Ke Eng se se Ngokang Batho?
KE MEFUTA efe ya tlhaeletsano e wena o e dirisitseng mo kgweding e e fetileng?
Go buisana lo lebane difatlhego
Lekwalo kgotsa karata e e kwadilweng ka seatla
Go letsa mogala
Go romelelana melaetsa
Instant message
Video chat (go buisana lo ntse lo bonana mo khomputareng)
Mafelo a go tlhaeletsana le batho mo Internet
Ga go ise go ke go nne le ditsela tse dintsi jaana tsa go ikgolaganya le batho ba bangwe, nngwe le nngwe ya tsone e na le melemo le dikgoreletsi tsa yone. Ela tlhoko dikai di le mmalwa:
GO BUISANA LO LEBANE DIFATLHEGO
Molemo: Go akaretsa maikutlo otlhe a a bonalang fela mo tebegong ya sefatlhego, segalo sa lentswe le tsela e motho a itshikinyang mmele ka yone.
Sekgoreletsi: Batho ba babedi ba ba buisanang ba tshwanetse ba bo ba le mmogo gore ba bue.
LEKWALO KGOTSA KARATA E E KWADILWENG KA SEATLA
Molemo: Le supa lorato e bile le kwaletswe motho ka tlhamalalo.
Sekgoreletsi: Go tsaya nako go le kwala e bile le tsaya malatsi a le mantsi gore le goroge kwa mothong yo o le kwaletsweng.
Molemo: E ka kwalwa le go romelwa ka bonako.
Sekgoreletsi: Gantsi ga o kgone go bona gore motho o ikutlwa jang—kgotsa go motlhofo go e tlhaloganya ka tsela e e seng yone.
Jaanong go latela mekgwa ya go tlhaeletsana le batho mo Internet, e bangwe ba reng ke tsela e e molemolemo ya go ikgolaganya le batho ba bangwe. Go na le mefuta e le mentsintsi ya go ikgolaganya le ba bangwe mo Internet mme e e ratiwang thata—Facebook—e na le batho ba ba ka nnang dimilione di le 800 ba ba e dirisang! Makasine wa Time wa re: “Fa Facebook e ka bo e le naga, e ka bo e le naga ya boraro e kgolo go gaisa morago ga China le India fela.” Mekgwa ya go tlhaeletsana le batho mo Internet ke eng mme ke ka ntlha yang fa e ratiwa thata jaana?
Go tlhaeletsana le batho mo Internet ke Web site e mo go yone batho ba ba e dirisang ba kgonang go abelana tshedimosetso le ditlhopha tse di rileng tsa ditsala. Jean wa dingwaga di le 21 a re: “Ke tsela e e molemo ya go ikgolaganya le batho ba bangwe. Go tlhaeletsana le batho mo Internet gape ke tsela e e motlhofo ya go bontsha ba bangwe ditshwantsho tse o di tsereng kwa maetong kgotsa kwa ditiragalong tse o neng o le kwa go tsone.”
Ke eng fa o sa kwale lekwalo fela? Bangwe ba ka nna ba araba ka go re, ‘go senya nako e ntsi’—e bile go ja madi a mantsi fa e le gore o tla tlhoka go dira dikhopi tsa ditshwantsho tsa gago. Ke eng o sa dirise founo? Le gone go senya nako—segolobogolo ka go bo o tla tshwanelwa ke go founela motho a le mongwe ka nako e e rileng mme ba bangwe ba tla bo ba se kwa gae kgotsa ba sa kgone go bua fa wena o batla go bua. Go tweng ka e-mail? Danielle wa dingwaga di le 20 o ngongorega jaana: “Batho ga ba tlhole ba araba di-e-mail mme le fa ba di araba, go ka tsaya dibeke. Fa ke dirisa mokgwa wa tlhaeletsano mo Internet, ke kwala fela sengwe malebana le se ke se dirang mme ditsala tsa me di ka kgona go kwala dikakgelo tsa bone malebana le letsatsi la bone. Ka bonako fela fa re tsena mo Internet, rotlhe re itse gore go direga eng. Go motlhofo!”
Ga se gore sengwe le sengwe se se kwalwang mo mafelong a go ikgolaganya le batho mo Internet ke selo se se se nang mosola. Ka sekai, fa go nna le masetlapelo a tlholego—a a jaaka thoromo ya lefatshe le tsunami tse di ileng tsa senya dikarolo tsa Japane ka March 11, 2011—batho ba le bantsi ba dirisa mekgwa ya Internet ya go ikgolaganya le batho ba bangwe go itse gore go direga eng ka batho ba ba ba ratang.
Akanya ka se se diragaletseng Benjamin yo o nnang kwa United States. A re: “Morago ga tsunami ya kwa Japane dithelefouno di ne di sa bereke. Mongwe yo ke mo itseng o ne a mpolelela gore o kwaletse tsala ya rona kwa Tokyo e-mail mme ga a ise a mo arabe. Ka nako eo, ke ne ka tsaya founo ya me ya selula mme ka bula Internet mme ka lebelela tsebe ya gagwe ya go ikgolaganya le ba bangwe mo Internet. Ka yone nako eo, ke ne ka bona molaetsa o mokhutshwane o a neng a o kwadile o o bolelang gore o siame mme o tla re romelela tshedimosetso e e oketsegileng moragonyana.”
Benjamin o tswelela jaana: “Gore ke ikgolaganye le ditsala tsa me tse di mo itseng tse di sa ikwadisang mo mafelong a go ikgolaganya le batho mo Internet, ke ne ka tshwanelwa ke go kwalela mongwe le mongwe wa bone e-mail. Go ne ga ntsaya nako gore ke bone diaterese tsa bone le go kwalela mongwe le mongwe wa bone. Ba le mmalwa ba bone ba ne ba nkaraba mo malatsing a sekae moragonyana. Mongwe wa bone o ne a tsaya mo e ka nnang dibeke di le pedi go araba! Batho bao ba ne ba amogela di-e-mail tse dintsi thata go tswa mo bathong ba ba farologaneng mo e leng gore go ne go le thata gore ba kgone go di araba tsotlhe. Ba ka bo ba bolokile nako e ntsi fa ba ka bo ba ikwadisitse mo mafelong a go ikgolaganya le batho mo Internet. Mo metsotsong e sekae fela, mongwe le mongwe wa bone a ka bo a itse gore go direga eng!”
Ga go na pelaelo gore, mekgwa ya go tlhaeletsana mo Internet e na le melemo mengwe. Mme a e na le dikotsi dingwe? Fa e le gore di teng, ke dife mme o ka di tila jang?
[Lebokoso/Ditshwantsho mo go tsebe 5]
KAFA E BEREKANG KA TENG
1. Kwala molaetsa (status update) mo tsebeng ya gago.
2. Batho botlhe ba ba leng mo lenaaneng la ditsala tsa gago ba tla amogela molaetsa wa gago fa ba bula tsebe ya bone mo Internet—mme wena o tla amogela melaetsa ya bone fa o bula tsebe ya gago.