LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g 5/15 ts. 8-9
  • Ruta Ngwana Gore a go Reetse

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Ruta Ngwana Gore a go Reetse
  • Tsogang!—2015
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • KGWETLHO
  • Kgalemelo E e Ka Thusang
    Tsogang!—2015
  • Thapisa Ngwana wa Gago go Tloga Boseeng
    Sephiri sa Boitumelo mo Lelapeng
  • Kafa o ka Sireletsang Bana ba Gago ka Teng
    Tsogang!—2007
  • Fa Ngwana e le Sebeto
    Tsogang!—2013
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—2015
g 5/15 ts. 8-9
Mosimanyana a gana go reetsa mmaagwe

GO THUSA LELAPA | GO GODISA BANA

Ruta Ngwana Gore a go Reetse

KGWETLHO

Wena le ngwana wa gago wa dingwaga di le nnè lo lwetse ruri, mme go bonala ngwana wa gago a nna a fenya.

  • Fa o mmolelela gore a dire sengwe se a sa batleng go se dira, o a go tlhokomologa.a

  • Fa o mmolelela gore a se ka a dira sengwe se a batlang go se dira, o a ipetola.

O ipotsa gore, ‘A ke karolo ya go gola? A ke solofele gore o tla tlogela mokgwa ono fa a ntse a gola?’

O ka kgona go ruta ngwana wa gago gore a go reetse. Mme pele re tlotla kafa o ka dirang seo ka gone, mma re bone lengwe la mabaka a a ka dirang gore a se ka a go reetsa.

LEBAKA LA SENO

Fa ngwana wa gago a sena go tsholwa, o ne o mo direla sengwe le sengwe. O ne o dira se a se batlang. O ne a lela, o bo o taboga o batla go bona gore o tlhoka eng. Ke boammaaruri gore o ne o tshwanetse go dira jalo. Lesea le tlhoka gore motsadi a nne a le beile leitlho.

Le fa go ntse jalo, morago ga dikgwedi di le dintsi a tlhokometswe jalo, ke ga tlholego gore ngwana a itshware jaaka e kete ke mong wa ntlo mme batsadi ke batlhanka ba ba ikobelang ditaelo tsa gagwe. Gantsi fa ngwana a nna le dingwaga di le pedi, o simolola go lemoga gore: “Taolo” ya gagwe e fedile. Batsadi ga ba tlhole ba dira se a se batlang; ba lebeletse gore a dire se ba se batlang. Seno se ka mo tlhakanya tlhogo! Bangwe ba a ipetola. Ba bangwe ba gana taolo ya batsadi ba bone ka go se ba reetse.

Ka nako eno e e thata, motsadi o tshwanetse go diragatsa seabe sa gagwe se sesha sa go naya ngwana ditaelo tse di tlhamaletseng tsa se a batlang gore a se dire. Mme go tweng fa ngwana a gana kgotsa a itlhokomolosa ditaelo, jaaka go bontshitswe mo tiragalong e e kwa tshimologong?

SE O KA SE DIRANG

Dirisa taolo ya gago. Ngwana wa gago ga a kitla a akanya gore o na le taolo fa a sa bone o e dirisa. Ka jalo, dirisa taolo ya gago ka tekatekano. Mo dingwageng tsa bosheng, baitse bangwe ba dirile gore lefoko “taolo” le lebege e le bosetlhogo. Mongwe wa bone a re taolo ya batsadi ke “sengwe se se kgatlhanong le melao ya setšhaba” e bile “ga e a siama.” Go letlelela sengwe le sengwe go ka dira gore bana ba se ka ba itse gore ba itshware jang, ba itirele maratwaepelo ba bo ba batle go laola. Mme seo se ka se dire gore ba gole ba na le maikarabelo.—Molaomotheo wa Baebele: Diane 29:15.

Mo kgalemele. Dikishinare nngwe ya re kgalemelo ke “thapiso e e dirang gore motho a ikobele melao kgotsa a itshware sentle e bile gantsi fa melao eo e tlolwa go nna le kotlhao.” Ke boammaaruri gore kgalemelo ga e a tshwanela go fetelediwa kgotsa go nna setlhogo. Ka fa letlhakoreng le lengwe, ga e a tshwanela go tsewa e se botlhokwa, go na le moo e tshwanetse go thusa ngwana go tlhaloganya sentle se batsadi ba se batlang le gore a fetole tsela e a dirang dilo ka yone.—Molaomotheo wa Baebele: Diane 23:13.

Tlhamalala. Batsadi bangwe ba kopa bana ba bone gore ba ba reetse. (“Ke kopa o phepafatse kamore ya gago tuu.”) Gongwe ba akanya gore fa ba dira jalo, ba a bo ba bontsha maitseo. Le fa go ntse jalo, seno se ka dira gore bana ba se ka ba reetsa batsadi le gore ba se ka ba akanyetsa diphelelo tsa go sa dire se batsadi ba se batlang. Go na le go tlhokomologa taolo ya gago, naya bana ditaelo tse di tlhamaletseng.—Molaomotheo wa Baebele: 1 Bakorintha 14:9.

Tlhomama. Fa o sa letle ngwana gore a dire sengwe, o se ka wa fetola mogopolo, mme tlhomamisa gore wena le molekane wa gago lo a dumalana. Dira se o rileng o tla se dira fa a sa reetse. O se ka wa ngangisana le ngwana wa gago kgotsa wa nna le metlotlo e e sa feleng ya gore ke eng fa o dirile tshwetso eo. Fa o dira gore ‘Ee wa gago a reye Ee, le Nnyaa wa gago, Nnyaa’ seo se tla tlhofofaletsa wena le ngwana wa gago dilo.—Jakobe 5:12.

Mo rate. Lelapa ga se kwa go itirelwang maratwaepelo gone kgotsa kwa go nang le melao e e gagametseng. Go na le moo, ke thulaganyo ya Modimo e mo go yone bana ba kaelwang ka lorato gore ba gole ba na le maikarabelo. E re ka kgalemelo e le karolo ya thulaganyo eo, e tla dira gore ngwana wa gago a go reetse le go lemoga gore o a mo rata.

a Le fa re bua ka ngwana wa mosimane, melaometheo e go buiwang ka yone mono e dira le mo basetsaneng.

DITEMANA TSA KONOKONO

  • “Mosimane yo o tlogelelwang fela o tla tlhabisa mmaagwe ditlhong.”—Diane 29:15.

  • “O se ka wa thibela kotlhao mo mosimaneng.”—Diane 23:13.

  • ‘Fa . . . o sa bue puo e e tlhaloganyesegang motlhofo, go tla itsiwe jang gore ke eng se se buiwang?’—1 Bakorintha 14:9.

TSHEDIMOSETSO E E OKETSEGILENG

Fa o batla tshedimosetso e e oketsegileng ya gore melaometheo ya Baebele e ka thusa batsadi jang, tsena mo Web site ya rona ya jw.org/tn. Leba DITHUTO TSA BAEBELE > BANYALANI & BATSADI. O tla bona ditlhogo tse di jaaka:

  • “Fa Ngwana e le Sebeto”

  • “Go Raya Ngwana o re Nnyaa”

  • “Ruta Bana ba Gago Botlhokwa Jwa Boitsholo jo bo Siameng”

  • “Fa Ngwana wa Gago a Bua Maaka”

  • “Tsela ya go Kgalema Ngwana wa Gago wa Mosha”

Bona le setlhogo sa ka fa ntle sa makasine wa Tsogang! wa April 2015 se se reng “Goreng Bana ba sa Kgalemelwe?”

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela