Lefelo la Madi a a Tsamayang ka Maoto a Manè
ENMARIE KANI, mosetsana wa dingwaga di le 17 yo o nnang kwa kgaolong e e dithaba ya Papua New Guinea a re: “Mo lefelong la rona kolobe ke sengwe se se tlhwatlhwakgolo se lelapa le ka nnang le sone, ka jalo go e rua ke boikarabelo jo bogolo. Fa rre a ne a re ke tlhokomele kolojwane, ke ne ke itumetse mme gape ke tshwenyegile. E ne e le nnye thata mo ke neng ke akanya gore e ka nna ya swa.”
Enmarie o ne a tlhokomela kolojwane ya gagwe jang? Mme ke ka ntlha yang fa batho ba ba nnang kwa metseselegaeng ya Papua New Guinea ba tsaya dikolobe di le botlhokwa jaaka madi? O ne a bolelela Tsogang! jaana:
Tsweetswee re tlhalosetse gore o nna kae.
Ke nna le batsadi ba me le bonnake ba le banè—basimane ba babedi le basetsana ba babedi—mo ntlong e nnye e e mo sekgweng e e ruletsweng ka bojang mo motseng o o kwa thoko o o mo dithabeng tsa Western Highlands. Motse ono o na le banni ba ka nna 50, ba botlhe e leng ba losika lwa me, mme re nna go bapa le nokana e e itsoketsang mo dithabeng tsa sekgwa se se kitlaneng.
Bontsi jwa batho mo motseng wa rona ba itshedisa ka go lema. Lelapa la gaetsho le na le tshimo e kgolo ya merogo mme re jadile dipotata, maphutshe, dikomokomore, kofi le dijalo tse dingwe mo go yone. Ke rata go lema merogo mme ke itumelela tiro ya diatla. Gape ke dira ditiro tse dingwe tse di jaaka go phepafatsa ntlo, go tlhatswa diaparo le gone go tlhokomela kolobe ya gaetsho.
O tlhokomela kolobe ya gaeno jang?
Fa Rre a ne a reka kolobe ya rona mo e ka nnang ngwaga o o fetileng, e ne e le nnye thata jaana mo ke neng ke kgona go e tshola mo diatleng tsa me. Letsatsi le letsatsi ke ne ke e fepa ka motswako wa tlhapi e e sidilweng e e tlhakantsweng le dipotata tse di ritilweng, metsi, letswai le matute a ntšhe. Bosigo fa go nna tsiditsana mo dithabeng, e ne e robala mo kgetsaneng e e se nang sepe ya raese e e neng e gokeletswe mo borulelong gaufi le leiso mo ntlong ya rona. Ke ne ke robala fa fatshe go bapa le yone. Ka ntlha ya seo, kolobe eno e ne ya kgona go tshela le go gola sentle!
Ga ke a ka ka naya kolobe ya rona leina lepe le le rileng. Ke ne ka e bitsa fela ke re Kolobe, mme e ne ya nna lone leina la yone. Ke ne ka tlhokomela Kolobe jaaka e kete e ne e le ngwanake—ke e fa dijo, ke e tlhapisa le go tshameka le yone nako e telele. Kolobe e ne ya simolola go nthata mme ya ntshala morago gongwe le gongwe kwa ke yang gone.
Fa Kolobe e ntse e gola, ke ne ka e tlwaetsa thulaganyo e ntšha e re sa ntseng re e latela le gone jaanong. Ke dirisa kgole go isa phologolo eno kwa tshimong ya rona ya merogo—loeto lo lo tsayang metsotso e le 15 ka maoto go tswa kwa gae. Fa re fitlha koo ke golegelela kgole eo mo setlhareng mme ke bo ke tlogela Kolobe gore e fatafate mo tshimong letsatsi lotlhe. E dirisa molala wa yone o o nonofileng le sefena sa yone sa letlalo le le thata go epa medi le diboko, gape e tla e fetola mmu le go o nontsha. Fa letsatsi le phirima ke e isa kwa gae, ke bo ke e fepa ka dipotata tse di sa butswang le tse di buduleng pele ke e robatsa mo lesakeng la yone le le dirilweng ka dikgong.
Ke eng fa dikolobe di le botlhokwa jaana mo bathong ba ba nnang mo kgaolong e e dithaba?
Rona banni ba mo dithabeng re na le polelo e e reng, Madi ke kolobe mme kolobe ke madi. Bogologolo pele go dirisiwa madi a re a dirisang gone jaanong mo mafelong ano a dithaba, batho ba ne ba dirisa dikolobe e le madi—mokgwa o o sa ntseng o dirisiwa le gompieno. Ka sekai, borekisetso bongwe jwa dikoloi mo kgaolong e e dithaba bo kile jwa bo bo naya mongwe le mongwe yo o rekang koloi kolobe e e tshelang. Gantsi merafe e rarabolola dikgotlhang tsa yone ka go ananya madi le dikolobe. Mme banyadi ba le bantsi ba naya batsadi ba monyadiwa kgotsa ba kgotla ya gagwe dikolobe e le bontlhabongwe jwa bogadi.
Go lebega go ja kolobe go tshwana le go ja madi a o neng o a bolokile!
O nepile! E re ka dikolobe di le tlhwatlhwakgolo jaana, gantsi re ja nama ya kolobe ka dinako tse di kgethegileng fela, jaaka kwa diphitlhong le kwa meletlong mengwe ya botlhokwa. Ka jalo, batho ba merafe mengwe ya mo dikgaolong tse di dithaba ba ja dikolobe di le makgolokgolo kwa meletlong e megolo e e diretsweng go ikgantsha ka khumo ya bone kgotsa go duelela dilo tse di molemo tse ba di diretsweng mo nakong e e fetileng.
Lelapa la gaeno le tla dira eng ka dikolobe tsa lona?
O nepile fa o re “dikolobe,” ka gonne Kolobe e ne ya tsala dikolojwane di le mmalwa, mme bosheng jaana re ne ra rekisa nngwe ya tsone ka 100 kina (mo e ka nnang R300). Re ne ra dirisa madi ao go palama bese re ya kwa kopanong ya kgaolo ya ngwaga le ngwaga ya Basupi ba ga Jehofa kwa toropong e e gaufi ya Banz. Rre a ka nna a rekisa dikolojwane tse dingwe tsa Kolobe gore a bone madi a go reka dilo tse lelapa la rona le di tlhokang letsatsi le letsatsi.
Ke eng fa lo sa rue dikolobe tse dingwe gore lo dire madi a mantsi?
Boikaelelo jwa rona ga se gore re hume mme ke gore re nne le dilo tse re di tlhokang tse di jaaka dijo, diaparo le bonno. Lelapa la rona le amegile thata ka dilo tse di amanang le kobamelo ya rona. Dilo tseno di akaretsa go direla Modimo wa rona e bong Jehofa; go ya dipokanong tsa Bokeresete; go thusa ba bangwe mo re ka kgonang gone—ka dithoto kgotsa ka dilo tsa semoya—le go dira dilo mmogo re le lelapa. Re tshela botshelo jo bo sa raraanang, mme re seoposengwe e bile re itumetse.
Tota e bile mo malatsing ano ke itshedisa ka go tlhokomela ditshingwana le dikolobe—mme ga se tiro ya letsatsi lotlhe. Tiro ya me ya konokono ke go nna moreri wa Mokeresete, go bolelela baagelani ba me ka dithuto tsa boammaaruri tsa Baebele. Tiro eno e Jesu a neng a laela balatedi ba gagwe gore ba e dire e dira gore ke nne ke tshwaregile malatsi a le mantsi mo bekeng. (Mathaio 28:19, 20) Ke solofela gore letsatsi lengwe ke tla dira kwa ofising ya lekala ya Basupi ba ga Jehofa e e kwa Port Moresby, kwa dikgatiso tsa Baebele di ranolelwang mo dipuong tsa lefelo leno gone. Mme le fa ke sa fitlhelele mokgele oo, ke itse gore ka metlha ke tla bona boitumelo jo bogolo ka ntlha ya go direla Jehofa le go dira gore dilo tse di direlwang Modimo di tle pele. Mme ke anaanela thuso e ke e newang ke madi a a tsamayang ka maoto a manè.
[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 12]
TSHEDIMOSETSO KA DIKOLOBE
● Kwa setlhaketlhakeng sa New Guinea go na le dikolobe tse di ruilweng di ka nna dimilione di le pedi, mo e ka nnang kolobe e le 1 mo baaging bangwe le bangwe ba le 3.
● Palo e e fetang halofo ya batho ba ba nnang kwa metseselegaeng ya koo ba ruile dikolobe.
[Dimmapa mo go tsebe 10]
(Go bona mokwalo o o feletseng, leba kgatiso)
INDONESIA
PAPUA NEW GUINEA
AUSTRALIA
INDONESIA
PAPUA NEW GUINEA
PORT MORESBY
WESTERN HIGHLANDS
AUSTRALIA
[Setshwantsho mo go tsebe 10, 11]
Re ya kwa tshimong
[Setshwantsho mo go tsebe 11]
Ke nako ya go tlhapa
[Setshwantsho mo go tsebe 11]
Ke nako ya go tshameka