LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g 7/13 ts. 4-5
  • Fa Ngwana e le Sebeto

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Fa Ngwana e le Sebeto
  • Tsogang!—2013
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • KGWETLHO
  • Ruta Ngwana Gore a go Reetse
    Tsogang!—2015
  • “Motšhini o o Ithutang O o E Gaisang Yotlhe mo Lefatsheng”
    Tsogang!—2011
  • Melemo ya go Itse go Itshwara
    Tsogang!—2019
  • Kafa o ka Sireletsang Bana ba Gago ka Teng
    Tsogang!—2007
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—2013
g 7/13 ts. 4-5

GO THUSA LELAPA | GO GODISA BANA

Fa Ngwana e le Sebeto

KGWETLHO

Fa ngwana wa gago wa dingwaga di le pedi a tenega, o a goa, o itaaganya maoto fa fatshe le go kgatikanya matsogo. O ka nna wa ipotsa jaana: ‘A ngwanake o siame? A o ipetola ka ntlha ya sengwe se se phoso se ke se dirang? A o tla tlogela mokgwa ono fa a ntse a gola?’

O ka kgona go thusa ngwana wa gago wa dingwaga tse pedi go fetola mokgwa wa gagwe. Le fa go ntse jalo, sa ntlha sekaseka gore ke eng se se ka tswang se dira gore a ipetole.

LEBAKA LA GO BO GO DIREGA

Fa bana ba sa ntse ba le bannye ga ba kgone go laola maikutlo a bone sentle. Seo ka bosone fela se ka dira gore ba ipetole gangwe le gape. Mme go na le mabaka a mangwe a a ka dirang gore ba ipetole.

Akanya ka phetogo e e diregang mo ngwaneng fa a le dingwaga di ka nna pedi. Go tloga fela fa a ne a tsholwa, batsadi ba gagwe ba ne ba mo direla sengwe le sengwe. Ka sekai, fa a lela, ba ne ba tla ba tabogile. ‘A ngwana o a lwala? A o tlhoka go jesiwa? go kunkurediwa? go tsetololwa?’ Batsadi ba ne ba dira sengwe le sengwe se se tlhokegang go tokafatsa seemo. Mme seo se ne se tshwanela ka gonne losea lo ne lo ikaegile gotlhelele ka batsadi ba lone.

Le fa go ntse jalo, fa ngwana a na le dingwaga di ka nna pedi, o simolola go lemoga gore batsadi ba gagwe ga ba tlhole ba mo direla sengwe le sengwe se a se batlang jaaka pele. E bile tota, mo boemong jwa gore ba mo neye se ene a se tlhokang, ba lebeletse gore ene a dire se ba se batlang. Jaanong dilo di fetogile mme ngwana wa dingwaga tse pedi a ka nna a se ka a amogela phetogo eo motlhofo fela—a ka nna a ipetola.

Gantsi fa nako e ntse e ile ngwana o amogela ntlha ya gore batsadi ba gagwe ke batho ba ba mo kaelang, e seng fela ba ba mo tlhokomelang. Gongwe a ka nna a simolola go lemoga gore o tshwanetse go ‘utlwa batsadi ba gagwe.’ (Bakolosa 3:20) Fa ngwana a ise a lemoge seo, a ka fedisa batsadi ba gagwe pelo ka go nnela go ipetola.

SE O KA SE DIRANG

Leka go tlhaloganya. Ngwana wa gago ga se mogolo. E re ka a ise a kgone go laola maikutlo a gagwe sentle, a ka nna a feteletsa dilo fa a tenegile. Leka go tlhaloganya tsela e a lebang dilo ka yone.—Molaomotheo wa Baebele: 1 Bakorintha 13:11.

Ritibala. Fa ngwana wa gago a ipetola, go galefa go ka se go thuse ka sepe. Leka kafa o ka kgonang ka teng gore o tlhokomologe go ipetola ga gagwe mme o se ka wa tseega maikutlo. Go gopola gore ke ka ntlha yang fa ngwana a ipetola go tla go thusa gore o nne o ritibetse.—Molaomotheo wa Baebele: Diane 19:11.

O se ka wa ineela. Fa o ineela o bo o dira sengwe le sengwe se ngwana wa gago a se batlang, a ka nna a ipetola gape nako e e tlang fa a batla sengwe. Bontsha ngwana wa gago o ritibetse gore o tiisitse ka se o se buang.—Molaomotheo wa Baebele: Mathaio 5:37.

Go gopola gore ke ka ntlha yang fa ngwana a ipetola go tla go thusa gore o nne o ritibetse

Nna pelotelele. O se ka wa solofela gore ngwana wa gago o tla tlogela go ipetola ka bonako, bogolo jang fa o mo tlwaeditse go mo naya sengwe le sengwe se a se batlang fa a ipetola. Le fa go ntse jalo, fa o tsiboga ka tsela e e tshwanetseng e bile e le ka tsela e e tshwanang ka metlha, bobeto bo ka nna jwa fokotsega. Kgabagare bo tla fela gotlhelele. Baebele ya re: “Lorato lo pelotelele.”—1 Bakorintha 13:4.

Gape leka go dirisa dikakantsho tse di latelang:

  • Fa ngwana wa gago a simolola go ipetola, mo tlamparele (fa go kgonega), o mo thibele gore a se ka a kgatikanya matsogo mme o sa mo utlwise botlhoko. O se ka wa mo kgadiepetsa. Leta fela go fitlha dilo di boela meriting. Kgabagare ngwana o tla lemoga gore go ipetola ga go a mo thusa ka sepe.

  • Tlhopha lefelo le o tla laelang ngwana wa gago gore a nne kwa go lone fa a ipetola, jaaka kwa kamoreng. Mmolelele gore a ka tswa mo go lone fela fa a setse a ritibetse mme o mo tlogele teng foo.

  • Fa ngwana wa gago a ipetola mo gare ga batho, mo ntshe fa pele ga bone. O se ka wa ineela fela ka gonne a go tsenya matlho a batho. Seo se ka dira fela gore a akanye gore a ka bona sengwe le sengwe se a se batlang fa a ipetola.

DITEMANA TSA KONOKONO

  • “E rile ke sa ntse ke le ngwana, ka bo ke bua jaaka ngwana, ke ikutlwa jaaka ngwana, ke akanya jaaka ngwana.”—1 Bakorintha 13:11, Baebele ya Tswana Central.

  • “Temogo ya motho ruri e fokotsa bogale jwa gagwe.”—Diane 19:11.

  • “A lefoko la lona la Ee le reye Ee, Nnyaa wa lona, Nnyaa.”—Mathaio 5:37.

O SE KA WA FETOGELA SE O SE BUILENG!

“Nako le nako fa ke utlwa motsadi a ngongorega a re ngwana ga a reetse fa a tewa go twe nnyaa, ke tshegela mo pelong. Seo se a ntshegisa ka gonne gantsi mafoko ao a tlhalosa go le gontsi ka motsadi, e seng ngwana. Ka metlha ngwana yo o sa reetseng fa a tewa go twe nnyaa o a bo a na le batsadi ba ba sa kgoneng go bua jalo ba tiisitse. Ga se gore ngwana ga a reetse fa go twe nnyaa, ke fela gore ga go na se se mo tlhomamisetsang gore motsadi o tiisitse fa a rialo.”—John Rosemond, New Parent Power!

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela