LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • mwb22 March ts. 9
  • Ditsala Tsa Gago Tsa mo Internet ke Bomang?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Ditsala Tsa Gago Tsa mo Internet ke Bomang?
  • Bukana ya Pokano ya Botshelo le Bodiredi Jwa Rona 2021
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Tweng Ka go Dira Ditsala ka Internet?
    Dipotso Tse Basha ba bi Botsang—Dikarabo Tse di Nang le Tharabololo—Bolumo ya 2
  • O se Ka wa Letla Ditsala Tsa mo Internet di go Tsenya mo Mathateng
    Bukana ya Pokano ya Botshelo le Bodiredi Jwa Rona 2018
  • Ke Tshwanetse go Itse Eng ka Mafelo a go Ikgolaganya le Batho mo Internet?—Karolo 2
    Tsogang!—2011
  • Bana ba ba Dirisang Internet—Se Batsadi ba Tshwanetseng go se Itse
    Tsogang!—2008
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Bukana ya Pokano ya Botshelo le Bodiredi Jwa Rona 2021
mwb22 March ts. 9

BOTSHELO JWA BOKERESETE

Ditsala Tsa Gago Tsa mo Internet ke Bomang?

Tsala e tlhalosiwa e le “motho yo o atamalaneng le yo mongwe ka gonne a mo rata e bile a mo tsaya a le botlhokwa.” Ka sekai, Jonathane le Dafide ba ile ba nna ditsala tse di ntshanang seinong morago ga gore Dafide a bolaye Goliathe. (1Sa 18:1) Ka bobedi ba ne ba na le dinonofo tse di neng di dira gore ba tswelele e le ditsala. Ka jalo, gore batho ba nne ditsala tse di atamalaneng, ba tlhoka go itsane sentle. Gore o itse motho sentle, o tlhoka go ipha nako le go tsaya matsapa. Mme gone, mo di-social network batho ba kgona go nna ditsala ka ponyo ya leitlho. Mo Internet, go motlhofo gore motho a fitlhe se a leng sone ka go laola se a tla se buang le se batho ba tla se akanyang ka ene. Ka jalo, o tshwanetse go akanya ka kelotlhoko gore o batla go itsalanya le batho ba ba ntseng jang mo Internet. Fa mongwe yo o sa mo itseng sentle a go kopa gore o nne tsala ya gagwe mo Internet o se ka wa tshaba go gana ka gonne o boifa gore o tla mo utlwisa botlhoko. Ba bangwe ba dirile tshwetso ya gore ba se ka ba dirisa di-social network, ba akantse ka dikotsi tse ba ka kopanang le tsone. Mme gone, fa o tlhopha go dirisa di-social network, ke dilo dife tse o tlhokang go di ela tlhoko?

LEBANG BIDIO YA DIRISA SOCIAL-NETWORK KA BOTLHALE, LO BO LO ARABA DIPOTSO TSE DI LATELANG:

  • Tiragalo go tswa mo bidiong ya “Dirisa Social-Network ka Botlhale.” Mosha o gakgamaletse go bona dinepe tsa gagwe mo thelebisheneng.

    O tshwanetse go akanyetsa eng pele o tsenya ditshwantsho le go kwala melaetsa mo Internet?

  • Tiragalo go tswa mo bidiong ya “Dirisa Social-Network ka Botlhale.” Banna ba babedi ba ba tlhakatlhakaneng ba bontsha mosimane setshwantsho mme mosimane o ithiba sefatlhego.

    Goreng go le botlhokwa gore o tlhophe ditsala tsa gago tsa mo Internet ka kelotlhoko?

  • Tiragalo go tswa mo bidiong ya “Dirisa Social-Network ka Botlhale.” Mosimane o thulametse mo khomputareng morago ga go e dirisa bosigo jotlhe.

    Goreng o tshwanetse go lekanyetsa nako e o e dirisang mo di-social network?—Bae 5:15, 16

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela