di bosula fela ka mafelo a go ikgolaganya le batho mo Internet. Mme setlhogo seno se ne se le tekatekano. Se ne se tlotla ka dilo tse di molemo le tse di bosula ka kgang eno mme se ne se naya kgakololo malebana le kafa re ka itshireletsang ka teng mo dikotsing tse di ka nnang gone mo mafelong a go ikgolaganya le batho mo Internet. Se ne sa mpontsha gore ke tshwanetse go nna kelotlhoko fa ke baya tshedimosetso ya me mo Internet.
C. W., United States
Diphiri Tsa go Atlega ga Lelapa (October 2009) Kgatiso eno e e kgethegileng e thusitse lelapa la rona fela thata. Ke itumeletse thata mabokose a a reng “Leka se se latelang” a a neng a tsamaya le setlhogo sengwe le sengwe se se tlhalosang diphiri tse supa. Mo lelapeng la rona re setse re dirisitse dikakantsho tse di maleba tse di neetsweng moo.
H. H., Korea
Motlotlo wa Lelapa Re leboga thata go bo lo gatisa karolo eno ya ka metlha. Morwadiarona wa dingwaga tse thataro o rata setlhogo sa Bana Batlang Ditshwantsho Tseno mme o itumelela thata go tsenya mebala mo ditshwantshong. Ditlhogo tseno di gatelela seabe se batsadi ba nang le sone mo go thapiseng bana ba bone go tloga ba sa le bannye. Tiro e lo e direlang bana ba bannye e dule diatla.
M. P., Poland