LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g 7/13 ts. 10-11
  • Katse ya Motlhaba E e Bonwang Sewelo

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Katse ya Motlhaba E e Bonwang Sewelo
  • Tsogang!—2013
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2002
  • Dithota Tse di Fetofetogang Tsa Namibia
    Tsogang!—2001
  • Gore o Tswelele O na Le Tsala, o Tshwanetse go Nna Botsalano
    O ka Kgona go Nna Tsala ya Modimo!
  • Ditedu Tsa Katse
    Tsogang!—2015
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—2013
g 7/13 ts. 10-11

Katse ya Motlhaba e e Bonwang Sewelo

Fa katse ya motlhaba e sena go dusa mo e ka nnang ka dikgwedi di le pedi, gantsi e tsala dikatsana di ka nna tharo

MO GARE ga sekaka se se omeletseng, mo lefifing la bosigo, katse ya motlhaba e supologa mo mosimeng wa yone e bo e ema go se nene. E leba kwa le kwa e bo e thaakanya ditsebe. Go tswa foo e a boba, e bo e kukuna go ralala lefelo le le tletseng motlhaba.

Ka tshoganyetso, katse eno ya motlhaba e pharumela phologotswana e e e tsomang—peba e kgolo ya kwa sekakeng e e bidiwang gerbil—e e neng e itebetse. Morago ga moo e tswelela ka go tsoma bosigo jotlhe e ntse e tlolela kwa godimo e tshwara diphologolo tse dingwe tse e di jang. Fa katse ya motlhaba e tshwara dijo tse dintsi tse e ka se kgoneng go di fetsa, e epela tse di setseng mo motlhabeng. Ka makuku, e boela mo mosimeng wa yone mme ga se gantsi e tswa motshegare. Ela tlhoko dintlha dingwe tse di kgatlhang ka phologolo eno e e bonwang sewelo.

  • Katse eno e thusiwa ke go nna tsebe ntlha ga yone go utlwa gore diphologolo tse e di tsomang di kwa kae, tota le fa di le ka fa tlase ga motlhaba

  • Fa e tonanyana e batla e namagadi, e dira modumo wa segalo se se kwa godimo o e keteng wa go bogola. E re ka e namagadi e le tsebe ntlha, e kgona go utlwa modumo ono e le kgakala

  • Moriri o o ka fa tlase ga maroo a katse ya motlhaba o dira gore e se ka ya totomela mo motlhabeng gape o sireletsa maroo fa motlhaba o le tsididi kgotsa o le mogote thata

  • Mo teng ga tsebe nngwe le nngwe go na le moriri o mosweu o o kitlaneng, o o sireletsang katse mo motlhabeng o o phailwang ke phefo

  • Ga go motlhofo go tsaya katse ya motlhaba ka motlhala ka gonne moriri o o kitlaneng o o ka fa tlase ga maroo a yone o dira gore motlhala wa yone o se ka wa bonala sentle

  • Dikatse tsa motlhaba di kgona go tshela ka metsi a di a bonang mo diphologolong tse di di jang

  • Motlhaba wa Sekaka sa Kara-Kum o kgona go fitlha go mogote wa didikirii tsa Celsius di le 80. Ka dinako tse dingwe go a tle go nne botsididi jwa didikirii tsa Celsius di le -25

DINTLHA KA BOKHUTSHWANE

  • Kwa katse ya motlhaba e fitlhelwang gone: Kwa bogareng jwa Sahara, go ralala Arabia le kwa dikarolong dingwe tsa Asia Bogare

  • Boima: E tonanyana e dikilogerama di le pedi go ya go di le tharo

  • Bogolo jwa yone: Disentimetara di le 40 go ya go di le 57

  • Mogatla: Disentimetara di le 20 go ya go di le 30

  • Mokgwa wa yone: Fa e bapisiwa le dikatse tse dingwe tsa naga tse gantsi di leng bogale, yone e bokgwabo

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela