LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g 3/13 ts. 14-15
  • Robert Boyle

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Robert Boyle
  • Tsogang!—2013
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • MONNA WA SAENSE
  • MONNA WA TUMELO
  • Lenaane la Diteng
    Tsogang!—2013
  • Baebele ya ga Bedell
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2015
  • Go se Itshokele Bodumedi Jwa ba Bangwe Gompieno
    Tsogang!—1999
  • Motswedi o o Sa Tshwaneng le Ope wa Botlhale jwa Maemo A A kwa Godimo
    Lebaka la Go Bo Botshelo Bo le Gone Ke Lefe?
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—2013
g 3/13 ts. 14-15

TSA MALOBA

Robert Boyle

Batho ba ba ratang hisitori ba ka gakologelwa Robert Boyle e le moitsesaense yo Boyle’s law e neng ya teelelwa ka ene. Boyle’s law ke molao wa tlholego o o tlhalosang gore maatla a gase a amana jang le selekanyo sa yone. Tshedimosetso eno ya botlhokwa e a e ribolotseng e ne ya thaya motheo wa diphetogo tse dintsi tse di neng tsa latela tsa saense. Mme Robert Boyle e ne e se mankge mo go tsa saense fela. Gape go tsewa gore e ne e le monna yo o neng a na le tumelo e kgolo mo Modimong le mo Lefokong la Gagwe le le tlhotlheleditsweng e leng Baebele.

BOYLE o tsholetswe mo lelapeng le le humileng kwa Lismore Castle, kwa Ireland ka 1627. E ne e le fa go tloga go simologa motlha o borahisitori ba o bitsang motlha wa matlhale—nako e ka yone boramatlhale ba neng ba leka go ntsha batho mo mokgweng wa go tatalalela dilo tse motho a di dumelang, o o neng o dirile batho makgoba ka makgolokgolo a dingwaga. Boyle le ene o ne a na le boikaelelo joo. Mo pegong e a neng a e kwala ya botshelo jwa gagwe fa a ne a sa ntse a le mosha, o ne a ipitsa Philaretus, mo go kayang “Morati Wa se Se Molemo.”

Boyle o ne a na le keletso ya go ithuta boammaaruri mme gape o ne a na le keletso e kgolo fela jalo ya go bolelela ba bangwe sengwe le sengwe se a se ithutileng. O ne a nna mokwadi yo o atlegileng, yo dilo tse a neng a di kwala di neng tsa nna le tlhotlheletso e kgolo mo bathong ba le bantsi ba motlha wa gagwe, go akaretsa le rasaense yo o itsegeng e bong Sir Isaac Newton. Ka 1660, Boyle e ne e le mongwe wa bathei ba Royal Society, e e leng setheo sa saense se se sa ntseng se le gone kwa Lontone, kwa Engelane.

MONNA WA SAENSE

Boyle o tlhalosiwa e le mothei wa khemiseteri. O ne a dira dilo ka tsela e e farologaneng thata le ya baitse ba saense ya dikhemikale ba motlha wa gagwe. Bone ba ne ba boloka dilo tse ba di lemogileng mo dipatlisisong tsa bone e le khupamarama kgotsa ba di kwala ka mafoko a a bofitlha gore batho ba ba seng karolo ya dipatlisiso tsa bone ba se ka ba di tlhaloganya. Go farologana le bone, Boyle ene o ne a gatisa dintlha tsotlhe tsa tiro ya gagwe a sa fitlhe sepe. Mo godimo ga moo, go na le gore a amogele fela ditlhaloso tse di sa bolong go dumelwa, o ne a buelela gore go dirisiwe diteko tsa saense go tlhomamisa boammaaruri jwa kgang.

Diteko tsa ga Boyle di ne di buelela kgopolo ya gore dilo (matter) di bopilwe ka se a neng a se bitsa di-corpuscle, e leng dikarolwana tsa mofuta mongwe tse di kopanang ka ditsela tse di farologaneng go bopa dilo tse di farologaneng.

Tsela e Boyle a neng a dira dipatlisiso tsa saense ka yone e sobokantswe sentle mo bukeng ya gagwe e e itsegeng e e bidiwang The Sceptical Chymist. Mo bukeng eo o akantsha gore baitsesaense ba tile go ikgogomosa kgotsa go tatalalela se ba se dumelang mme ba iketleetse go amogela diphoso tsa bone. Boyle o ne a gatelela gore batho ba ba tatalalelang se ba se dumelang ba tshwanetse go farologanya ka kelotlhoko dilo tse ba itseng gore di boammaaruri le dilo tse ba akanyang gore di boammaaruri.

Boyle o ne a gatelela gore batho ba ba tatalalelang se ba se dumelang ba tshwanetse go farologanya ka kelotlhoko dilo tse ba itseng gore di boammaaruri le dilo tse ba akanyang gore di boammaaruri

MONNA WA TUMELO

Boyle o ne a dira dilo ka tsela e e tshwanang le eo mo dilong tse di amanang le Modimo. Se a neng a se ribolola ka lobopo mmogo le tsela e e jesang kgakge e ditshedi di bopilweng ka yone e ne ya mo tlhatswa pelo gore go tshwanetse ga bo go na le Motlhami le Mmopi. Ka jalo o ne a sa dumalane le moya wa go latola Modimo o o neng o ntse o ata gareng ga boramatlhale ba motlha wa gagwe. Boyle o ne a swetsa ka go re ga go na ope yo o dirisang tlhaloganyo ya gagwe a sa iphoufaletse boammaaruri yo o ka se dumeleng gore Modimo o teng.

Le fa go ntse jalo, Boyle o ne a sa akanye gore batho ba ne ba ka bona boammaaruri ka dilo tsa bodumedi ka botlhale jwa bone fela. O ne a bona go tlhokega gore Modimo a re senolele dilo ka tsela nngwe. O ne a re tshenolo eo ke Lefoko la Modimo, Baebele.

Boyle o ne a tlhobaediwa ke gore batho ba le bantsi ba ne ba sa itse dithuto tsa Baebele e bile go bonala ba se na motheo wa se ba se dumelang. O ne a ipotsa jaana: A tota go siame gore tumelo ya motho e theiwe fela mo go se batsadi ba gagwe ba se dumelang kgotsa gore e theiwe mo go reng o tsholetswe kae? Boyle o ne a simolola go nna le keletso e kgolo ya go batla go thusa batho gore ba oketse kitso ya bone ka Baebele.

Gore Boyle a fitlhelele seno, o ne a thusa ka madi gore Baebele e gatisiwe ka dipuo di le dintsi. Dipuo tseno di akaretsa dingwe tsa dipuo tsa batho ba ba tlholegang kwa Amerika Bokone mmogo le Searabia, Se-Ireland, Se-Malay le Se-Turkey. Ka jalo, Robert Boyle o ne a itshupa e le monna yo o boikokobetso yo o nang le talenta mme a na le keletso e kgolo ya go batla boammaaruri mo dilong tsotlhe le go thusa batho ba bangwe gore le bone ba dire jalo.

DINTLHA KA BOKHUTSHWANE:

  • O tsholetswe kwa Ireland ka 1627.

  • O bidiwa mothei wa khemiseteri.

  • Moitsesaense yo o itsegeng yo e neng ya nna ene wa ntlha go gatisa mekgwa e a neng a e dirisa go dira diteko tsa saense a tlhalosa dintlha ka botlalo.

  • Dilo tse a neng a di kwala di ne tsa nna le tlhotlheletso e kgolo mo go Sir Isaac Newton yo o neng a le mmotlana mo go ene mme a tshela mo motlheng wa gagwe.

  • O ne a thusa ka madi gore Baebele e ranolelwe mo dipuong di le dintsi.

  • O swetse kwa Engelane ka 1691 a na le dingwaga di le 64.

BAEBELE KA SE-IRELAND

Robert Boyle o ne a itse gore tota le ka bo1573, setlhopha sengwe sa bakanoki se ne se setse se simolotse go ranolela dikarolo dingwe tsa Baebele mo puong ya kwa Ireland. Ka 1602, ba ne ba gatisa karolo e e itseweng e le Tesetamente e Ntšha ka Se-Ireland. Moragonyana ka 1640, go ne ga wediwa thanolo ya Se-Ireland ya Dikwalo Tsa Sehebera tse di itseweng e le Tesetamente e Kgologolo. Thanolo eno ga e a ka ya gatisiwa go fitlha ka 1685, fa Boyle a sena go thusa ka madi gore porojeke eno e dirwe. Se se kgatlhang ke gore dibuka tsa dikwalo tse go sa tlhomamisiweng gore di boammaaruri le tsone di ne di ranoletswe mo puong ya kwa Ireland. Dikwalo tseno tse go sa tlhomamisiweng gore di boammaaruri ke motlobo wa dikwalo tse e seng karolo ya Baebele tse gantsi di pataganngwang le Baebele di bo di gatisiwa e le buka e le nngwe. Le fa go ntse jalo, e re ka Boyle a ne a rata boammaaruri, o ne a gana go gatisa dibuka tseo tse di seng boammaaruri.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela