KGANG YA BOTSHELO JWA GA WARREN REYNOLDS
Ke Itumelela Go bo Ke Tlhophile Tiro E e Di Gaisang Tsotlhe
Re kwa sekgweng se se kgakala kwa bokonebophirima jwa Australia, re ntse go dikologa molelo. Nna le bakaulengwe ba me re tlotla ka kafa Jehofa a re segofaditseng ka gone. Ke makgetlo a le mantsi re nna le dikokoano tse di tshwanang le eno mme gone e le kwa dinageng tse di farologaneng le batho ba ba buang puo e e farologaneng. Fa ke latlhela bofofu ka kwa ga molelo o o tukang ke bona mokapelo wa me a smaela a kgotsofetse. Nna le ene re itumeletse go direla Jehofa kwa mafelong a mantsi a ke neng ke sa akanya gore nka ya kwa go one. Tota e bile fa ke le mosha ke ne ke na le tshono ya go tlhopha tsela e e farologaneng ya botshelo. E re ke lo tlhalosetseng gore ke raya jang.
Ke goletse kwa Australia. Batsadi ba me le batsadi ba bone ba ile ba ithuta boammaruri ka bo1950. Ke simolotse go rera ke na le dingwaga di le 6 mme ka kolobediwa ke na le dingwaga di le 13. Gantsi ke ne ke tsaya bobulatsela jo bo thusang fa dikolo di tswetswe. Ke ne ke rata Jehofa, ke batla go mo direla botshelo jwa me jotlhe.
Ke na le batsadi ba me le bonnake
Fa ke na le dingwaga di le 15, bakatisi ba kwa sekolong ba ne ba lemoga gore ke ne ke dira bontle mo go tsa metshameko. Ka ntlha ya seo, baemedi ba setlhopha sa rugby league ba ne ba nnaya scholarship sa tsa metshameko. Ke ne ke batla go nna motshameki yo mogolo wa rugby mme gone ke ne ke setse ke ineetse mo go Jehofa. Papa o ne a nkgothaletsa gore ke akanyetse kwa teng ka tshwetso e ke e dirileng ya go ineela mo go Jehofa pele nka tlhopha tiro ya boitshediso mo go tsa metshameko. Ke ne ka tsaya kgakololo ya ga papa mme ke ne ka lemoga gore nka se kgone go atlega mo go direleng Jehofa le mo go tsa metshameko ka nako e le nngwe, ka jalo ke ile ka gana scholarship seo. Morago ga dikgwedi di le mmalwa, Australian Institute of Sport kwa Canberra e ne ya nnaya scholarship se sengwe gape. Ba ne ba batla gore ke ikatise go nna motabogi wa maraton, gore ke emele Australia kwa metshamekong ya Commonwealth kgotsa kwa Diolimpiking. Ke ne ke batla go direla Modimo yo ke mo ratang ka botlalo, ka jalo ke ile ka gana gape.
Moragonyana fa ke sena go fetsa sekolo ke ne ka tsaya bobulatsela e leng mokgele o ke sa bolong go ipeela one. E re ka re ne re na le mathata a madi kwa gae, ke ne ka tlogela bobulatsela mme ka bona tiro ya go kgweetsa motšhine kwa polaseng. Mo bowelong jwa dingwaga tsa me tsa bolesome ke ne ke nna ke le esi. Ka bonako fela kobamelo ya me e ne ya nna seomodiro fela. Ke ne ke kgobegile marapo e bile kamano ya me le Jehofa e ne e koafetse. Ke ne ke na le ditsala tse di sa siamang tse di neng di nwa bojalwa ka tsela e e feteletseng e bile ba dira boitsholo jo bo sa siamang mme ke ne ka raelesega go dira se ba neng ba se dira. Kamano ya me le Jehofa e ne e sa tlhole e le selo sa botlhokwa mo go nna mme ke ne ke latela menate ya nakwana.
Ke ne ke tlhoka go fetola dilo tse di tlang pele mo botshelong jwa me, ka jalo ke ne ka fudugela kwa toropong e nngwe kgakala le ditsala tse di sa siamang. Botsala jwa me le Jehofa bo ne jwa tokafala mme ke ne ka dira dithulaganyo tsa gore ke nne mmulatsela gape. Ke ile ka kopana le Leann McSharry, mosetsanyana yo o ditlhong yo e neng e le mmulatsela, mme re ne ra nna ditsala. Re ne ra buisana ka mekgele ya rona e e neng e akaretsa tiro ya borongwa. Nna le Leann re ile ra nyalana ka 1993. Re ne re batla gore Jehofa e nne ene a kaelang matshelo a rona.
Mekgele ya Rona
Ka ngwaga oo fa re sena go nyalana, ke ne ka nna mmulatsela. E re ka re ne re ikemiseditse go tshela botshelo jo bo motlhofo e bile re se na dikoloto, re ne ra reka caravan ya kgale gore re nne mo go yone. Re feditse dingwaga di le 6 re fudugela kwa phuthego ya ga Jehofa e neng e akantsha gore re ye gone mme re dira ditiro tse dinnye go itlamela. Re ne re rera le diphuthego tse dinnye kwa ditshimong tse di tona mo mafelong a a omileng a a kgakala a Queensland. Ka dinako tse dingwe, re ne re kampa mo mafelong a a farologaneng re tshwara dipokano kwa sekgweng kgotsa kwa holong ya batho botlhe ya lefelo leo. Re ne re itumetse. Le fa go ntse jalo re ne re ipotsa go re, ‘A re ka direla Jehofa mo go oketsegileng?’ Mo nakong e e sa fediseng pelo re ne ra bona karabo ya potso eo.
Re tshwaretse dipokano kwa sekgweng fa re ne re etetse motse mongwe o o kgakala kwa Australia
Phuthego ya ga Jehofa e ile ya re kopa go nna barongwa kwa nageng e sele. Le fa go ntse jalo, re ne re ikutlwa e kete re neetswe tiro e tona e bile re sa tshwanelege go nna barongwa ka gonne re ne re sa ya sekolong sa Gileade. Re ne re rata bodiredi mme gone re ne re ikutlwa re se na bokgoni jwa go ruta ka gonne re se na dithuto di le dintsi tsa Baebele mo kabelong ya rona.
Re ile ra bua le mokaulengwe Max Lloyd wa Komiti ya Lekala ka se re tshwenyegileng ka sone.a O ne a re tlhomamisetsa gore Jehofa o tla re thusa gore re kgone go dira kabelo eo, fa fela re mo letla a re dirisa le fa re ikutlwa re sa tshwanelege. Kgothatso e e lorato e a re fileng yone e ile ya re thusa gore re amogele kabelo ya go ya kwa Sri Lanka.
Kabelo e e Nang le Dikgwetlho
Ka 1999, re ne ra goroga kwa Colombo e leng motsemogolo wa Sri Lanka. Botshelo jwa koo bo ne bo farologane thata le botshelo jo bo iketlileng jo re neng re bo tlwaetse jwa kwa Australia. Go ne go na le batho ba le bantsi thata, go na le dintwa tsa semorafe, khumanego, batho ba ba sotlegang ba ba tshelang ka go kopa e bile dipuo tsa koo di ne di le thata. Mme gone, go ne go na le sengwe se se botlhokwa thata kwa Sri Lanka, bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona ba ba lorato le batho ba bantsi ba ba iseng ba itse Jehofa.
Re ne re abetswe kwa toropong nngwe e e bidiwang Kandy. Toropo eo e mo dithotaneng tse dintle tse di dikologilweng ke masimo a tee le dikgwa. E ne e itsege thata ka go nna le ditempele tse dintsi tsa Babuda. Go ne go na le baagi ba le mmalwa fela ba ba neng ba itse go sekae ka Mmopi wa bone yo o lorato. Phuthego ya rona e ne e na le bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba buang Se-Sinhala le Se-Tamil, ka jalo dipokano tsa rona di ne di tshwarwa ka dipuo tseo ka bobedi. Go ne go le thata go ithuta Se-Sinhala mme phuthego ya rona le batho ba re ithutang Baebele le bone ba ne ba lebogela matsapa a re a tsayang, le fa gone re ne re dira diphoso di le dintsi e bile ba re tshega.
Ke beile puo kwa Sri Lanka ke thusiwa ke moranodi wa Se-Sinhala le wa Se-Tamil
Re ile ra lebana le kgwetlho e e gaisang go ithuta puo e e ntšha. E ne e le lantlha mo matshelong a rona re ganediwa mo go setlhogo thata jaana. Nako nngwe re ne ra dikologiwa ke setlhopha sa batho se se galefileng. Fa ba bangwe ba ntse ba fisa dikgatiso tsa rona, ba bangwe ba ne ba itaya nna le mokaulengwe yo ke neng ke na le ene. Fa seno se ntse se direga, re ne ra rapela Jehofa gore a re thuse go ritibala le gore a re gopole fa re ka swa. Fa setlhopha seo se phatlalala, re ile ra wela makgwafo. Re ne re sa ntse re tshogile fa re tswa mo motseng oo mme re ile ra leboga Jehofa go bo a re sireleditse.
Fa nako e ntse e ya, re ne ra tlwaela go nna kwa Sri Lanka. Tota e ne ya nna legae la rona. Le fa gone ntwa e ne e baka dikgaogano, re ne re itumelela go bona kafa Jehofa a neng a gogela batho ba ba batlang go itse boammaruri mo lelapeng la gagwe le le utlwanang ka gone. Re sa ntse re gopola dilo tse di itumedisang tse di diragetseng kwa setlhaketlhakeng seo se se ntle. Le fa go ntse jalo, morago ga dingwaga di le pedi baeteledipele ba bodumedi ba ile ba gatelela balaodi mme bontsi jwa barongwa bo ile jwa tswa mo nageng.
Mo dibekeng tse di latelang maemo a ne a sa iketla. Re ne re ipotsa gore re tla abelwa kae? Setlhopha se se Laolang se ne sa re naya kabelo ya go ya go direla kwa Papua New Guinea. Ka September 2001 re ne ra goroga kwa Port Moresby, e leng motsemogolo wa Papua New Guinea.
Papua New Guinea—Naga e e Gakgamatsang
Le fa Papua New Guinea e le gaufi le Australia, setso le botshelo jwa bone jwa letsatsi le letsatsi di farologane thata. Le mo lekgetlhong leno, re ne ra tshwanela ke go tlwaela botshelo jwa koo. Re ne ra ithuta go bua puo ya Se-Tok Pisin mme mo dipuong di le 800 tse di buiwang mo nageng eo, puo ya Se-Tok Pisin e buiwa go di gaisa tsotlhe.
Morago ga dingwaga di le tharo, re ne ra abelwa tiro ya potologo kwa toropong ya Popondetta. Re ne re sa akanye gore Jehofa a ka re dirisa ka tsela eno! Ke ne ke tlhola ke itumelela kaelo ya balebedi ba ba etang, bokgoni jwa bone jwa go ruta le maitemogelo a ba nang le one mme gone ke ne ke ipona ke sa tshwanelege go dira kabelo eno. Ga ke bolo go batla go dira tiro ya borongwa mme ke ne ke sa akanye gore ke ka nna molebedi wa potologo. Ke sa ntse ke gakgamaditswe ke gore Jehofa o nneile tshiamelo eno e e kgethegileng.
Re etetse setlhopha sengwe se se nnang kgakala kwa West Sepik, Papua New Guinea
Fa ke ne ke baakanya dipego gore ke di romele kwa lekaleng morago ga go etela setlhopha se se nnang kgakala kwa Papua New Guinea
Ditoropo tse re neng re di etela di ne di na le motlakase, metsi le phaposi ya borobalo e e nang le bolao. Kwa magaeng go ne go sena dilo tseno. Re ne robala mo dintlong tse dinnye tsa bojang, re apaya kwa ntle mo molelong, re tlhapela kwa melapong le kwa dinokeng mme fa go ne go na le dikwena mo metsing re ne gelela metsi re bo re tlhapela kwa ntlong.
Re ne tlhoka maatla a mantsi go feta le e leng pele go dira kabelo eno. Re ne re tlhatswegile pelo gore fa re ‘tsamaya ka maatla a re nang le one,’ Jehofa o ne a tla dira gore re atlege. (Baatlhodi 6:14) Go ne go le thata go fitlhelela diphuthego le ditlhopha tse re neng re di etela ka gonne di ne di phatlaletse, di le mo dikgweng, mo losing lwa lewatle kgotsa kwa mafelong a a dithaba. Gore re fitlhelele bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona, re ne re tsamaya ka dikoloi tse di kwa godimo, dikepe le difofane mme ka dinako tse dingwe re ne re tsamaya ka maoto.b
Leann o ne a ikemiseditse go lebana le kgwetlho nngwe le nngwe fa re le kwa tshimong
Go etela phuthego e e gaufi le molelwane wa Indonesia, re ne re kgweetsa dikilometara di feta 350 mo ditseleng tse di lorole. Mo maetong a a fetang 200 a re a tshotseng, re ne kgabaganya melapo mme e mengwe ya yone e se na borogo. Mo dingwageng, re feditse diura di le dintsi re leka go ntsha koloi ya rona mo seretseng gore re kgone go fitlhelela bakaulengwe ba rona ba ba rategang ba ba neng ba itumeletse go re bona e bile ba re apeetse.
Go ne go le thata go tsamaya mo ditseleng tsa kwa Papua New Guinea!
Fa re ya kwa mafelong a a kwa godimo ga thaba, re ne re tsamaya ka sefofane se sennye mme gantsi mokgweetsi wa sone o ne a tlhoka go tswa mo marung gore a kgone go bona kwa a ka emang gone. Go tswa foo o ne a fofela kwa tlase go bona gore a go na le bana kgotsa diphologolo mo tseleng. Morago ga moo, re ne re ipaakanyetsa go ema mo godimo ga thaba e e bogodimo bo bo ka fetang dimetara di le 2 100, mo tseleng e e kotsi e e tletseng dithetse le dikhuti. Ka dinako dingwe gore re tswe mo metseng eo e e kwa kgakala, re ne re tlhoka go tsamaya ka sefofane. Pele sefofane seo se fofa, se ne se tlhoka go tsamaya mo tseleng e e gaufi le fa thaba e felelang gone.c
Ka dinako dingwe re ne re tlhatloga dithaba ka maoto re kukile dibêkê tse di tletseng dikgatiso, re tsamaya mo mogoteng mo mafelong a a tletseng metsi e bile a le bongola. Re ne re tsaya maeto ano le bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona mme maeto ano a ne a re naya tshono ya go kgothatsana le go itumelela botsala.
Kwa Papua New Guinea mo nokeng ya Keram re ya tshimong
Re ne re tlhaloganya kafa Paulo a neng a ikutlwa ka gone mo go 1 Bathesalonika 2:8 fa a ne a re: “E re ka re lo rata thata, re ne re ikemiseditse. . . go ntsha botshelo jwa rona gore re lo thuse.” Re ile ra bona gore bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona ba ne ba ikemiseditse go dira se se tshwanang, tota ba ne ba ikemiseditse go re swela ka go re sireletsa mo digongwaneng tse di kotsi. Nako nngwe Leann o ile a tshosediwa ke monna mongwe yo neng a tshwere panga. Ke ne ke sa kgone go mo thusa ka gonne ke ne ke le kwa karolong e nngwe ya motse. Ka bonako fela mokaulengwe mongwe o ile a tsena mo gare ga ga Leann le monna yoo. Fa ba bangwe ba ya go thiba monna yoo, mokaulengwe yoo o ne a setse a gobetse go se kae. Jehofa o ne a re tlhokomela letsatsi le letsatsi mo nageng eo e e tletseng thubakanyo, e le gore re kgone go nonotsha bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona.
Go ne go le thata go nna re itekanetse ka gonne go ne go se na mafelo a bookelo a le mantsi kwa Papua New Guinea. Ka 2010, Leann o ile a tshwaediwa ke mogare mme bolwetse joo bo batlile bo mmolaya. Re ile ra tshwanela ke go ya Australia gore a kgone go bona thuso ka bonako. Jehofa o ile a re thusa go ritibala. Dingaka di ile tsa kgona go thusa Leann. Ngaka nngwe e ile ya re: “Lo ntse lo direla Modimo. Jaanong Modimo o a lo thusa.” Morago ga dikgwedi di le dintsi re ile ra boela kabelo ya rona.
Mo Gontsi go go Dira Kwa Gae
Mo ngwageng o o latelang Leann o ne a tlhoka go nna a boela kwa Australia gore a bone dingaka. Ka 2012, lekala le ile la re bolelela gore re nne kwa Australia gore re bone thuso ka tsa kalafi. Re feditse dingwaga di le dintsi re sa tlhole re nna kwa Australia mme fa re boa, selo se se thata mo go rona e ne e se go fola mme e ne e le go akanya ka tsela e e siameng le go itumela. Go ne go utlwisa botlhoko go tlogela kabelo ya rona le bakaulengwe le bokgaitsadi ba re neng re ba rata thata. Re ne re ikutlwa e kete re paletswe le gore re ne re sa tlhole re le botlhokwa mo go Jehofa. Re ne re feditse nako e ntsi re sa tlhole re nna kwa Australia mme go ne go le thata go e tlwaela gape. Tota re ne re tlhoka thuso ya bakaulengwe le bokgaitsadi.
Fa Leann a sena go nna botoka, re ile ra direla re le babulatsela ba ba kgethegileng kwa Wollongong e e kwa borwa jwa Sydney kwa New South Wales. Morago ga ngwaga re ne ra itumelela go amogela taletso ya go ya Sekolong sa Baebele sa Banyalani ba Bakeresete (se jaanong se bidiwang Sekolo sa Baboledi ba Bogosi). Go tswa foo lekala la Australasia le ile la re naya kabelo ya go dira tiro ya go potologa. Re feditse dingwaga re etela diphuthego le ditlhopha kwa ditoropong tse di tlhanaselang, kwa ditoropong tse di kwa dikakeng le kwa metseng e go tshwarang ditlhapi gone. Gone jaanong re direla kwa bokonebophirima jwa Australia le kwa Timor-Leste.
Re rera kwa Timor-Leste
Ke dira le mosadi wa me, o a ntshegetsa e bile o rata Jehofa fela thata, tota mosadi wa me ke mpho e kgolo e e tswang kwa go Jehofa. Leann ga ise a ke a gane kabelo epe e re neng re e newa, go sa kgathalesege gore e thata go le kana kang. Fa mongwe a ne a mmotsa gore ke eng se se mo thusang go fenya dikgwetlho o ne a re, “Ke bolelela Jehofa sengwe le sengwe.” Mme fa a bala Lefoko la Modimo o letla Jehofa a kaela tsela e a akanyang ka yone, e a ikutlwang ka yone le e a dirang dilo ka yone.
Ga ke ikwatlhaele go bo ke ile ka letla Jehofa go kaela botshelo jwa me go na le go itirela leina mo go tsa metshameko. Ke bone gore Jehofa a ka kgona go re katisa go dira sengwe le sengwe se a se batlang, fa fela re amogela tiro e a re nayang yone ka go rata. Fa ke lebana le dikgwetlho kgotsa ke tlhoka go dira ditshwetso, ke ithutile gore ke tlhoka go bua le Jehofa mme ke mo kope gore a nneye botlhale le moya o boitshepo letsatsi le letsatsi. Rre wa rona yo lorato Jehofa o re neile botshelo jo bo itumedisang le jo bo kgotsofatsang mme re lebile pele go bona gore Jehofa o tla dira eng a dirisa rona, “dijana tsa letsopa”.—2 Bakorintha 4:7.
a Kgang ya botshelo jwa ga Max Lloyd e gatisitswe mo makasineng wa Tora ya Tebelo wa July 15, 2012, tsebe 17-21.
b Bona Buka ya Ngwaga ya Basupi ba ga Jehofa ya 2011 tsebe 129-134, go bala pego nngwe ya fa re ne re potologa re dirisa sekepe.
c Bona setlhogo se se reng “Go Etela Bakaulengwe ba Rona mo Lefelong le Lentle” se se mo makasineng wa Tora ya Tebelo wa March 1, 2010, tsebe 16-17.