LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w15 9/1 ts. 11-13
  • Baebele ya ga Bedell

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Baebele ya ga Bedell
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2015
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • GO GANEDIWA GO DIRISA PUO YA SE-IRELAND
  • POROJEKE YA BAEBELE YA GA BEDELL
  • KWA BOFELONG YA GATISIWA
  • KGATO E NNYE MME E LE BOTLHOKWA
  • Malatsi a Boikhutso a a Monate go Gaisa a Nkileng ka Nna le One!
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2012
  • Robert Boyle
    Tsogang!—2013
  • Ditiragalo Tsa Lefatshe
    Tsogang!—2010
  • Phitlhelelo e e Botlhokwatlhokwa mo Barating ba Lefoko la Modimo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1999
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2015
w15 9/1 ts. 11-13
Tsebe ya Baebele ya ga Bedell e e nang le leina Jehofa

Baebele ya ga Bedell Kgato e Nnye e e Thusitseng Batho go Tlhaloganya Baebele Botoka

FA MORUTI wa Moesemane e bong William Bedell a ya kwa Ireland ka 1627, o ne a gakgamadiwa ke maemo a koo. Ireland, e leng naga e kwa go yone batho ba le bantsi ba tsenang kereke ya Katoliki, e ne e busiwa ke Baporotesetanta ba Baboritane. Balweladiphetogo ba Baporotesetanta ba ne ba setse ba ranoletse Baebele mo dipuong tse di buiwang kwa Yuropa. Le fa go ntse jalo, go ne go bonala go se ope yo o neng a batla go e ranolela mo puong ya Se-Ireland.

Bedell o ne a akanya gore Ba-Ireland “ga ba a tshwanelwa go tlhokomologiwa ka gonne ba sa itse Seesemane.” O ne a swetsa ka go ranolela Baebele mo puong ya Se-Ireland. Mme o ne a ganediwa botlhoko, segolobogolo ke Baporotesetanta. Ka ntlha yang?

GO GANEDIWA GO DIRISA PUO YA SE-IRELAND

William Bedell

Bedell o ne a go dira maikarabelo a gagwe go ithuta Se-Ireland. Fa a nna moeteledipele wa Trinity College kwa Dublin le morago ga go nna bishopo wa kereke ya Kilmore, o ne a kgothaletsa baithuti go dirisa puo ya Se-Ireland. Tota e bile, fa Kgosigadi Elizabeth I wa kwa Engelane a ne a tlhama Trinity College, o ne a direla gore go nne le baruti ba ba neng ba ka ruta babusiwa ba gagwe molaetsa wa Baebele ka puo ya bone. Bedell o ne a leka go dira seo.

Kwa kerekeng ya Kilmore, batho ba le bantsi ba ne ba bua Se-Ireland. Ka jalo, Bedell o ne a batla gore go nne le baruti ba ba neng ba ka kgona go bua Se-Ireland. O ne a ikuela kwa balaoding a tlhotlhelediwa ke mafoko a ga moaposetoloi Paulo a a mo go 1 Bakorintha 14:19 a a reng: “Bogolo ke tla bua mafoko a le matlhano ka mogopolo wa me mo phuthegong, gore gape ke tle ke rute ba bangwe ka molomo, go na le mafoko a le dikete di le lesome ka teme,” e leng ka puo e e sa tlhaloganngweng sentle.

Le fa go ntse jalo, batho ba ba nang le taolo ba ne ba dira sotlhe se ba ka se kgonang go mo thibela. Baitsehisitori ba re batho bangwe ba ne ba re go dirisa Se-Ireland go ne go le “kotsi mo Pusong” mme ba bangwe ba re “go ne go le kgatlhanong le Puso.” Bangwe bone ba ne ba re go tla solegela Engelane molemo go tlhokomologa Ba-Ireland. Tota e bile, go ne ga dirwa melao e e neng ya thibela Ba-Ireland go dirisa puo le meetlo ya bone, gore ba ithute ba bo ba dirise Seesemane le go latelela mekgwa ya sone.

POROJEKE YA BAEBELE YA GA BEDELL

Bedell ga a ka a kgobiwa marapo ke dikgopolo tseo. Mo masimologong a bo1630, o ne a simolola go ranolela Baebele ya Seesemane se se neng se buiwa ka nako eo (King James Version ya 1611) mo puong ya Se-Ireland. O ne a batla go dira Baebele e e neng e tla tlhaloganngwa ke batho ba le bantsi. O ne a itse gore batho ba ba neng ba sa itse Seesemane ba ka se kgone go bona ditemana tse di tla ba thusang go bona tsela ya botshelo jo bo sa khutleng fa fela Baebele e ise e ranolelwe mo puong ya bone.—Johane 17:3.

Bedell e ne e se motho wa ntlha go lemoga seno. Dingwaga di ka nna 30 pelenyana, bishopo mongwe e bong William Daniel, o ne a bone kafa go neng go le thata ka gone go ithuta Baebele ka puo e e sa tlhaloganngweng. Daniel o ne a setse a ranotse Dikwalo Tsa Bokeresete Tsa Segerika ka Se-Ireland. Bedell ene o ne a ranola Dikwalo Tsa Sehebera. Baebele ya ga Bedell e akaretsa thanolo ya gagwe le ya ga William Daniel. Go bonala Baebele ya ga Bedell—Baebele ya ntlha e e feletseng ka Se-Ireland—e ne e le yone fela Baebele e e ranoletsweng mo puong ya Se-Ireland ya bo ya dirisiwa dingwaga di le 300 tse di latelang.

Bedell, yo o neng a itse Sehebera, o ne a kopa Ba-Ireland babedi gore ba mo thuse go ranolela Seesemane mo puong ya Se-Ireland. Fa ba ntse ba tsweletse ka tiro ya bone, Bedell o ne a sekaseka le go tlhabolola temana nngwe le nngwe a na le bathusi ba babedi ba ba ikanyegang. Gore ba bone tshedimosetso e e oketsegileng, ba ne ba leba thanolo ya moithutabodumedi wa Mo-Switzerland e bong Giovanni Diodati, Septuagint ya Se-Gerika le Baebele ya bogologolo ya Mokwalo wa Seatla ya Sehebera.

Setlhopha seno se ne sa etsa baranodi ba Baebele ya King James Version (bontsi jwa ba Bedell a ka tswang a ne a ba itse) mme ba tsenya leina la Modimo mo Baebeleng ya bone. Ka sekai, mo go Ekesodo 6:3, ba ranotse leina la Modimo e le “Iehovah.” Mekwalo ya seatla ya ga Bedell e bolokilwe kwa Laeboraring ya Marsh, Dublin, kwa Ireland.—Bona lebokose le le reng “Go Gopola Tiro ya ga Bedell.”

KWA BOFELONG YA GATISIWA

Bedell o ne a fetsa porojeke ya gagwe mo e ka nnang ka 1640. Mme o ne a ka se kgone go e gatisa ka yone nako eo. Goreng? Ka gonne o ne a sa ntse a ganediwa. Batshwayadiphoso ba ne ba gogagoga leina la moranodimogolo wa ga Bedell mo seretseng ka maikaelelo a go senya tiro ya gagwe. Ba ile ba dira gore a tsenngwe mo kgolegelong ka gonne ba ne ba mo latofatsa ka gore ke motho yo o kotsi. Mo godimo ga moo, Bedell o ne a iphitlhela a le mo gare ga batho ba ba bogale ba ba neng ba nna kgatlhanong le Seesemane, go simologa ka 1641. Ba-Ireland ba koo ba ne ba sireletsa Bedell le fa e ne e le Moesemane ka gonne ba ne ba lemogile gore o a ba kgathalela. Kgabagare masole a batsuolodi a ne a mo tsenya mo kgolegelong a lwala. Ga go pelaelo gore seno ke sone se se dirileng gore a swe ka bonako ka 1642. Ga a ka a bona Baebele ya gagwe e gatisiwa.

1. Tsebe ya setlhogo ya mokwalo wa seatla wa Baebele ya ga Bedell; 2. Baebele ya ga Bedell e e gatisitsweng ka 1685

Tsebe ya setlhogo ya mokwalo wa seatla wa Baebele ya ga Bedell, ya 1640, le Baebele e e gatisitsweng ka 1685

Tiro ya ga Bedell e batlile e senyega gotlhelele fa ntlo ya gagwe e ne e phuruphutshiwa le go senngwa. Se se itumedisang ke gore tsala ya gagwe e ne ya kgona go boloka makwalo otlhe a a neng a a ranotse. Moragonyana, Narcissus Marsh, yo o neng a nna bishopomogolo wa Armagh e bile e le moruti yo o itsegeng thata wa Kereke ya Ireland, o ne a bona makwalo ao. Moitsesaense e bong Robert Boyle o ne a mo thusa ka madi mme ka bopelokgale a gatisa Baebele ya ga Bedell ka 1685.

KGATO E NNYE MME E LE BOTLHOKWA

Baebele ya ga Bedell ga e a ka ya tlotlomadiwa lefatshe lotlhe. Le fa go ntse jalo, e ne e le kgato e nnye mme e le botlhokwa e e thusitseng batho go tlhaloganya Baebele botoka, segolobogolo batho ba ba buang Se-Ireland—e seng fela kwa Ireland mme kwa Scotland le kwa dinageng tse dingwe. Jaanong ba ne ba kgona go atamalana le Modimo ka gonne ba ne ba bala Baebele ka puo ya bone.—Mathaio 5:3, 6.

“Fa re ne re bala Baebele ya ga Bedell, re ne re utlwa molaetsa wa Baebele ka puo ya rona. Eno e ne e le kgato e e botlhokwa e e buletseng nna le lelapa la me tsela ya go ithuta boammaaruri jo bo mo Baebeleng”

Baebele ya ga Bedell e thusitse batho ba ba ratang boammaaruri go dira se se siameng go tla go fitlha gompieno. Monna mongwe yo o buang Se-Ireland, yo bosheng jaana a ithutileng se tota Baebele e se rutang, a re: “Fa re ne re bala Baebele ya ga Bedell, re ne re utlwa molaetsa wa Baebele ka puo ya rona. Eno e ne e le kgato e e botlhokwa e e buletseng nna le lelapa la me tsela ya go ithuta boammaaruri jo bo mo Baebeleng.”

Go Gopola Tiro ya ga Bedell

Ekesodo 6:3 mo Baebeleng ya Maynooth

EKESODO 6:3 BAEBELE YA MAYNOOTH

Dingwaga di ka nna 300 morago ga go gatisiwa ga Baebele ya ga Bedell ka 1685, ga go Baebele epe e e neng ya gatisiwa ka Se-Ireland. Mme ka 1981, baithuti ba Katoliki ba ne ba gatisa Baebele ya Maynooth, e leng thanolo ya bosheng ya puo ya Se-Ireland. Mo ketapeleng ya yone, Baebele ya Maynooth e tlhalosa gore ke “selo se segolo se se fitlheletsweng ke Kereke ya Ireland fa e ne e gatisa Baebele ya yone ka lekgolo la bo 17 la dingwaga.” Tota eo e ne e le thanolo ya ga Bedell, go fitlha bosheng jaana Kereke ya Katoliki e thibela balatedi ba yone go e bala.

Ekesodo 6:3 mo Baebeleng ya ga Bedell

EKESODO 6:3 BAEBELE YA GA BEDELL

Baithuti ba ba kwadileng Baebele ya Maynooth, ba gatisitse dikgatiso dingwe tsa bone ka 1971. Nngwe ya tsone ke Pentatúc (Pentateuch), e leng dibuka tsa ntlha tse tlhano tsa Baebele. Baithuti bao ba Bakatoliki ba ne ba kwala mafoko a a reng “Go gopola William Bedell” mo teng ga tsebe ya yone ya ntlha, e le go gopola tiro e Bedell a neng a e dira.

Baranodi ba Pentatúc ba dirisitse lereo la Se-Ireland e leng “Iávé” le le kayang leina la Modimo gongwe le gongwe kwa le neng le tlhaga gone mo Dikwalong Tsa Sehebera, mme la emisediwa ke ditlhaka tse nnè e leng YHWH. Dikai di ka bonwa mo go Ekesodo 6:2-13. Ka maswabi, fa Baebele e e feletseng ya Maynooth e ne e gatisiwa, bakwadi ba yone ba ne ba swetsa ka go ntsha leina la Modimo gotlhelele mo thanolong ya bone mme ba le emisetsa ka “an Tiarna” (Morena).

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela