LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w90 4/1 ts. 21-22
  • Go Direla Motaki yo Mogolo go Gaisa Botlhe

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Direla Motaki yo Mogolo go Gaisa Botlhe
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1990
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Taka ke Eng?
    Tsogang!—1995
  • Motaki yo o Tlhokomologilweng go Gaisa Botlhe mo Motlheng wa Rona
    Tsogang!—1995
  • Ke ne Ka Tlhopha Tiro e e Botoka
    Tsogang!—2010
  • Sengwe se se Nnelang Ruri go Feta Botaki
    Tsogang!—2007
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1990
w90 4/1 ts. 21-22

Go Direla Motaki yo Mogolo go Gaisa Botlhe

FA KE santse ke le mosetsanyana wa dingwaga di le supa, ke ne ka simolola go ipotsa jaana: ‘Ke ka ntlhayang fa ke tshwanetse go swa? A loso le ka kgonwa go tilwa?’ Ke ne ke boleletswe gore Modimo o ne o tsaya batho ba ba siameng ka go bo a ne a batla go nna le bone kwa legodimong. Ke santse ke gakologelwa mongwe mo tlelaseng ya rona a re: “Go botoka go nna motho yo o bosula ka gonne batho ba ba molemo ba swa pele!”

Ke ne ke rata go tshwantsha, ka jalo ke ne ka simolola go ithuta botaki. Ga ke a ka ka bona tshono ya go sekaseka dikgang dipe fela tsa bodumedi lefa e le go bona nako ya go bo kgatlhegela fa ke santse ke le kwa sekolong. Ebile tota, ke ne ke tlhola ke bolelela ditsala tsa me gore go nna modumedi ga o tlhoke go nna botlhale. Fa ke fetsa dithuto tsa me tsa botaki, ke ne ka bona phatlha ya go dira jaaka morutisi wa botaki kwa sekolong se segolo.

Ke ne ke rata tiro ya me mme ke ne ke kgatlhegela dibuka tsa Setadiana le dibuka tsa dinaga di sele, mmino wa diletso le simfone, le opera. Sengwe sa bodumedi se ke neng ke se ithuta mo lobakeng loo e ne e le ditshwantsho tsa bataki ba dinako tse di fetileng. Ke ne ka itse gore go ntse jang go kgatlhegelwa ke batho, go phasalatsa tiro e e leng ya gago, le go tseelwa kwa godimo, go bakiwa, le go kgatlhegelwa jaaka motaki.

Ka nako eo, tiro ya botaki e ne e le botlhokwa thata mo go nna, ereka e ne e le gone koo ke neng ke bona boipelo jo bogolo mo botshelong. Mme dipotso tse ke neng ka di botsa fa ke na le dingwaga di le supa di ne di santse di le mo kakanyong ya me. Ke ne ke batla sengwe se se boteng ke sa lape, sengwe seo ke neng ke ise ke kgone go se tlhalosa. Ke ne ke le mmadi yo o tlhaga mme ke ne ke botsa batlhalefi gore ba ntlhalosetse. Ke ne ke dira sotlhe se ke se kgonang go bona dikarabo tse di tlhomameng tsa dipelaelo tsa me.

Ke ne ke santse ke tlhakantswe tlhogo ke seno fa ke nyalwa. Morago ga go tshola morwadiake, ke ne ka simolola go batla boammaaruri ka tlhoafalo. Ke ne ke leka go bo bona mo botaking, ka go kwala maboko, ka go reetsa mmino, le go bala dibuka. Nako le nako fa ke ne ke ya kwa moletlong wa mmino ke reeditse mafoko a a simololang a pina, ke ne ke akanya ka Modimo, Mogodimodimo yo ke neng ke sa mo itse, mme ke mo leboge. Mo lobakeng loo gantsi ke ne ke baka Modimo ka dilo tse dintle tseo di neng di nkgatlha—ngwanake fa a robetse, le mebalabala ya naga. “Abo go utlwisa botlhoko jang ne,” ke ne ke tlhola ke bua jalo, “gore botaki jo bo ka tshwantshang dilo tse dintsi tse dintle, bo ne bo dirisiwa thata go tlhalosa loso go na le botshelo!” Mangwe a maboko a a gaisang le ditiro tsa botaki ke difela tse di buang ka go lebelela dilo tse di bosula kana tse di utlwisang botlhoko mme dingwe tsa ditshwantsho tse dintle go gaisa o fitlhela di tlotlomatsa loso go na le botshelo le bontle jwa bone. Ka ntlhayang?

Dikgopolo tse di ganetsanang tseno di ile tsa nkgoba marapo, mme ke ne ka tswelela ka go nna le maikutlo a a sa siamang ka bonya ka bonya. Basupi ba ga Jehofa ba ne ba kokota fa kgorong ya me ka yone nako eno. Fa ke ntse ke ba reeditse go ne go lebega ekete ba bua le nna ka puo e ntšha. Ditsholofetso tsa Modimo tsa go dira lefatshe paradaise di ne di utlwala jaaka mmino o o monate mo ditsebeng tsa me. Ke ne ka simolola go bala Bibela. Ke koo kgabagare ke neng ka bona dikarabo tsa dipotso tseo ke neng ke ntse ke di botsa go tloga fa ke le dingwaga di le supa. Modimo ga o batle gore motho a swe, mme o ikaeletse go segofatsa batlhanka ba ba ikanyegang ba gagwe, a ba naya botshelo jo bo sa khutleng mo lefatsheng!

E ne e le ka 1973. Ke ne ka ineela mo go Jehofa ngwaga o o latelang mme ka kolobediwa. Go ne go se motlhofo go fetoga go tswa go go nna mafega le go amega ka bonako go ya go go nna le moya wa lorato lwa boammaaruri lwa bokaulengwe, go iteba ke le esi ke sa kgathalele ope, ka moya wa go intsha setlhabelo! Ke ne ka tshwanela go iitatola. Basupi ba ga Jehofa ba ile ba nthusa thata, fela jaaka dipokano tse di tshwarelwang kwa Holong ya Bogosi le tsone di nthusitse.

Motaki yo Mogolo o tlositse dipelaelo tsa me le dilo tse di neng di nkgakgamatsa. Abo ke mo leboga jang ne! Ke ka gone moo, ke ileng ka dira jaaka mmulatsela wa ka metlha go tloga ka September 1984, ke senya dioura di le 90 ke rera mafoko a a molemo a Bogosi jwa Modimo.

Go direla Motaki yo Mogolo le Mmopi, Jehofa, le lelapa la me eleruri go a kgotsofatsa. Re lebeletse ka tlhagafalo nako ya fa a tla bo a tshwantsha setshwantsho se sentle go gaisa, fa kgabagare a tla bo a tlosa tsamaiso e kgologolo le e e boikepo e e aparetseng lefatshe leno. Loso lo tla bo lo seyo, mme botaki bo tla bo bo bua ka botshelo fela. Ka nako eo go tla bo go tshwantshiwa bontle fela, ka go bo tlhakatlhakano le botlhoko di ka se tlhole di nna gone mo tsamaisong e ntšha ya Modimo ya dilo.—E neetswe.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela