Dithota Tse di Fetofetogang Tsa Namibia
KA MOKWADI WA TSOGANG! MO AFRIKA BORWA
TSELA e motaki yono a takang ka yone e a fetoga ka dinako tsotlhe, mme le fa go ntse jalo, tiro ya gagwe e feleletsa e le e e kgatlhang thata. O taka ka motlhaba. Motaki yono ke mang? Ke phefo, e e bopang dithota tse di fetofetogang tsa motlhaba ka tsela e e kgatlhang thata. Gongwe sebopego se se itsiweng go di gaisa tsotlhe se e se bopang ke sa ngwedi o o sephatlo. Letlhakore la “thota ya motlhaba” le le lebileng kwa phefo e tswang teng le na le mokgokolosa o o sa sekamang thata. Letlhakore le le lebileng kwa phefo e yang teng lone le na le motlhatlogo o o sekameng thata o mokhutshwane. Setlhoa sa thota eno ya motlhaba se lebega se le motsu jaaka legare, mme motsu oo o nyelela ka bonako fa o ragiwa ke tlhako ya phologolo fa e feta.
Sekaka sa Namib se se kwa borwabophirima jwa Afrika ke lefelo le le siameng le motho a ka bonang dithota tseno tsa motlhaba tse di fetofetogang kwa go lone. Se na le dithota tsa motlhaba tse di goletseng kwa godimo go feta tse dingwe tsotlhe mo lefatsheng, tse di fitlhang kwa bogodimong jwa dimetara di le 400. Le fa go ntse jalo, Sekaka sa Namibia se sennye thata fa se bapisiwa le dikaka tse dikgolo mo lefatsheng. Se simolola kwa Lewatleng la Atlantic mme se dimetara di le 160 go tswa kwa lotshitshing se bo se nna boleele jwa dikilometara di le 1 900.
Tiro ya Bataki ba Bangwe
Phefo ga se yone fela motaki yo go buiwang ka ene mo ‘lefelong le le kgakala leno la dipontsho tsa tiro ya botaki.’ Fa re leba dithota tseno tsa motlhaba ka kelotlhoko thata, re tla bona ditiro tse dingwe gape tse di kgatlhang tse di dirilweng ke bataki ba bangwe. Ka sekai, o ka nna wa bona sengwe se se lebegang jaaka keetanenyana e telele e tshesane e latlhetswe fela mo motlhabeng. Fa o ema sebakanyana, o ka nna wa bona le bataki ba tshwaregile mo tirong ya bone. “Keetanenyana” eno e dirwa ke metlhala ya dikhukhwane fa di ntse di tsamaya mo motlhabeng bosigo. Gaufi le ‘keetanenyana eno’ go na le mola o o tlhamaletseng wa dilo tse di lebegang e le dikhutinyana tse dinnye mo motlhabeng. Le tsone ke metlhala ya dirunya tse di neng di tsamaya di ntse di tlola. Go ise go ye kae, o lemoga gore lefelo le le kgakala leno la dipontsho tsa tiro ya botaki le le neng le lebega e le sekaka fela le tletse ka ditshedi.
Go ela kwa bokone, gaufi le lotshitshi lo lo bidiwang Skeleton Coast, o ka kgona go bona tiro e nngwe e e dirilweng ke bataki ba mo sekakeng. Ba tshwara motlhaba makgwakgwa, mme diphelelo tsa teng ke tlhakantsuke fela. Bona! Ke bao ba etla, ba tla ba tlola mo dithoteng tsa motlhaba. Selo se le sengwe se re tlhomamisegang ka sone ke gore ba itumedisiwa thata ke se ba se dirang. Dibopiwa tse dikgolo tseno di fologa mo thoteng ya motlhaba ka lobelo lo lo gakgamatsang, di kubueditse lorole mo dintlheng tsotlhe. Ga di tle di taboga fela, gape di a relela, di goga maoto a a kwa morago a a tlang a epa mesele mo motlhabeng. Di tabogela kwa mogobeng o o fa gaufi, di tlolela mo teng ga one di bo di tshameka jaaka bananyana ba ba itumetseng. Bataki bano, e leng ditlou tsa Afrika, nngwe le nngwe ya tsone e boima jwa ditone di le thataro!
Motaki mongwe yo o sa tlwaelegang yo o dirang dilo ka tsela e e gakgamatsang thata, le fa gone a se makgwakgwa go le kalo, ke noga e e bidiwang lebolobolo la Péringuey. Matshwao a e a dirang mo motlhabeng a lebega e kete ke ditlhokwa tse dintsinyana tse di sa tlhamalalang. Noga eno e dira matshwao ano fa e ntse e gopa e tsamaya ka lekeke. Go ise go ye kae metlhala ya yone e a fela, mme le yone ga e sa tlhole e bonala. E ile kae? Fa o leba ka kelotlhoko thata, o tla bona matlho a mabedi a masesane a go lebile a tlhagile mo motlhabeng. Mmele otlhe wa yone o nweleletse mo motlhabeng. E nna jalo e iphitlhile, e letetse dijo ka bopelotelele—tse gantsi e leng mokgantitshwane fa o feta.
Gongwe matshwao mangwe a a fitlhelwang mo motlhabeng one ga a kgatlhe go le kalo. Ke metlhala e mekima ya dithaere tsa sekuta sa maotwana a mararo se ka mo go kgethegileng se diretsweng gore se kgone go tsamaya mo motlhabeng ono. Motho le ene o tlogetse matshwao a gagwe foo.
Motaki yo o Dirang Diphetogo Tse di sa Feleng
Bataki ba bangwe, bao ba leng bantsi thata go ka ba umaka botlhe, le bone ba tlogela matshwao a bone mo metlhabeng eno. Ba akaretsa botshukudu, ditau, dithutlwa le bophokoje ba ba bonwang kwa serapeng sa diphologolo se se gaufi le Skeleton Coast.
Le fa go ntse jalo, phefo ke yone motaki yo mogolo. Ke yone e laolang gore lefelo leno lotlhe le lebega jang mme e fetola dipopego tsa lone kafa e batlang ka gone. E dira diphetogo e sa fetse. Fa o ka boela kwa lefelong leno morago ga ngwaga, o tla fitlhela gore ka nako ya fa o ne o seyo, dithota dingwe tsa motlhaba di sadile di gola go fitlha di nna bogodimo jwa dimetara di le 30! Ke se diphefo tsa kwa Namibia di kgonang go se dira.
[Mmapa mo go tsebe 17]
(Go bona mokwalo o o feletseng, leba kgatiso)
AFRIKA
NAMIBIA
[Setshwantsho mo go tsebe 16]
Serunya
[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 16]
Des and Jen Bartlett