Dipotso Tse Nnè Tse o Tshwanetseng go di Botsa Malebana le go Tlhaeletsana le Batho mo Internet
Fela jaaka go ntse ka tsela le fa e le efe ya go dirisa Internet, go tlhaeletsana le batho mo Internet go na le dikotsi tsa gone.a O ntse o akantse ka seno, ela tlhoko dipotso tse di latelang.
1 Go Tlhaeletsana le Batho mo Internet go Ama Jang Tshedimosetso Ya me Ya Botho?
“Ga go nke go tlhokega tlolo mo mafokong a mantsi, mme yo o thibang dipounama tsa gagwe o dira ka botlhale.”—Diane 10:19.
Se o tshwanetseng go se itse.Fa o se kelotlhoko, tshedimosetso ya gago ya botho, ditshwantsho tsa gago, di-status update (melaetsa e mekhutshwane e o e kwalelang mongwe le mongwe yo o mo lenaaneng la ditsala tsa gago) le dikakgelo tsa gago (se o se kwalang mo di-status update tsa ba bangwe) di ka senola go le gontsi thata. Ka sekai, di ka nna tsa senola dilo tse di jaaka gore o nna kwa kae, ke leng o leng kwa gae (le gore ke leng o seyong), gore o bereka kae kgotsa o tsena sekolo kae. Aterese ya gago mmogo le go kwala molaetsa o mokhutshwane o o jaaka, “Re ya malatsing a boikhutso ka moso!” di lekane go bolelela legodu gore le ka ya go tlhasela kae le gore le ka tlhasela leng.
Tshedimosetso e nngwe—ka sekai, aterese ya gago ya e-mail, letsatsi la gago la matsalo kgotsa nomoro ya gago ya founo—e ka dira gore o tshwenngwe, o kgerisiwe kgotsa gore go utswiwe tshedimosetso ya gago ya botho. Le fa go ntse jalo, batho ba le bantsi ga ba okaoke go ntsha tshedimosetso e e ntseng jalo mo tsebeng ya bone ya go ikgolaganya le ba bangwe mo Internet.
Go bonala batho ba lebala gore fa ba kwadile sengwe mo Internet, se ka bonwa ke batho botlhe. Tota le fa ba tlhalosa sentle gore di-status update tsa bone di ka bonwa ke “Ditsala Fela,” ba ka se laole se ditsala tseo di ka se dirang ka tshedimosetso eo. Tota sengwe le sengwe se se kwalwang mo tsebeng ya go ikgolaganya le batho ba bangwe mo Internet se tshwanetse go tsewa e le sengwe se se ka bonwang ke batho botlhe kgotsa jaaka tshedimosetso e e ka fetisediwang batho botlhe motlhofo.
Se o ka se dirang. Itse sentle diseting tse o tshwanetseng go di dirisa gore tshedimosetso ya gago e se ka ya bonwa ke batho botlhe mo tsebeng ya gago ya go ikgolaganya le batho mo Internet mme o di dirise. Dira gore status update sa gago le ditshwantsho tsa gago di bonwe fela ke batho ba o ba itseng le ba o ba tshepang.
Le fa go ntse jalo, o tshwanetse go lemoga gore se o se kwalang se ka itsiwe ke batho ba le bantsi go feta kafa o neng o ikaeletse ka teng. Sekaseka tsebe ya gago mo Internet ka metlha mme o ipotse gore a go na le sengwe se o se senotseng se batho ba ba boferefere ba ka se dirisang gore ba itse kwa o leng teng kgotsa gore ba utswe tshedimosetso ya gago ya botho. Tota le fa o kwalela ditsala tsa gago, o se ka wa kwala sepe fela se se ka senolang tshedimosetso ya gago ya sephiri kgotsa ya motho yo mongwe. (Diane 11:13) Fa go na le tshedimosetso ya sephiri e o tlhokang go e bolelela mongwe, dirisa mokgwa o mongwe wa puisano go dira jalo. Mosadi mongwe yo mosha e bong Cameron a re: “Go bua ka founo go dira gore o bue le motho ka tlhamalalo e bile go dira gore batho ba bangwe ba se ka ba itse se o se buang.”
Sa botlhokwa. Mosadi mongwe yo o bidiwang Kim o sobokanya seno sentle. A re: “Fa o le kelotlhoko ka se o se dirang, o ka kgona go boloka tshedimosetso ya gago ya botho e le sephiri mo Internet. Go ka se go tsenye mo mathateng kwantle ga fa wena o dira gore go go tsenye mo mathateng.”
2 Go Tlhaeletsana le Batho mo Internet go Ama Jang Nako ya Me?
‘Tlhomamisang dilo tse di botlhokwa thata.’—Bafilipi 1:10.
Se o tshwanetseng go se itse. Mekgwa ya go ikgolaganya le batho ba bangwe mo Internet e ka go jela nako e bile e ka go kgoreletsa go dira dilo tsa botlhokwa. Jaaka mosadi mongwe yo o bidiwang Kay a tlhalosa, “fa o na le ditsala tse dintsi tse o ikgolaganyang le tsone, o tla dirisa nako e ntsi go tlhaeletsana le bone mo Internet mme o tla tshwakgolwa le go feta.” Ela tlhoko dikakgelo tsa bangwe ba ba bolelang gore ba ile ba tshwarwa ke serai seno.
“Go thata go tlogela go dirisa lefelo la go ikgolaganya le batho ba bangwe mo Internet, tota le fa o sa rate go dira jalo. Go nna e kete ke selo se o ka se kgoneng go tshela kwantle ga sone.”—Elise.
“Go na le dilo tse dintsi tse o ka di dirang—metshameko, ditlhatlhobo, lefelo la Internet la batho ba ba ratang mmino—re sa bue sepe ka go lebelela ditsebe tsa tshedimosetso ya ditsala tsotlhe tsa gago.”—Blaine.
“Go tshwakgola tota mme ga o lemoge gore o tshwerwe ke serai seno go fitlha mmago a tla gae a bo a go botsa gore ke eng fa dijana di ise di tlhatswiwe.”—Analise.
“Ke ne ka iphitlhela ke batla go fitlha ka bonako kwa gae go tswa kwa sekolong gore fela ke bone gore ke mang yo o arabileng melaetsa e ke e kwadileng mo tsebeng ya me ya Internet. Mme ke bo ke tshwanelwa ke go araba batho bao botlhe le go lebelela ditshwantsho tsotlhe tse disha tse ba di tsentseng. Ke ne ke nna pelwana tota fa ke dirisa Internet mme ke ne ke tlhoile go itewa tsebe. Batho bangwe ba ke ba itseng ba nna ba le mo Internet mo e ka nnang ka dinako tsotlhe—tota le fa ba etetse batho ba bangwe kwa magaeng a bone le mo gare ga bosigo!”—Megan.
Se o ka se dirang. Nako ke selo sa botlhokwa se o ka se kgoneng go se senya. Ka jalo, ke eng o sa dire tekanyetso ya kafa o tla e dirisang ka gone fela jaaka o ne o ka dira ka madi a gago? Sa ntlha, kwala nako e o akanyang gore e tla bo e lekane go e dirisetsa go ikgolaganya le batho ba bangwe mo Internet. Go tswa foo, itshekatsheke mo kgweding eo mme o bone gore o kgonne go fitlhelela maitlhomo a gago go le kana kang. Dira diphetogo mo go tlhokegang teng.
Fa e le gore o motsadi mme bana ba gago ba dingwaga tsa bosha ba dirisa nako e ntsi thata ba le mo lefelong la go ikgolaganya le batho ba bangwe mo Internet, leka go bona gore a go na le sengwe se se bakang seno. Ka sekai, mo bukeng ya gagwe ya Cyber-Safe Kids, Cyber-Savvy Teens, Nancy E. Willard o tlhalosa gore go dirisa mafelo a go ikgolaganya le batho mo Internet ka tsela e e feteletseng go ka amanngwa le go tlhobaela, go ngomoga pelo le go inyatsa. O kwala jaana: “Basha ba le bantsi ba amegile thata ka gore ditsala tsa bone di ba leba jang. Fa basha ba amanya go nna botlhokwa ga bone le ditsala tsa bone le palo ya ditsala tse ba nang le tsone mo Internet, seno se ka dira gore ba tshwakgolwe ke go dirisa Internet.”
Le ka motlha o se ka wa dira gore mekgwa ya go ikgolaganya le batho ba bangwe mo Internet—kgotsa selo le fa e ka nna sefe fela se o se dirang mo Internet—e kgoreletse botsala jo o tshwanetseng go nna le jone le ba lelapa la gaeno. Don Tapscott mo bukeng ya gagwe ya Grown Up Digital, o kwala jaana: “Sengwe se se tshegisang ka Internet ke gore le fa e dira gore go nne motlhofo go ikgolaganya le ba lelapa fa ba le kgakala, gape e ka dira gore ba arogane fa ba nna mmogo kwa gae.”
Sa botlhokwa. Mosetsana mongwe yo o bidiwang Emily a re: “Ke akanya gore go tlhaeletsana le batho mo Internet ke tsela e e molemo ya go ikgolaganya le batho. Mme fela jaaka go ntse ka sengwe le sengwe, o tlhoka go itse gore ke leng o tshwanetseng go e tima.”
3 Go Tlhaeletsana le Batho mo Internet go Ama Jang Leina la Me?
“Go nna le leina le lentle le tlotlo go gaisa selefera le gauta thata.” —Diane 22:1, “Contemporary English Version.”
Se o tshwanetseng go se itse. Se o se kwalang mo Internet se go direla leina le go ka nnang thata go le phimola. (Diane 20:11; Mathaio 7:17) Go bonala batho ba le bantsi ba se kelotlhoko ka dikotsi tse di ka nnang teng. Mosadi mongwe yo mosha yo o bidiwang Raqual a re: “Fa batho ba dirisa mafelo a go ikgolaganya le batho mo Internet, go bonala ba sa akanyetse dilo sentle. Ba bua dilo tse gantsi ba ka se di bueng. Bangwe ga ba lemoge gore go kwala molaetsa o le mongwe fela o o sa siamang go ka ba senya leina.”
Go itshenya leina mo lefelong la go ikgolaganya le batho mo Internet go ka nna le ditlamorago tsa nako e telele tse di sa itumediseng. Buka ya Grown Up Digital ya re: “Go na le dikgang di le dintsi tsa kafa batho ba ba dirisang mafelo a go ikgolaganya le batho mo Internet ba ileng ba latlhegelwa ke ditiro tsa bone ka teng kgotsa ba ileng ba se ka ba bona tiro e ntšha ka teng ka ntlha ya se ba se kwadileng mo Internet.”
Se o ka se dirang. Leba tsebe e o e dirisang go ikgolaganya le batho ba bangwe mo Internet mme o leke go e leba ka tsela e batho ba bangwe ba ka e lebang ka yone. Ipotse dipotso tseno: ‘A tota ke tsela e ke batlang go lebiwa ka yone? Fa mongwe a ka leba ditshwantsho tse ke di tsentseng mo Internet mme a tshwanelwa ke go ntlhalosa go ya kafa a mponang ka teng, ke mafoko afe a go ka diregang gore a akanye ka one? “Motho yo o Tshamekang ka Maikutlo a Lorato a ba Bangwe”? “Motho yo o Hepisang”? “Motho yo o Ratang Diphathi Thata”? Fa e le gore go ntse jalo, a ke tsela e ke batlang go bonwa ka yone, ka sekai, fa ke dira kopo ya tiro mme motho yo e ka nnang mothapi wa me a bo a bona tsebe ya me mo Internet? A tota ditshwantsho tseno di bontsha melao e e siameng e ke tshelang ka yone?’
Fa e le gore o motho yo mosha, ipotse jaana: ‘Go tweng fa batsadi ba me, morutabana kgotsa mogolo mongwe yo ke mo tlotlang a ka bona tsebe ya me ya Internet? A ke tla tlhabisiwa ditlhong ke se ba ka se bonang le se ba ka se balang?’
Sa botlhokwa. Fa go tliwa mo tseleng e batho ba go itseng ka yone, gakologelwa mafoko a ga moaposetoloi Paulo a a reng: “O tla roba sone se tota o se jalang.”—Bagalatia 6:7, Good News Translation.
4 Go Tlhaeletsana le Batho mo Internet go Ama Jang Ditsala Tsa Me?
“Yo o tsamayang le batho ba ba botlhale o tla nna botlhale, mme yo o dirisanang le dimatla dilo ga di na go mo tsamaela sentle.”—Diane 13:20.
Se o tshwanetseng go se itse. Batho ba o tsalanang le bone ba tlhotlheletsa tsela e o akanyang ka yone le e o dirang dilo ka yone. (1 Bakorintha 15:33) Ka jalo, go a utlwala gore o tlhophe gore o dira ditsala le bomang mo Internet. Batho bangwe ba amogela dikopo tse dintsintsi tsa batho ba ba sa ba itseng sentle ba ba batlang go nna ditsala tsa bone—kgotsa ba ba sa ba itseng gotlhelele. Batho bangwe ba lemoga gore ga se batho botlhe ba ba mo lenaaneng la bone la ditsala ba e leng ditsala tse di siameng. Ela tlhoko se bangwe ba ileng ba se bolela.
“Fa motho a amogela kopo ya mongwe le mongwe fela go nna tsala ya gagwe, ga go na pelaelo gore o tla tsena mo mathateng.”—Analise.
“Batho ba le bantsi ba ke ba itseng ba tla tsenya ditsala tse tota ba sa di batleng mo lenaaneng la bone la ditsala mme ba bo ba re ga ba batle go utlwisa motho yoo botlhoko ka go itlhokomolosa kopo ya gagwe.”—Lianne.
“Go tshwana fela le go tsalana le batho bao ka namana. O tshwanetse go nna kelotlhoko gore ditsala tsa gago ke bomang.”—Alexis.
Se o ka se dirang. Ipeele ‘molao wa go dira ditsala.’ Ka sekai, bangwe ba ile ba ipeela melao malebana le go dira ditsala:b
“Ke letla batho go nna ditsala tsa me fela fa ke ba itse—e seng fa ke ba gakologelwa fela—mme ke ba itse tota.”—Jean.
“Ke dira ditsala fela le batho ba ke nang le nako e telele ke ba itse. Ga nke ke tsenya batho ba ke sa ba itseng mo lenaaneng la me.”—Monique.
“Ke rata go tsenya fela batho ba ke ba itseng sentle mo lenaaneng la me la ditsala le ba ke itseng gore ba tshela ka melao e ke tshelang ka yone.”—Rae.
“Fa ke bona kopo ya motho yo ke sa mo itseng yo o batlang go nna tsala ya me, ke itlhokomolosa kopo eo. Go felela foo. Ditsala tsa me tsotlhe ke batho ba ke ba itseng e bile re setse re le ditsala le fa re se mo Internet.”—Marie.
“Fa tsala e simolola go tsenya ditshwantsho kgotsa go kwala melaetsa e e sa siamang, ga ke ikutlwe molato le e seng go ntsha motho yoo mo lenaaneng la me. Tota le fa o leba fela se ba se kwadileng mo Internet, ke go itlwaelanya le batho ba ba sa siamang.”—Kim.
“Fa ke ne ke dirisa lefelo la go ikgolaganya le batho mo Internet, ke ne ke dirisa diseting tse di sireletsang tshedimosetso ya me thata. Ke ne ke sa letlelele ditsala tsa ditsala tsa me go bona melaetsa ya me kgotsa ditshwantsho tsa me—di ne di bonwa ke ditsala tsa me fela. Ke ne ke dira seno ka go bo ke ne ke sa tlhomamisega gore a ditsala tsa ditsala tsa me di siame gore nka tsalana le tsone. Ke ne ke sa ba itse—kgotsa ke sa itse gore ke batho ba ba ntseng jang.”—Heather.
Sa botlhokwa. Dr. Gwenn Schurgin O’Keeffe o kwala jaana mo bukeng ya gagwe ya CyberSafe: “Selo sa botlhokwa se o ka se dirang ke gore o nne ditsala fela le batho ba o ba itseng le ba o neng o setse o ba itse pele ga lo kopana mo Internet.”c
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Tsogang! ga e buelele e bile ga e kgale lefelo lepe la go ikgolaganya le batho mo Internet. Bakeresete ba tshwanetse go tlhomamisa gore tsela e ba dirisang Internet ka yone ga e thulane le melaometheo ya Baebele.—1 Timotheo 1:5, 19.
b Mo setlhogong seno, re tlotla ka go dira ditsala tse di tlwaelegileng, e seng go dira ditsala tsa kgwebo.
c Go bona tshedimosetso e e oketsegileng malebana le mafelo a go ikgolaganya le batho mo Internet, bona makasine wa Tsogang! wa July 2011, tsebe 24-27 le wa August 2011, tsebe 10-13.
[Lebokoso mo go tsebe 8]
GAKOLOGELWA GO E TSWALA!
Fa o tlogela tsebe ya gago ya go ikgolaganya le batho ba bangwe mo Internet e sa tswalwa fa o seyo, o itsenya mo kotsing ya gore batho ba bangwe ba kwale tshedimosetso mo tsebeng ya gago mo Internet. Go ya ka mmueledi mongwe e bong Robert Wilson, seo “se tshwana le go tlogela sepatšhe sa gago kgotsa founo ya gago ya selula mo lefelong la batho botlhe. Mongwe le mongwe a ka dula foo a bo a simolola go kwala tshedimosetso mo lefelong la gago la go kwala dikakgelo mo Internet (Wall).” O neela kgakololo efe? “Tlhomamisa gore o a e tswala.”
[Lebokoso mo go tsebe 8]
A O ITSENYA MO KOTSING?
Patlisiso nngwe e e dirilweng mo makasineng wa Consumer Reports e ne ya senola gore batho ba le bantsi ba ba dirisang mafelo a go ikgolaganya le batho mo Internet “ba itsenya mo dikotsing tse di ka dirang gore ba thubelwe, ba utswediwe tshedimosetso ya bone ya botho le go salwa morago ke motho a iphitlhile. Diperesente di le 15 di ile tsa tlhalosa kwa ba nnang gone kgotsa dithulaganyo tsa bone tsa maeto, diperesente di le 34 di tsentse matlha a bone a a feletseng a botsalo mme diperesente di le 21 tsa batho ba ba nang le bana ba ile ba tsenya maina le ditshwantsho tsa bana ba bone mo Internet.”