BOTSHELO JWA BOKERESETE
Se Letle Ditsala Tsa Internet di go Tsenya mo Mathateng
GORENG GO LE BOTLHOKWA: Go ikgolaganya le batho mo Internet kgotsa go dirisa di-social network go ka re thusa kgotsa ga re bakela mathata. Bakeresete bangwe ba tlhopha go sa dirise di-social network mme bangwe ba tlhopha go di dirisa go ikgolaganya le ba masika le ditsala. Le fa go ntse jalo, Satane o batla gore re di dirise ka tsela e e botlhaswa, mme go dira jalo, go ka senya kamano ya rona le Jehofa le leina le lentle le re le itiretseng le ene. Re ka etsa sekao sa ga Jesu ka go dirisa melaometheo e e mo Lefokong la Modimo go lemoga dikotsi tse re ka welang mo go tsone le gore re ka di tila jang.—Luk 4:4, 8, 12.
MATHATA A O KA WELANG MO GO ONE:
Go fetsa nako e ntsi mo Internet. Fa re fetsa nako e ntsi re ikgolaganya le ba bangwe kgotsa re lebeletse ditshwantsho le dibidio mo Internet, go ka re jela nako ya go direla Jehofa
Melaometheo ya Baebele: Bae 5:15, 16; Baf 1:10
Go lebelela dilo tse di sa siamang. Go lebelela ditshwantsho tse di tsosang keletso ya tlhakanelodikobo go ka dira gore re tshwakgoge kgotsa re wele mo boitsholong jo bo sa siamang. Go bala tshedimosetso ya batlhanogi mo Internet go ka koafatsa tumelo ya rona
Go kwala le go tsenya ditshwantsho tse di sa siamang. Pelo e boferefere mme e ka dira gore motho a kwale kgotsa a tsenye ditshwantsho tse di sa siamang mo di-social network. Le fa go ntse jalo, seno se ka senya motho leina kgotsa sa dira gore tumelo ya gagwe e koafale
Melaometheo ya Baebele: Bar 14:13; Bae 4:29
LEBA BIDIO YA DIRISA SOCIAL-NETWORK KA BOTLHALE, LO BO LO TLOTLA KA GORE RE KA TILA JANG MAEMO A A LATELANG: