LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g95 11/8 ts. 19-21
  • Go Taka ke Eng?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Taka ke Eng?
  • Tsogang!—1995
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Tlhalosa Botaki
  • Motaki wa Tsone
  • Motaki yo o Tlhokomologilweng go Gaisa Botlhe mo Motlheng wa Rona
    Tsogang!—1995
  • Go Direla Motaki yo Mogolo go Gaisa Botlhe
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1990
  • Ke ne Ka Tlhopha Tiro e e Botoka
    Tsogang!—2010
  • Mokgabisi yo Mogolo—Jehofa!
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1989
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—1995
g95 11/8 ts. 19-21

Go Taka ke Eng?

KA MMEGADIKGANG WA TSOGANG! KWA SPAIN

KE SELO sefe se sentle go gaisa se o kileng wa se bona? A e ne e le phirimo ya letsatsi kwa boboatsatsi, mogolagang wa dithaba tse di apesitsweng ke kapoko, dithunya tse dintle mo sekakeng, mebala e mentle ya sekgwa ka nako ya letlhabula?

Bontsi jwa rona re itumelela go gakologelwa ditiragalo tse di neng tsa re kgatlha ka nako ya fa re ne re gapilwe maikutlo ke bontlentle jwa lefatshe. Fa go kgonega, re itumelela go etela mafelo a a tshwanang le paradaise fa re le mo malatsing a boikhutso mme re leka go tsaya mafelo a re tla nnang re a gakologelwa senepe.

Nako e e tlang fa o leba bontlentle jwa tlhago o ka ipotsa dipotso. A o ne o se kitla o utlwa gore go na le sengwe se se tlhaelang fa e re o ile lefelong la dilo tse di takilweng o bo o fitlhela setshwantsho sengwe le sengwe sa teng se kwadilwe go twe “Ga go Itsewe Mong wa Sone”? Fa o ne o ka kgatlhiwa ke bontle jwa setshwantsho sengwe se se takilweng kwa ditshupong, a o ne o se kitla o batla go itse gore se takilwe ke mang? A re tshwanetse go kgotsofalela go leba bontlentle jwa dilo tse di mo lefatsheng mme re bo re tlhokomologa Motaki yo o di dirileng?

Ke boammaaruri gore, batho bangwe ba re ga gona selo se go tweng ke botaki mo dilong tsa tlhago—ba re go taka ke selo se se dirilweng ka botswerere ke motho e bile ke tsela ya gagwe e a akanyang dilo ka yone. Lefa go ntse jalo, go tlhalosa botaki jalo gongwe ke tsela ya go sa akanye dilo sentle. Mme gone, botaki ke eng?

Go Tlhalosa Botaki

Go bonala botaki bo ka se ka jwa tlhalosiwa ka tsela e e ka kgotsofatsang batho botlhe. Mme nngwe ya ditlhaloso tse di molemolemo ka gone e bonwa mo go Webster’s Ninth New Collegiate Dictionary, e bolela gore botaki ke “go dirisa botswerere le bokgoni jwa go akanya ka kelotlhoko, segolobogolo ka maikaelelo a go tshwantsha sengwe se sentle thata.” Go ya ka tlhaloso eno, re kgona go bona gore motaki o tlhoka go nna le botswerere le bokgoni jwa go tlhama dilo. Ka go dirisa dinonofo tseno tse pedi, a ka dira selo se batho ba bangwe ba ka se itumelelang le go se kgatlhegela thata.

A botswerere le bokgoni jwa go tlhama di bonwa fela mo dilong tsa botaki tse di dirilweng ke batho? Kgotsa a di ka bonwa le mo dilong tsa tlhago tse di re dikologileng?

Dikgwa tse di goletseng kwa godimo tsa California tsa logong lo lohibidu, dithotana tsa korale tsa kwa Pacific, maphothophoto a a boitshegang a dikgwa tsa pula le metlhape e e boitshegang ya diphologolo tsa Afrika ke dilo tse di botlhokwa thata mo bathong ka ditsela tse dintsi, di gaisa setshwantsho sa “Mona Lisa.” Ka ntlha ya seo, UNESCO (United Nations Educational, Scientific, and Cultural Organization) e ile ya tlhoma Redwood National Park kwa U.S.A.; Iguaçú Falls kwa Argentina/Brazil; Great Barrier Reef kwa Australia le Serengeti National Park kwa Tanzania go nna bontlhanngwe jwa “Boswa Jwa Lefatshe” jwa motho.

Dilo tseno tse dintle tsa tlhago o di fitlhela di bapisitswe le difikantswe tse di dirilweng ke batho. Ka ntlha yang? Maikaelelo ke gore go ngomaelwe sengwe le sengwe “se se botlhokwa thata mo lobopong lotlhe.” UNESCO e bolela gore go sa kgathalasege gore a selo se sentle se go buiwang ka sone ke sefikantswe sa Taj Mahal kwa India kana dithaba tsa Grand Canyon kwa U.S.A., se tshwanetse go bolokelwa dikokomana tsa mo isagweng.

Lefa go ntse jalo, ga o tlhoke go ya kwa diparakeng tsa tlhago go bona maatlametlo a popo. Sekai se segolo ke mmele wa gago. Babetli ba ditshwantsho ba bogologolo ba Bagerika ba ne ba leba tsela e motho a leng ka yone e le sekai sa tiro ya botaki e ntle go gaisa mme ba ne ba kgaratlhela go bo etsa ka botlalo ka mo ba neng ba ka kgona ka teng. Ka kitso e re nang le yone gone jaanong kaga tsela e mmele o dirang ka yone, re ka tlhaloganya botoka gore go ile ga tlhokega bokgoni jo bogolo go le kae fa o ne o tlhamiwa le go bopiwa.

Go tweng ka botswerere jwa go tlhama? Leba maatlametlo a diphuka tse di tšharologileng tsa phikoko, tsela e e manontlhotlho e tšheshe ya rosa e thunyang ka yone kana tsela e nonyane ya hummingbird e tsapogang ka bofefo ka teng. Ruri bontle joo e ne e le tiro ya botaki le e leng pele ga e takiwa go nna setshwantsho kana e tsewa senepe. E ne ya re fa mokwadi mongwe wa National Geographic a sena go kgatlhiwa thata ke makantsa a sethunya sa masukutshwane, o ne a botsa rasaense mongwe yo mosha kaga lebaka la go bo di dirilwe. O ile a araba fela a re: “Di senola bokgoni jwa Modimo jwa go akanya.”

Tlhago ga ya tlala fela ka botswerere le bokgoni jwa go tlhama, gape e ile ya nna motswedi wa tlhotlheletso mo bathong ba ba takang. Auguste Rodin, yo e leng motaki yo o itsegeng thata wa kwa Fora, o ne a re: “Motaki ke tsala e kgolo ya tlhago. Dithunya di tlotla le ene ka tsela e ntle e di obegang ka yone le tsela e di thunyang bontle ka yone ka mebalabala e e farologaneng.”

Bataki bangwe ba tlhalosa ka tlhamalalo kafa ba nang le go palelwa ka teng go etsa bontle jwa tlhago ka botlalo. “Tiro ya mmatota ya botaki, ke setshwantsho fela sa bontle jo bo maatlametlo thata jo bo dirilweng ke Modimo,” Michelangelo, yo o tsewang e le motaki yo o gaisang botlhe ba ba kileng ba nna gone, o ne a ipolela jalo.

Borasaense le bataki ba ka gakgamadiwa thata ke bontle jwa tlhago. Mo bukeng ya gagwe ya The Mind of God, porofesa wa fisikisi ya mathematiki e bong Paul Davies, o tlhalosa gore, “tota le balatolamodimo ba ba tlhogoethata gangwe le gape ba na le go nna le se se bidiwang gore ke go sisimoga tlhago, go e kgatlhegela le go tlotla tsela e e dirilweng ka botlhale le bontle ka yone, ka tlotlo e e tshwanang le ya batho ba bodumedi.” Seno se re ruta eng?

Motaki wa Tsone

Moithuti wa botaki o ithuta sengwe ka motaki gore a kgone go tlhaloganya sengwe ka se a se takileng. O lemoga gore selo se a se takileng se senola sengwe ka mong wa sone. Tlhago le yone e senola sengwe ka botho jwa yo o e takileng e bong Modimo Mothatayotlhe. “Dilo tse di sa bonaleng tsa one, . . . di bonala sentle . . . ka dilo tse di dirilweng,” Paulo o ne a tlhalosa jalo. (Baroma 1:20) Mo godimo ga moo, Modiri wa lefatshe o itsege sentle. Jaaka Paulo a ile a bolelela borafilosofi ba Athena ba motlha wa gagwe, “[Modimo ga o] kgakala le mongwe le mongwe wa rona.”—Ditiro 17:27.

Tiro ya botaki ya Modimo e e mo dilong tse a di bopileng ga ya dirwa kwantle ga maikaelelo kana gone go itlhagela fela. Mo godimo ga gore e dira gore botshelo bo nne monate, gape e senola botswerere le bokgoni jwa go tlhama le botlhale jo bogolo jwa Motaki yo mogolo go gaisa botlhe, Motlhami wa Lobopo, Jehofa Modimo. Setlhogo se se latelang se tla tlhalosa kafa tiro eno ya botaki e ka re thusang ka teng go itse Motaki yono yo Mogolo botoka.

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 19]

Musei Capitolini, Roma

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela