LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g 8/13 ts. 12-13
  • A o Tshwanetse go Dumela Tharonngwe?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • A o Tshwanetse go Dumela Tharonngwe?
  • Tsogang!—2013
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • A JESU KE MODIMO?
  • LEBAKA LA GO BO O TSHWANETSE GO AMEGA
  • Tumelo ya Motheo ya Nicaea ya re:
  • Baebele ya re:
  • Thuto ya Tharonngwe e simologile leng le gone jang?—Karolo 4
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1992
  • Thuto ya Tharo-Nngwe E Nnile Gone Jang?
    A O Tshwanetse Wa Dumela Tharo-Nngwe?
  • Dipotso Tsa Thuto ya Boroutšhara ya A O Tshwanetse Wa Dumela Tharo-Nngwe?
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1990
  • Karolo 1—A Jesu le Barutwa ba Gagwe Ba ne Ba Ruta Thuto ya Tharonngwe?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1991
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—2013
g 8/13 ts. 12-13

A o Tshwanetse go Dumela Tharonngwe?

Batho ba feta dibilione di le pedi ba ipolela gore ke Bakeresete. Bontsi jwa bone ba tsena dikereke tse di rutang Tharonngwe—thuto ya gore Rara, Morwa le moya o o boitshepo ke Modimo a le mongwe. Go tlile jang gore Tharonngwe e nne thuto ya motheo? Sa botlhokwa le go feta, a thuto eno e dumalana le se se mo Baebeleng?

BAEBELE e ne ya wediwa go kwalwa mo lekgolong la ntlha la dingwaga C.E. Dithuto tse di feletseng ka gore go nne le thuto ya Tharonngwe di ne tsa simolola go tlhamiwa ka 325 C.E.—dingwaga di feta makgolo a le mabedi Baebele e sena go wediwa—kwa lekgotleng le le neng le tshwaretswe kwa Asia Minor kwa toropong ya Nicaea e gone jaanong e bidiwang Iznik, kwa Turkey. Go ya ka New Catholic Encyclopedia, thuto e go akanngwang gore e dirilwe kwa Lekgotleng la Nicaea e ne ya ntsha tlhaloso ya ntlha ya dithuto tsa motheo tsa kereke, tse di neng di akaretsa tlhaloso ya Modimo le Keresete. Mme gone, ke ka ntlha yang fa go ne go tsewa go tlhokega gore go tlhalosiwe Modimo le Keresete makgolokgolo a dingwaga Baebele e setse e kwadilwe? A Baebele ga e na tlhaloso e e utlwalang sentle ka dintlha tseno tsa botlhokwa?

A JESU KE MODIMO?

Fa Constantine a ne a simolola go busa Mmusomogolo wa Roma a le esi, batho ba ba iphakang gore ke Bakeresete ba ne ba sa dumalane ka gore Modimo o amana jang le Keresete. A Jesu e ne e le Modimo? A kgotsa o bopilwe ke Modimo? Constantine o ne a rarabolola kgang eno ka go biletsa baeteledipele ba kereke kwa Nicaea, e se ka gonne a batla boammaaruri ka kgang eno, mme e le ka gonne a ne a sa batle gore bodumedi bo kgaoganye mmusomogolo wa gagwe.

“Mo go rona, go Modimo o le mongwe fela, e bong Rara.” —1 Bakorintha 8:6, Baebele e e Boitshepo

Constantine o ne a kopa babishopo, ba palo ya bone e ka tswang e ne e le makgolo a le mmalwa, gore ba dumalane ka tshwetso, mme kopo ya gagwe e ne ya itaya sefololetse. Morago ga moo, o ne a akantsha gore lekgotla le dire tumalano e e sa utlwaleng sentle ya gore Jesu ke “motho a le mongwe fela” (homoousios) le Rara. Filosofi eno ya Segerika e e sa tsweng mo Baebeleng e ne ya simolola thuto ya Tharonngwe e moragonyana e neng ya tlhalosiwa mo dithutong tsa motheo tsa kereke. Tota e bile, kwa bofelong jwa lekgolo la bonè la dingwaga, thuto ya Tharonngwe e ne e setse e tlhalosiwa ka tsela e e tlhalosiwang ka yone gompieno, e e akaretsang moya o o boitshepo, o go tweng ke karolo ya boraro ya modimo o o dikarolo di tharo.

LEBAKA LA GO BO O TSHWANETSE GO AMEGA

Jesu o ne a re ‘baobamedi ba boammaaruri ba tla obamela Rara ka moya le boammaaruri.’ (Johane 4:23) Boammaaruri joo bo kwadilwe mo Baebeleng. (Johane 17:17) A Baebele e ruta gore Rara, Morwa le moya o o boitshepo ke batho ba le bararo mo Modimong a le mongwe?

Sa ntlha, ga go na gope mo Baebele e umakang lefoko “Tharonngwe” gone. Sa bobedi, Jesu ga a ise a ko a re o lekana le Modimo. Go na le moo, Jesu o ne a obamela Modimo. (Luke 22:41-44) Bosupi jwa boraro bo amana le kamano e Jesu a neng a na le yone le balatedi ba gagwe. Tota le fa Jesu a sena go tsosiwa mo baswing a bo a ya legodimong, o ne a bitsa balatedi ba gagwe a re ke “bomorwarre.” (Mathaio 28:10) A e ne e le bomorwarraagwe Modimo Mothatayotlhe? Legoka! Mme e re ka ba ne ba na le tumelo mo go Keresete—Morwa wa Modimo wa leitibolo—le bone ba ne ba nna barwa ba Rre yo o esi. (Bagalatia 3:26) Bapisa ditemana tse di latelang le mafoko ano a a tserweng mo thutong e go tweng e dirilwe kwa Lekgotleng la Nicaea.

Tumelo ya Motheo ya Nicaea ya re:

“Re dumela mo . . . Moreneng a le esi Jesu Keresete . . . yo a leng mongwe fela le Rara, Modimo wa Modimo, Lesedi la Lesedi, Modimo tota wa Modimo tota.”

Baebele ya re:

  • “Rara o mogolo bogolo go nna [Jesu].”—Johane 14:28.a

  • “Ke [Jesu] tlhatlogela kwa go Rre, le Rraeno, le kwa go Modimo wa me, le Modimo wa lona.”—Johane 20:17.

  • “Mo go rona, go Modimo o le mongwe fela, e bong Rara.”—1 Bakorintha 8:6.

  • “A go bakwe Modimo le Rra Morena wa rona Jesu Keresete.”—1 Petere 1:3.

  • “Yo e leng Amene [Jesu], yo e leng . . . tshimologo ya lobopo lwa Modimo, o bua dilo tse.”—Tshenolo 3:14.b

a Mokwalo o o sekameng ke wa rona. Ditemana tsotlhe tse di mo karolong eno di tserwe mo thanolong ya Baebele e e Boitshepo.

b Buka e e dirisediwang go ithuta Baebele ya Totatota Baebele e Ruta Eng? e na le dithuto tseno tse pedi: “Dithuto Tsa Boammaaruri ke Dife ka Modimo?” le “Jesu Keresete ke Mang?” O ka ikopela buka eno mo Basuping ba ga Jehofa kgotsa wa e bala mo atereseng ya Internet ya www.jw.org/tn.

DINTLHA KA BOKHUTSHWANE:

  • Thanodi ya The New Westminster Dictionary of Church History ya re: “Tumelo ya Motheo ya Nicaea ga e a dirwa ke Lekgotla la Ntlha la Nicaea (325) . . . mme e dirilwe ke Lekgotla la Ntlha la Constantinople (381).”

  • “Ka 325 Lekgotla la Nicaea le ne la bolela tsela ya go tlhalosa [se morago se neng sa itsege e le thuto ya Tharonngwe] fa le ne le re Morwa ke ‘motho a le mongwe fela . . . le Rara.’”—Encyclopædia Britannica.

Lekgotla la ntlha la Nicaea (setshwantsho sa motaki) le ne la simolola se moragonyana e neng ya nna thuto ya Tharonngwe

“Baebele ya Bokeresete, go akaretsa le Tesetamente e Ntšha, ga e na mo e umakang tharonngwe gone kgotsa e tlhalosang Modimo e le tharonngwe.”—Encyclopædia Britannica.

“Thuto ya tharonngwe . . . ga se thuto e e tswang mo metlheng ya bogologolo ya Bokeresete, e bile ga go na gope mo e ileng ya tlhalosiwa sentle gone pele ga bofelo jwa lekgolo la bobedi la dingwaga.”—Library of Early Christianity—Gods and the One God.

“E le gore Kereke [ya Katoliki] e tlhalose thuto ya Tharonngwe, e ne ya tshwanelwa ke go itirela mareo a yone e dirisa dikgopolo dingwe tsa filosofi.”—Catechism of the Catholic Church.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela