KGANG YA BOTSHELO YA GA KAMAL VIRDEE
“Ke Godile ke sa Rate fa ba Bangwe ba sa Tshwarwe Sentle”
Ka August 1973, nna le bonnake ba babedi re ne ra ya Kopanong ya Boditšhabatšhaba ya “Phenyo ya Modimo” kwa Twickenham, England. Fa re le koo, re ile ra kopana le mokaulengwe Edwin Skinner, yo e neng e le morongwa kwa India go tloga ka 1926. Fa a lemoga gore re bua Se-Punjabi, o ne a re: “Goreng lo nna mo England? Tlang kwa India!” Ka jalo re ile ra ya, mme seo e ne e le tshimologo ya bodiredi jwa me mo tshimong ya Se-Punjabi. A ke lo tlotleleng se se ileng sa diragala pele ga puisano eno.
Ke tsholetswe kwa Nairobi, Kenya ka April 1951. Batsadi ba me ba ne ba tswa kwa India, mme e ne e le ba bodumedi jwa Se-Sikh. Rre o ne a nyala mosadi wa ga morwarragwe yo o tlhokafetseng, ka jalo o ne a na le basadi ba le babedi. Mama o ne a sa kgone go dira sepe ka kgang eno. Ene le mosadi wa ga Rre wa bobedi gantsi ba ne ba tshola bana ka nako e le nngwe. Ka jalo, re godile re le bana ba le supa mo lapeng, ke na le bonkgonne, bonnake le ntsalake. Rre o ne a tlhokafala ka 1964, fa ke na le dingwaga di le 13.
Ke ne Ke Batla Tshiamiso
Ke godile mo lelapeng le le neng le na le dikgotlhang di le dintsi, e bile ba bangwe ba ratiwa go feta ba bangwe. Moragonyana fa ke ithuta Baebele, ke ne ka lemoga gore tsela e ke godisitsweng ka yone e tshwana le pego ya ga Lea le Ragele. Ke ne ka lemoga gore ba lelapa la rona ba ne ba sa tshware Ba-Kenya ba ba neng ba bereka kwa gae sentle, e bile re rutiwa gore ga se batho ba sepe. Rre o ne a batla gore re nne ditsala le baagelani ba rona ba ba tswang Europe, ka gonne o ne a re re ka kgona go ithuta go le gontsi go tswa mo go bone. Le fa go ntse jalo, o ne a sa batle re nna ditsala le Maafrika ka gonne o ne a akanya gore ga go na sepe se re ka se ithutang mo go bone. Gape o ne a re kgothaletsa gore re se ka ra nna ditsala le batho ba ba tswang Pakistan, ka gonne o ne a re ke baba ba rona. Ke godile ke sa rate fa ba bangwe ba sa tshwarwe sentle, ka jalo ke ne ke sa dumalane le tsela e rre a neng a leba dilo ka yone.
Bodumedi jwa Se-Sikh bo simolotswe ke Guru Nānak mo e ka nnang ka ngwaga wa bo1500. Ke ile ka amogela dithuto tsa ga Nānak go akaretsa le thuto ya gore go na le Modimo a le esi. Le fa go ntse jalo, fa ke bona tsela e e sa siamang e Ba-Sikh ba neng ba tshwarana ka yone, ke ne ka simolola go ipotsa gore a jono ke bodumedi jo bo siameng.
Seo e ne e se sone fela selo se se neng se ntshwenya. Ka nako eo, bodumedi jwa Se-Sikh bo ne bo na le makgolo a dingwaga di se kae fela bo le gone, ka jalo gantsi ke ne ke ipotsa jaana: ‘A go ne go na le bodumedi jo bongwe pele ga jono? Ke tsela efe e Modimo a neng a batla go obamelwa ka yone?’ Lelapa la rona le ne le pegile dikhalendara mo loboteng tse di neng di na le ditshwantsho tsa baeteledipele ba bogologolo ba bodumedi jwa Se-Sikh. Le fa go ntse jalo, ke ne ke ipotsa go re: ‘Re itse jang gore ba ne ba lebega jang? Goreng re obama fa pele ga ditshwantsho tsa baeteledipele, le fa bone ba ne ba ruta gore go na le Modimo a le esi fela wa nnete?’
Lelapa la rona le ile la fudugela kwa India ka 1965, fa ke na le dingwaga di le 14. Fa re goroga koo, botshelo bo ne bo le thata ka gonne re ne re se na madi. Morago ga ngwaga re ile ra fuduga bobedi ka bobedi re ya kwa Leicester e e kwa England.
Fa ke na le dingwaga di le 16, ke ne ka simolola go bereka tiro ya diatla le go tsena sekolo sa bosigo gore ke feleletse dithuto tsa me. Mme ke ne ka lemoga gore babereki ba bangwe ba ne ba sa tshwarwe sentle. Ka sekai, babereki ba ba tsholetsweng mo England ba ne ba duelwa madi a a fetang a batho ba bangwe. E re ka ke ne ke batla gore batho botlhe ba tshwarwe sentle, ke ne ka tsenela mokgatlho o o lwelang ditshwanelo tsa babereki. Ke ne ka rulaganya gore basadi ba ke neng ke bereka le bone ba batswakwa, ba se ka ba bereka go fitlha ba duelwa madi a a lekanang le a batho ba naga eo. Ke ne ke batla gore batho botlhe ba tshwarwe sentle.
Ke ne Ka Bona Tharabololo
Ke kopane le Basupi ba ga Jehofa lekgetlho la ntlha ka 1968, fa banna ba babedi ba Basupi ba ne ba etetse kwa gae. Ke ne ka kgatlhwa ke tsholofetso ya gore Bogosi jwa Modimo bo tlile go dira gore go nne le tekatekano. Mongwe wa Basupi bao o ne a re etela gape a na le mosadi wa gagwe. Fa ke ne ke simolola go ithuta Baebele, bonnake e bong Jaswinder le Chani le bone ba ne ba simolola go ithuta. Morago ga go ithuta dikgaolo di le thataro fela, re ile ra tlhatswega pelo gore Jehofa ke Modimo wa boammaaruri le gore Baebele ke Lefoko la gagwe, e bile Bogosi jwa gagwe ke jone fela jo bo tla tlisang tshiamiso.
Le fa go ntse jalo, ba lelapa la rona ba ile ba re ganetsa fela thata. Morago ga loso lwa ga rre, morwarre yo mogolo, yo e neng e le ngwana wa mosadi wa ga rre wa bobedi, e ne ya nna ene yo o etelelang pele lelapa la kwa gae. Mmaagwe o ne a mo tlhotlheletsa gore a re ganetse. Morwarre o ne a betsa bonnake Jaswinder le Chani, a ba raga ka ditlhako tse di nang le tshipi kwa pele. E re ka ke ne ke na le dingwaga di le 18, o ne a itse gore fa a ka mpetsa ke ne nka mo tshwarisa, mme o ne a itse gore bonnake bone ba ne ba ka se kgone go mo tshwarisa. Nako nngwe o ne a tsaya Baebele a e bula, a e tshuba ka molelo mme a e baya fa pele ga difatlhego tsa bone, a bo a ba raya a re, “Kopang Jehofa wa lona gore a time molelo ono!” O ne a dira jalo ka gonne re ile ra ya dipokanong di le mmalwa mo sephiring. Tota rona, re ne re batla go obamela Modimo a le esi wa boammaaruri e leng Jehofa. Mme maemo a re neng re tshela mo go one a ne a dira gore go nne thata go mo obamela. Re ile ra tla ka leano la go tshaba kwa gae. Re kgonne go dira seo jang?
Re ne ra simolola go boloka madi mo sephiring. Re ne re tsaya madi a rona a dijo tsa motshegare, le madi a bese, mmogo le bontlha bongwe jwa lotseno lwa me lo ke neng ke tshwanetse go lo naya mosadi wa ga rre wa bobedi. Re ile ra reka disutukeisi tse tharo tse re neng ra di fitlha kwa lokhareng, mme ra nna re tsenya diaparo mo go tsone. Ka May 1972, fa Jaswinder a ne a tloga a tshwara dingwaga di le 18 re ne re na le madi a a lekanang le diranta di le 4 800, re ne ra palama terena e e yang kwa Penzance kwa borwabophirima jwa England. Fa re goroga koo, re ne ra founela Basupi ba mo lefelong leo. Bakaulengwe ba ne ba re amogela ka lorato. Re ne ra bona ditiro tse di farologaneng, jaaka go karapa ditlhapi le go di ntsha mala, fela gore re kgone go bona madi a go duela rente.
Re ile ra tswelela re ithuta Baebele le banyalani ba ba godileng, e bong Harry le Betty Briggs. Re ile ra kolobediwa ka September 1972, mo letangwaneng la go thuma le le neng le le ka fa tlase ga serala sa Holo ya Bogosi ya kwa Truro. Chani o ne a nna mmulatsela, mme nna le Jaswinder re ne ra mo tlhokomela ka dilo tse a neng a di tlhoka.
Go Direla Kwa go Nang le Tlhokego Gone
Le fa Harry le Betty, ba ne ba setse ba godile thata, ba ne ba rata go ya go rera kwa Ditlhaketlhakeng tsa Scilly, gaufi le lotshitshi lo lo kwa borwabophirima jwa England. Sekao sa bone se ile sa dira gore le rona re batle go dira se se tshwanang. Ka jalo ka 1973, fa re sena go tlotla le Mokaulengwe Skinner, yo ke buileng ka ene kwa tshimologong, re ne re itse se re tshwanetseng go se dira.
Ka January 1974, re ne ra reka dithekete tsa sefofane tsa go ya kwa New Delhi, kwa India, mme Mokaulengwe Dick Cotterill o ne a re letla go nna kwa legaeng la barongwa. Chani o ne a tswelela e le mmulatsela, mme nna le Jaswinder re ne re fetsa nako e ntsi kwa bodireding.
Moragonyana re ne ra bolelelwa gore re ye kwa Punjab, kwa bokonebophirima jwa India. Re ne ra nna lobakanyana kwa legaeng la barongwa kwa toropong ya Chandigarh, mme go tswa foo re ne ra hira folete. Ka September 1974 ke ne ka nna mmulatsela wa ka metlha, mme ka 1975 ke ne ka kopiwa go nna mmulatsela yo o kgethegileng. Fa re ntse re rera, ke ne ka lemoga gore go tlhokega dikgatiso tsa Se-Punjabi gore batho ba le bantsi ba kgone go ithuta ka lorato le tshiamiso ya ga Jehofa. Ka 1976, ofisi ya lekala ya kwa India e ne ya laletsa boraro jwa rona gore re tle go thusa go ranola dikgatiso ka Se-Punjabi. E re ka re ne re se na metšhini ya go thaepa le dikhomputara, tiro eno e ne e le bokete thata. Fa re ranola re ne re kwala, re bo re bala se re se kwadileng makgetlho a le mmalwa go tlhomamisa gore ga gona diphoso. Go tswa foo re ne re bereka le khampani ya mo lefelong leo e e dirang dikgatiso, e e neng e na le motšhini wa bogologolo wa go gatisa, o o neng o dirisa ditlhaka tsa tshipi tse di neng di rulaganngwa ka seatla (typesetting).
Phuthego ya rona ya kwa Chandigarh, kwa Punjab, India
Ke Itumelela Botshelo Le fa Ke na Le Mathata a Botsogo
Maemo a rona a ne a fetoga ka bonako. Jaswinder o ne a nyalwa mme a fudugela kwa Canada. Chani le ene o ne a nyalwa ke mokaulengwe wa Mojeremane yo o neng a tswa kwa United States, mme a fudugela koo. Ke ile ka lwala mme ka boela kwa England ka October 1976. Mmê le kgaitsadiake ba ba neng ba se kgatlhanong le se ke se dumelang ba ne ba ntetla gore ke tle go nna le bone kwa Leicester. Ke ne ka bolelelwa gore ke tshwerwe ke bolwetse jo bo sa tlwaelegang jo bo senyang disele tsa madi (Evans syndrome), mme ke ne ke tlhoka mefuta e e farologaneng ya kalafi, go akaretsa le go ntshiwa ga lobete. Ke ne ka tshwanelwa ke go tlogela bobulatsela.
Ke ile ka rapela Jehofa go tswa pelong, ke mmolelela gore fa nka nna botoka ke tla nna mmulatsela gape. Ke ile ka dira fela jalo. Le fa gone ke ne ke sa ntse ke lwala, ka 1978 ke ile ka fudugela kwa Wolverhampton, mme ka nna mmulatsela mo lefelong le go nang le batho ba le bantsi ba ba buang Se-Punjabi. Re ile ra kwalela batho ditaletso re ba laletsa go tla dipokanong, mme ra dira dikhopi kwa mabenkeleng a mo lefelong le re nnang mo go lone. Go tswa foo re ile ra di naya batho ba ba buang Se-Punjabi, re ba laletsa go tla go reetsa puo ya phatlalatsa. Gone jaanong go na le diphuthego di le tlhano le ditlhopha di le tharo tsa Se-Punjabi kwa Britain.
Lekala la Britain le ne le itse ka tiro ya me ya go ranola Se-Punjabi kwa India. Ka jalo, go ya kwa bowelong jwa bo1980, ofisi ya lekala e ne ya nkopa gore ke tle go thusa kwa Bethele. Ke ne ke thusa kwa Bethele ka go dira thulaganyo ya khomputara (software), di-font le melao e e neng e tla dirisiwa fa go gatisiwa dikgatiso tsa puo ya Se-Gurmukhi. Go ne go na le mo gontsi mo ke neng ke tshwanetse go go dira, ke ne ke bereka, ke tlhokomela mama le fa a ne a nna kgakala e bile ke thusa kwa Bethele. Le fa gone ke ne ke na le tiro e ntsi, ke ne ke itumelela go thusa kwa Bethele.
Fa ke ne ke katisiwa kwa Bethele ya London kwa bowelong jwa bo1980
Ka September 1991, ke ne ka lalediwa go ya go nna kwa Bethele le go thusa ka nako e e tletseng, ke thusa mo tirong ya go ranola dikgatiso tsa Baebele ka Se-Punjabi. Taletso eo e ne ya nkgakgamatsa tota. Ke na le mathata a botsogo, ke fetile dingwaga tse di batlegang gore motho a tshwanelege go nna kwa Bethele ka nako e e tletseng e bile ke ne ke ikutlwa ke sa tshwanelege. Mme gone, Jehofa o ile a nnaya tshono eno. Le fa gone ke ne ke itumelela go direla kwa Bethele, mathata a me a botsogo a ile a tswelela. Ke ile ka gana go tshelwa madi ka makgetlho a le mmalwa fa ke ne ke dira kalafi ya chemotherapy le dikalafi tse dingwe. Dingaka tsa malwetse a madi tse di neng di nthusa, di ile tsa kgatlhwa ke tsela e ke neng ke fola ka yone. Ba ile ba ntaletsa kwa bookelong bongwe jo bogolo kwa London, go tla kwa seminareng nngwe le batho ba bangwe ba ba berekang ka tsa kalafi ba le 40. Ke ile ka newa metsotso e le lesome go tlhalosa maitemogelo a ke nnileng le one ka go alafiwa go sa dirisiwe madi, go tswa foo mokaulengwe yo o tswang kwa Lephateng la Tshedimosetso Kaga Dikokelo o ne a araba dipotso tse di neng di bodiwa.
Mo dinakong tse di thata tse ke neng ka lebana le tsone, bonnake e bong Jaswinder le Chani ba ile ba nkema nôkeng, gape ke lebogela go bo lelapa la Bethele le ditsala tsa me ba ile ba ntshegetsa. Fa ke ntse ke lebane le diteko tseno, Jehofa o ne a nnaya maatla a gore ke kgone go tswelela ke dira kabelo ya me.—Pesalema 73:26.
Tshegofatso ya ga Jehofa e a Humisa
Mo dingwageng tse 33 tse ke di feditseng ke direla kwa Bethele, ke kgonne go ‘leka Jehofa mme ke bone gore o molemo.’ (Pesalema 34:8; Diane 10:22) Ke kgothadiwa ke go bona bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba godileng, ba sa ntse ba ikanyega mo go Jehofa. Ke itumela tota fa ke bona batho ba ke ithutileng Baebele le bone, ba ba buang Se-Punjabi ba direla Jehofa ka boikanyegi. Nna le bana ba ga mmê re a utlwana. Mama le kgaitsadiake ga se Basupi, mme gone mama o rata go re, “O ineetse mo Modimong tota.” E re ka mama a ne a setse a godile thata, nako nngwe ke ne ka batla go tlogela Bethele gore ke ye go mo tlhokomela, mme kgaitsadiake o ne a nthaya a re: “O se ka wa tlogela. O dira tiro e ntle.” Le fa mama a nna kwa lefelong la go tlhokomela bagodi le balwetse, le le kgakala le Bethele, ke nna ke mo etela fa go kgonega.
Nako le nako fa ke kopana le diteko mo botshelong, ke nna ke re: ‘O se ka wa boifa, Kamal. Jehofa ke thebe ya gago. Tuelo ya gago e tla nna kgolo thata.’ (Genesise 15:1) Ke leboga Jehofa “Modimo wa tshiamiso,” go bo a ile a mpontsha lorato fa ke ne ke sa ntse ke le mosetsanyana, le go bo a ile a nnaya tiro e e botlhokwa. (Isaia 30:18) Ke lebile pele go bona nako e ka yone go tla bong go se na “motho ope . . . yo o tla reng: ‘Ke a lwala.’”—Isaia 33:24.
Kwa Bethele ya Chelmsford