Mokgabisi yo Mogolo—Jehofa!
“BAKGABISI ba taka ditshwantsho tse dintsi tsa go tlhaba le go phirima ga letsatsi, mme ditshwantsho tsa bone di rekisiwa makgolo, le eleng diketekete tsa didolara. Lefa go le jalo, jehofa Modimo, Mokgabisi YO Mogolo le Mosimolodi wa go phirima le go wela ga letsatsi, o re naya se le sengwe letsatsi le letsatsi—mahala. Dilo tsa mmatota di gaisa dikaelo fela thata. A seo ga se a tshwanela go re naya lebaka la go mo anaanela jaaka Mmopi?” Go ne ga bua jalo molebedi mongwe yo o etang wa Basupi ba ga jehofa mo puong ya gagwe mo phuthegong nngwe kwa Hawaii.
Mosadi mongwe yo o sa dumeleng gore Modimo o gone, yo a neng a etetse Holo ya Bogosi la ntlha, o ne a le teng gare ga bareetsi. O ne a tlhokomela seo modihedi yono a neng a se bua, mme o ne a sala a ntse a belaela fela thata gore a Modimo o gone. Lefa go ntse jalo, fa a ne a kgweetsa koioi ya gagwe a lebile gae go tswa tirong, mo a ka nnang dingwaga tse pedi morago ga foo, o ne a emisiwa ke dikoloi di le dintsi ka e ne ale nako ya fa batho botlhe ba tswa kwa ditirong. Seno se ne sa dira gore a bone go phirima go go gakgamatsang ga letsatsi. Kakanyo ya gagwe e ne ya boela kwa puong ya molebedi yole wa potologo.
O anela jaana: “Go na le go fela pelo ka go bo ke emisitswe ke dikoloi tse dintsi, ke ne ka lebelela go phirima go gontle ga letsatsi, mme ke ne ka gakologelwa seo sebui se neng sa se bua mabapi le go anaanela jehofa Modimo jaaka Mokgabisi le Mmopi. Go ne ga ntira gore ke akanye, ‘Gongwe seo a neng a se bua se boammaaruri; eleruri gongwe go na le Mmopi.’ Ke ne ka akanya jalo fa ke ntse ke ya gae, mme ke ne ka leletsa tsala e e neng e kile ya ntaleletsa kwa Holong ya Bogosi mogala gone bosigo joo. Ke ne ka simolola go ithuta Bibela, mme jaanong ke obamela jehofa jaaka Modimo le Mmopi wa me.”
Fela jaaka mopesalema, mosadi yono o ne a seka a anaanela jehofa jaaka Mokgabisi yo Mogolo wa lobopo fela mme o ne a mo opelela dipako. Mopesalema o ne a kwala jaana: “Lo baken Yehofa to le kwa magodimon . . . Lo mmaken letsatsi le kgwedi; to mmaken lona lotlhe dinaledi tsa lesedi . . . A cotlhe di bake leina ya ga Yehofa: gonne o na a laola, me tsa tlholega.”—Pesalema 148:1-5.