LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w92 8/1 ts. 19-24
  • Thuto ya Tharonngwe e simologile leng le gone jang?—Karolo 4

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Thuto ya Tharonngwe e simologile leng le gone jang?—Karolo 4
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1992
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • A Le Ne La Simolola Thuto ya Tharonngwe?
  • “Pono ya Batho Ba Le Mmalwanyana Fela”
  • Lekgotla la Constantinople
  • Kafa E Simologileng Ka Gone
  • Seo E Se Emelang
  • “Ka Mauñgō A Bōnè”
  • Nako ya go Utlwa Matswela a Diphoso
  • Ditshupiso:
  • A o Tshwanetse go Dumela Tharonngwe?
    Tsogang!—2013
  • Thuto ya Tharo-Nngwe E Nnile Gone Jang?
    A O Tshwanetse Wa Dumela Tharo-Nngwe?
  • Karolo 1—A Jesu le Barutwa ba Gagwe Ba ne Ba Ruta Thuto ya Tharonngwe?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1991
  • Dipotso Tsa Thuto ya Boroutšhara ya A O Tshwanetse Wa Dumela Tharo-Nngwe?
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1990
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1992
w92 8/1 ts. 19-24

A Kereke ya Pele E Ne E Ruta Gore Modimo ke Tharonngwe?

Thuto ya Tharonngwe e simologile leng le gone jang?—Karolo 4

Ditlhogo tsa ntlha tse tharo tsa motseletsele ono di ne tsa bontsha gore Jesu le balatedi ba gagwe lefa e le Borara ba pele ba Kereke ba ne ba sa rute thuto ya Tharonngwe. (Tora ya Tebelo ya November 1, 1991; February 1, 1992; le April 1, 1992) Setlhogo seno sa bofelo se tla tlhalosa kafa thuto ya Tharonngwe e simologileng ka gone le gore Lekgotla la Nicaea le ne la nna le seabe sefe ka 325 C.E.

KA NGWAGA wa 325 C.E., mmusimogolo wa Roma ebong Constantine o ne a bitsa lekgotla la bobishopo mo toropong ya Nicaea kwa Asia Minor. Boikaelelo jwa gagwe e ne e le go rarabolola dikgogakgogano tse di neng di tswelela pele tsa bodumedi kaga kamano fa gare ga Morwa Modimo le Modimo Mothatayotlhe. Encyclopædia Britannica e bolela jaana kaga se se neng sa fitlhelelwa ke lekgotla leo:

“Constantine ka boene o ne a eteletse pele, a goga ditherisano tseo kwa pele ka matlhagatlhaga, mme ene ka namana o ne a akantsha . . . mafoko a motheo a makgaolakgang ao a bontshang kamano e e leng gone gareng ga Keresete le Modimo ao a leng mo molaong wa bodumedi o o neng wa tlhagisiwa ke lekgotla leo, eleng ‘wa gore o mongwe fela [ho·mo·ouʹsi·os] le Rara.’ . . . Ereka ba ne ba boifa mmusimogolo yono, bobishopo, kwantle ga ba le babedi fela, ba ne ba saena molao ono, bontsi jwa bone ba dira jalo ba sa rate tota.”1

A mmusi yono wa moheitane o ile a tsereganya ka ntlha ya dilo tseo a neng a di dumela go tswa mo Bibeleng? Nnyaa. A Short History of Christian Doctrine e bolela jaana: “Totatota Constantine o ne a sa tlhaloganye ka gope dipotso tseo di neng di bodiwa mo thutabodumeding ya Segerika.”2 Seo a neng a se tlhaloganya e ne e le gore dikgogakgogano tseno tsa bodumedi di ne di dira gore puso ya gagwe e se ka ya kitlana, mme o ne a batla gore di rarabololwe.

A Le Ne La Simolola Thuto ya Tharonngwe?

A Lekgotla la Nicaea le ne la simolola, kana la tlhomamisa, Tharonngwe jaaka thuto ya Labokeresete? Ba le bantsi ba akanya gore le ne la dira jalo. Mme lefa go ntse jalo dintlha di supa se se fapaaneng le seo.

Molao wa bodumedi o o neng wa bolelwa ke lekgotla leo gone o ne wa tlhomamisa dilo dingwe kaga Morwa Modimo tseo di neng di tla letla baruti ba ba farologaneng gore ba mo lebe a lekana le Modimo Rara ka tsela nngwe. Lefa go ntse jalo, go bona seo Molao wa Nicaea o sa kang wa se bolela go neela tshedimosetso nngwe. Molao otlhe o ne o bolela jaana, jaaka fa o ne o gatisitswe la ntlha:

“Re dumela mo Modimong o le mongwe fela, Rara yo o maatla otlhe, yo o dirileng dilo tsotlhe tse di bonalang le tse di sa bonaleng;

“Le mo Moreneng a le mongwe fela Jesu Keresete, Morwa Modimo, yo o tshotsweng ke Rara, a tsholwa a le esi, ke gore, a tswa mo go Rara, Modimo o tswa mo Modimong, lesedi le tswa mo leseding, Modimo wa boammaaruri o tswa mo Modimong wa boammaaruri, a tshotswe, a sa dirwa, e le setshedi se le sengwe fela le Rara, Yo dilo tsotlhe di dirilweng ka ene, dilo tse di kwa legodimong le dilo tse di mo lefatsheng, Yo ka ntlha ya rona batho le ka ntlha ya poloko ya rona a ileng a fologa mme a ikapesa mmele wa nama, a nna motho, a boga a bo a tsoga gape ka letsatsi la boraro, a tlhatlogela legodimong, mme a tla tla go atlhola batshedi le baswi;

“Le mo Moyeng O O Boitshepo.”3

A molao ono o bolela gore Rara, Morwa, le moya o o boitshepo ke batho ba le bararo mo Modimong o le mongwe fela? A o bolela gore boraro jono bo a lekana ka go nna ba bosakhutleng, ka thata, ka maemo, le ka botlhale? Nnyaa, ga o rialo. Ga go na le fa e le sepe sa boraro mo bongweng fano. Molao wa ntlha wa Nicaea ga o a ka wa simolola kana wa tlhomamisa Tharonngwe.

Molao oo, o lekanya Morwa le Rara e le “setshedi se le sengwe fela.” Mme lefa go ntse jalo ga o bolele sepe se se ntseng jalo kaga moya o o boitshepo. Se o se buang fela ke gore “re dumela . . . mo Moyeng O O Boitshepo.” Eo ga se thuto ya Labokeresete ya Tharonngwe.

Lefa e le polelwana ya konokono “setshedi se le sengwe fela” (ho·mo·ouʹsi·os) e ne e sa reye tota gore lekgotla le ne le dumela gore Rara le Morwa ba ne ba lekana e le motho a le mongwe fela. New Catholic Encyclopedia e bolela jaana:

“Go a belaetsa gore a Lekgotla le ne le ikaeletse go tlhomamisa gore Rara le Morwa ba a lekana e le motho a le mongwe fela ka palo.”4

Lefa e le gore lekgotla le ne le raya gore Morwa le Rara e ne e le motho a le mongwe fela ka palo, e ne e ntse e tla bo e se Tharonngwe. E ne e tla nna Modimo o o gabedi fela, eseng boraro mo bongweng jaaka fa go tlhalosa thuto ya Tharonngwe.

“Pono ya Batho Ba Le Mmalwanyana Fela”

Kwa Nicaea, a bobishopo botlhe ba ne ba dumela gore Morwa o ne a lekana le Modimo? Nnyaa, go ne go na le megopolo e e sa tshwaneng. Ka sekai, o mongwe o ne o emelwa ke Arius, yo o neng a ruta gore Morwa o ne a nnile le nako e e tlhomameng e a nnileng teng ka yone ka jalo o ne a sa lekane le Modimo mme a le kafa tlase ga gagwe mo dilong tsotlhe. Kafa letlhakoreng le lengwe, Athanasius o ne a dumela gore Morwa o ne a lekana le Modimo ka tsela nngwe. Mme go ne go na le megopolo e mengwe gape.

Malebana le tshwetso ya lekgotla ya gore e lebe Morwa e le setshedi se le sengwe fela (a le namanngwefela) le Modimo, Martin Marty o bolela jaana: “Tota Nicaea e ne e tshwere pono ya batho ba le mmalwanyana fela; tshwetso eno e ne e se motlhofo ebile e sa amogelwe ke ba le bantsi ba ba neng ba sa lebe dilo jaaka Arius.”5 Ka tsela e e tshwanang, buka ya A Select Library of Nicene and Post-Nicene Fathers of the Christian Church e bolela gore “kgopolo e e phepafetseng ya dithuto tse di neng di tlile go rutiwa e e fapaaneng le ya ga Arius e ne e dumelwa ke ba sekae fela, le mororo palo eno e potlana e ne ya atlega mo maikaelelong a bone.”6 Ebile A Short History of Christian Doctrine e bolela jaana:

“Seo se neng se lebega se sa ratiwe thata ke bobishopo ba le bantsi le baithutabodumedi ba kwa Botlhaba e ne e le kgopolo eo e neng ya tsenngwa mo molaong ono ke Constantine ka boene, homoousios [“setshedi se le sengwe fela”], eo e neng ya nna yone lebaka la dikgogakgogano tseo di neng tsa latela fa gare ga bao ba neng ba ngaparetse thuto ya motheo le ba e neng e le baikeodi.”7

Morago ga lekgotla leno, go ile ga tswelela pele go na le dikgogakgogano ka masomesome a dingwaga. Bao ba neng ba ema nokeng mogopolo wa gore Morwa le Modimo Mothatayotlhe ba a lekana ba ile ba bo ba se ka ba ratega ka nakwana. Ka sekai, Martin Marty o bolela jaana kaga Athanasius: “O ne a ratega a tloga a sa ratege mme o ne a kobiwa gantsi [mo dingwageng tsa morago ga lekgotla] mo eleng gore tota o ne a fetoga motsamai.”8 Athanasius o ne a nna dingwaga di le dintsi e le motshabi ka gonne batlhankedi ba bopolotiki le ba kereke ba ne ba sa dumalane le megopolo ya gagwe eo e neng e bolela gore Morwa le Modimo ba a lekana.

Ka jalo go bolela gore Lekgotla la Nicaea ka 325 C.E. le ne la simolola kana la tlhomamisa thuto ya Tharonngwe ga go boammaaruri. Seo e neng ya re moragonyana sa nna thuto ya Tharonngwe se ne se seyo ka nako eo. Mogopolo wa gore Rara, Morwa, le moya o o boitshepo nngwe le nngwe ya tsone e ne e le Modimo wa boammaaruri ebile ba lekana ka go nna ba bosakhutleng, ka thata, ka maemo, le ka botlhale, mme e le Modimo o le mongwe fela—Modimo o o nang le dikarolo tse tharo—ga o a ka wa simololwa ke lekgotla leo kana ke Borara ba pele ba Kereke. Jaaka fa The Church of the First Three Centuries e bolela jaana:

“Thuto e e dumelwang ke ba le bantsi gompieno ya Tharonngwe . . . ga e tshegediwe ka gope ke se se kwadilweng ke Justin [Martyr]: ebile go ka bolelwa jalo le ka Borara botlhe ba pele ga lekgotla la Nicaea; ke gore, ka bakwadi botlhe ba Bakeresete ba ba neng ba kwala makgolo a mararo a dingwaga morago ga botsalo jwa ga Keresete. Ke boammaaruri, ba bua kaga Rara, Morwa, Moya o o tlhotlheletsang boperofeti kana o o boitshepo, mme ga ba bue kaga bone jaaka ekete ba a lekana, lefa e le gore ke setshedi se le sengwe fela ka palo, lefa e le gore ke Boraro mo Bongweng, ka tsela epe fela eo Batho ba ba dumelang Tharonngwe jaanong ba e tlhalosang ka yone. Boammaaruri bo farologane fela thata le seo. Se se botlhokwa ke gore thuto ya Tharonngwe, jaaka fa e tlhalosiwa ke Borara bano, e ne e farologane le thuto e e rutiwang jaanong. Re bolela seno jaaka boammaaruri jo bo ka tlhotlhomisiwang fela jaaka boammaaruri bope fela jo bo neng jwa bolelwa mo hisitoring fa batho ba ntse ba ntsha megopolo ya bone.”

“Re ikuela go motho lefa e ka nna mang gore a ntshe mokwadi a le mongwe fela yo o itsegeng, wa mo lekgolong la ntlha go fitlha mo go la boraro la dingwaga, yo o neng a dumela thuto eno [ya Tharonngwe] jaaka fa e ntse gompieno.”9

Lefa go ntse jalo, gone Nicaea e ne ya tlisa phetogo e kgolo. E ne ya dira gore go simololwe go amogelwa gore Morwa o lekana le Rara, mme seo se ne sa bulela thuto eo e neng ya tla morago ya Tharonngwe tsela. Buka ya Second Century Orthodoxy, e e kwadilweng ke J. A. Buckley, ya re:

“Go fitlha bobotlana kwa bokhutlong jwa lekgolo la bobedi la dingwaga, Kereke mo lefatsheng lotlhe e ne ya nna e dumalana ka mogopolo o le mongwe fela wa konokono; botlhe ba ne ba dumela gore Rara o mogolo. Botlhe ba ne ba leba Modimo Rara Mothatayotlhe e le ene fela yo mogolo, yo o ka se fetogeng, yo o ka se tlhalosiweng ebile a sena tshimologo. . . .

“Fa bakwadi le baeteledipele bao ba lekgolo la bobedi la dingwaga ba sena go fela, Kereke e ne ya iphitlhela . . . e relelela ka bonya mme lefa go ntse jalo e tlhomame go ya kwa ntlheng eo . . . kwa Lekgotleng la Nicaea go neng ga fitlhelelwa setlhoa sa go senngwa ka bonya ka bonya ga tumelo ya ntlhantlha. Gone koo, batho ba ba nonofileng ba le mmalwanyana fela, ba ne ba dira gore boikeodi jwa bone bo dumelwe ke bontsi jo bo neng bo amogela sengwe le sengwe fela, mme ba thusiwa ke babusi ba bopolotiki, ba ne ba pateletsa, ba tlhotlheletsa le go tshosetsa bao ba neng ba leka go boloka tumelo ya bone e e itshekileng e sena selabe.”10

Lekgotla la Constantinople

Ka 381 C.E., Lekgotla la Constantinople le ne la tlhomamisa Molao wa Nicaea. Mme gape le ne la o oketsa. Le ne la bitsa moya o o boitshepo “Morena” le “moneibotshelo.” Molao wa 381 C.E. o o okeditsweng (oo eleng one tota o dirisiwang mo dikerekeng gompieno o gape o bidiwang “Molao wa Nicaea”) o bontsha gore Labokeresete e ne e tloga e bopa thuto e e feletseng ya Tharonngwe. Lefa go ntse jalo, lefa e le lekgotla leno ga le a ka la konela thuto eo. New Catholic Encyclopedia e bolela jaana:

“Go a kgatlha go lemoga gore dingwaga di le 60 morago ga Nicaea I Lekgotla la Constantinople I [381 C.E.] le ne la tila homoousios fa le tlhalosa gore Moya O O Boitshepo ke Modimo.”11

“Baithuti ba ile ba tlhakanngwa tlhogo ke go bo molao ono wa bodumedi o ne o tlhalosa ka bonolo fela; ka sekai, o sa dirise lefoko homoousios go tlhalosa fa Moya O O Boitshepo e le setshedi se le sengwe fela le Rara le Morwa.”12

Saetlopedia yone eo e bolela jaana: “Lefoko homoousios ga le yo mo Dikwalong.”13 Nnyaa, Bibela le yone ga e dirise lefoko leo fa e bua kaga moya o o boitshepo kana fa e bua kaga Morwa go tlhalosa gore ke setshedi se le sengwe fela le Modimo. Lefoko le le seyong mo Bibeleng ke lone le ileng la thusa gore go nne le thuto ya Tharonngwe e e seyong mo Bibeleng, eo eleruri e ganetsanang le Bibela.

Le eleng morago ga Constantinople, go ne ga tsaya makgolo a dingwaga thuto ya Tharonngwe e ise e amogelwe mo Labokereseteng yotlhe. New Catholic Encyclopedia e bolela jaana: “Kwa Bophirima, . . . go lebega batho botlhe ba ile ba didimala mabapi le kgang ya Constantinople I le molao wa yone wa bodumedi.”14 Buka eno e bontsha gore molao wa bodumedi wa lekgotla leno ga wa ka wa amogelwa ke botlhe kwa Bophirima go fitlha ka lekgolo la bosupa le la borobedi la dingwaga.

Baithuti gape ba bolela gore Molao wa ga Athanasius, o gantsi o umakwang e le one tlhaloso ya konokono ya Tharonngwe ebile e le one o e tshegetsang, ga o a ka wa kwalwa ke Athanasius mme o kwadilwe morago thata ke mongwe yo o sa itsiweng. The New Encyclopædia Britannica e akgela jaana:

“Kereke ya Botlhaba e ne e sa itse sepe ka molao ono wa bodumedi go fitlha ka lekgolo la bo 12 la dingwaga. Fa esale go tloga ka lekgolo la bo 17 la dingwaga, bakanoki ba ile ba dumalana ka kakaretso gore Molao ono wa bodumedi wa ga Athanasius ga o a kwalwa ke Athanasius (yo o suleng ka 373) mme go bonala o ne wa tlhamiwa kwa borwa jwa Fora ka lekgolo la bo 5 la dingwaga. . . . Go bonala gore molao ono wa bodumedi o ile wa nna le tlhotlheletso kwa borwa jwa Fora le kwa Spain segolobogolo ka lekgolo la bo 6 le la bo 7 la dingwaga. O ne o dirisiwa mo kobamelong ya kereke kwa Jeremane ka lekgolo la bo 9 la dingwaga le moragonyana ga moo kwa Roma.”15

Kafa E Simologileng Ka Gone

Thuto ya Tharonngwe e ne ya simolola go gola ka bonya mo lobakeng lwa makgolo a dingwaga. Megopolo ya tharonngwe ya diporofesara tsa Bagerika tse di tshwanang le Plato, yo o neng a tshela dingwaga di le makgolokgolo pele ga ga Keresete, e ne ya kukunela ka iketlo mo dithutong tsa kereke. Jaaka fa The Church of the First Three Centuries e bolela:

“Re dumela gore thuto ya Tharonngwe e ne ya tlhamiwa ka iketlo le gone e tlhamiwa morago thata; gore e simologile mo motsweding o e neng e se wa Dikwalo tsa Sejuda le tsa Bokeresete le eseng; gore e ne ya gola, mme ya tsenngwa mo Bokereseteng, ke Borara ba ba neng ba ruta thuto ya ga Plato; gore ka nako ya ga Justin, le lobaka lo loleele morago ga foo, go ne go rutiwa gongwe le gongwe gore Morwa ke mongwe yo o ikemetseng ka nosi le gore o mmotlana; le gore ka nako eo e ne e le gone moriti o o letobo wa Tharonngwe o neng o simolola go bonala.”16

Pele ga Plato, medimo e e gararo, kana ditharonngwe, e ne e tlwaelegile kwa Babelona le kwa Egepeto. Mme maiteko a baruti a go leka go gogela batho ba ba sa dumeleng ba kwa Roma a ne a dira gore ka iketlo ba tsenye mengwe ya megopolo eo mo Bokereseteng. Seno se ne sa gogela kwa goreng kgabagare go amogelwe tumelo ya gore Morwa le moya o o boitshepo ba lekana le Rara.a

Le lone lefoko “Tharonngwe” le ne la amogelwa ka bonya. Mo sephatlong sa bofelo sa lekgolo la bobedi la dingwaga Theophilus, bishopo wa Antioka kwa Syria, o ne a kwala ka Segerika mme a tsenya lefoko tri·asʹ, leo le rayang “boraro bo kopane” kana “tharonngwe.” Go tswa foo mokwadi wa Molatine ebong Tertullian wa kwa Carthage, Afrika Bokone, o ne a tsenya lefoko trinitas mo mekwalong ya gagwe, leo le rayang “tharonngwe.”b Mme lefa go ntse jalo lefoko tri·asʹ ga le yo mo Dikwalong tse di tlhotlheleditsweng tsa Bokeresete tsa Segerika, le lefoko trinitas ga le yo mo thanolong ya Selatine ya Bibela e e bidiwang Vulgate. Mafoko ao ka bobedi a ne a sa tswe mo Bibeleng. Mme lefa go ntse jalo lefoko “Tharonngwe,” leo le theilweng mo dithutong tsa boheitane, le ne la tsena mo dibukeng tsa dikereke mme ya re morago ga lekgolo la bone la dingwaga la nna karolo ya thuto ya seo ba se dumelang.

Ka jalo, ga se gore baithuti ba ne ba tlhatlhoba Bibela ka kelotlhoko go bona gore a thuto e e ntseng jalo e ne e rutiwa mo go yone. Go na le moo, thuto eno e ne e laolwa ke maano a babusi ba lefatshe le ba kereke. Mo bukeng ya The Christian Tradition, mokwadi Jaroslav Pelikan o bua ka “dilo tseo e neng e se tsa bodumedi mo dikgogakgogano tseno, tse bontsi jwa tsone di neng di lebega gangwe le gape di le mo boemong jwa go ka bontsha gore e ya go felela kae, mme di bo di fekeediwa ke maatla a mangwe a a lekanang le a tsone. Gantsi go ne go lebega e le gore dikgogakgogano tse di ntseng jalo tsa kereke le dikgotlhang tsa botho di kgatlhanong le thuto ya motheo—kana di felela ka gore e tlhomiwe.”17 Porofesara wa yunibesithi ya Yale ebong E. Washburn Hopkins o ne a e baya jaana: “Tlhaloso ya motheo ya makgaolakgang ya tharonngwe thatathata e ne e laolwa ke dikgogakgogano tsa kereke.”18

Abo thuto ya Tharonngwe e sa utlwale jang ne fa e bapisiwa le thuto e e motlhofo ya Bibela ya gore Modimo o mogolo ebile ga go na ope yo o lekanang nae! Jaaka Modimo a bolela, “loa bo lo tla nchwantsha le mañ, lo ntekanya naè, lo mpapisa le èna, gore re tlè re chwanè?”—Isaia 46:5.

Seo E Se Emelang

Go gola ka iketlo ga kgopolo ya Tharonngwe go ne go emela eng? E ne e le karolo ya go tsuologa mo Bokereseteng jwa boammaaruri goo Jesu a neng a bolelela pele ka gone. (Mathaio 13:24-43) Moaposetoloi Paulo gape o ne a boleletse pele jaana ka botenegi jo bo neng bo tla:

“Ruri nako e tla tla e ka yone, batho ba se kitlang ba kgotsofalela thuto e e utlwalang ka yone, mme ba tlhoafalela dilo tse di kgatlhang tsa bosheng ba bo ba ipatlela baruti ba ba ratwang ke bone; mme go tswa foo, go na le go reetsa boammaaruri, ba tla fapogela kwa mainaneng.”—2 Timotheo 4:3, 4, Jerusalem Bible ya Katoliki.

Lengwe la mainane ao e ne e le thuto ya Tharonngwe. Mainane a mangwe ao e seng a Bokeresete ao le one a ileng a simolola ka bonya ka bonya e ne e le: thuto e e itsetsepetseng ya gore moya wa motho ga o swe, pakatori, Limbo (lefelo la baswi ba ba sa letliweng go tsena kwa legodimong ka gonne ba sa kolobediwa), le go tlhokofadiwa ka bosakhutleng mo molelong wa dihele.

Ka jalo, thuto ya Tharonngwe ke eng? Totatota ke thuto ya boheitane eo e bonalang ekete ke ya Bokeresete. E ne ya simololwa ke Satane go tsietsa batho ka yone, go dira gore Modimo e nne mongwe yo ba sa mo tlhaloganyeng le gore a nne masaitseweng. Seno se felela ka gore le bone ba iketleeletse le go feta gore ba amogele dikgopolo tse dingwe tsa bodumedi jwa maaka le ditiro tse di phoso.

“Ka Mauñgō A Bōnè”

Mo go Mathaio 7:15-19, Jesu o ne a bolela gore o ka farologanya bodumedi jwa maaka le jwa boammaaruri jaana:

“Lo itisè mo baperofetiñ ba e señ bōnè, ba ba tlañ mo go lona ba apere yaka dinku, me mo teñ e be e le diphiri tse di garolakañ. Lo tla ba itse ka mauñō a bōnè, A batho ba tla ba hule louñō loa mofine mo mañaneñ, kgotsa difeige mo masitlwaneñ? Hèla yalo, setlhare señwe le señwe se se molemō se uñwa louñō lo lo molemō: me setlhare se se boshula se uñwa louñō lo lo boshula . . . Setlhare señwe le señwe se se sa uñweñ louñō lo lo molemō sea rèñwa, me se latlhèlwe mo moleloñ.”

Ela tlhoko sekai se le sengwe fela. Jesu o ne a bolela jaana mo go Yohane 13:35: “Batho botlhe ba tla itse ha lo le barutwa ba me ka mo, ha lo ratana.” Gape, Lefoko la Modimo le le tlhotlheleditsweng le bolela jaana mo go 1 Yohane 4:20 le 21:

“Ha motho a re, Ke rata Modimo, me a ila mogagabō, o maaka: gonne eo o sa rateñ mogagabō eo o mmōnañ ka matlhō, ga a kake a rata Modimo o a e señ a o bone. Me taolō e re e chotse mo go èna, go re, eo o ratañ Modimo, a a ratè le mogagabō.”

Bapisa molaomotheo wa konokono wa gore Bakeresete ba boammaaruri ba tshwanetse go ratana le seo se neng sa diragala mo dintweng tsa lefatshe tsa lekgolo leno la dingwaga, mmogo le dikgotlhang tse dingwe. Batho ba bodumedi bo le bongwe fela jwa Labokeresete ba ne ba kopana mo mabaleng a ntwa ba bo ba gailana ka gonne e ne e le ba merafe e e farologaneng. Letlhakore lengwe le lengwe le ne le ipolela e le la Bokeresete, mme letlhakore lengwe le lengwe le ne le engwe nokeng ke baruti ba lone, bao ba neng ba bolela gore Modimo o eme le bone. Go bolaana gono ga “Mokeresete” a bolaya “Mokeresete” ke loungo lo lo bosula. Ke go sa supe lorato lwa Bokeresete, go gana melao ya Modimo.—Bona gape le 1 Yohane 3:10-12.

Nako ya go Utlwa Matswela a Diphoso

Ka jalo, go tsuologa mo Bokereseteng ga go a gogela fela kwa ditumelong tsa maaka, tse di tshwanang le thuto ya Tharonngwe, mme go gogetse gape le mo ditirong tse di bosula. Lefa go ntse jalo, go tla nako ya gore batho ba utlwe matswela a diphoso tseno, ka gonne Jesu o ne a re: “Setlhare señwe le señwe se se sa uñweñ louñō lo lo molemō sea rèñwa, me se latlhèlwe mo moleloñ.” Ke sone se Lefoko la Modimo le kgothatsang ka go re:

“Cwañ mo go èna, [bodumedi jwa maaka] lona batho ba me, gore lo se tlhakanele naè dibe tsa gagwè, le gore lo se bone dipecō tsa gagwè: Gonne dibe tsa gagwè di ile go hitlha le kwa legodimoñ, me Modimo o gakologecwe maikèpō a gagwè.”—Tshenolō 18:4, 5.

Mo bogautshwaneng Modimo o tla ‘gakolola dipelo tsa’ babusi ba bopolotiki gore ba tlhanogele bodumedi jwa maaka. Ba tla “se diha chwahaco . . . [ba] tla ya nama ea shōna, [ba] se hisetsa rure ka molelō.” (Tshenolō 17:16, 17) Bodumedi jwa maaka bo tla bo bo senyeditswe ruri le dithuto tsa jone tsa maaka tsa boheitane kaga Modimo. Ebile tota, Modimo o tla raya bao ba leng mo bodumeding jwa maaka jaaka Jesu a ne a bua mo metlheng ya gagwe a re: “Ntlo ea lona lo e tlogelecwe e ropehetse hèla.”—Mathaio 23:38.

Bodumedi jwa boammaaruri bo tla falola dikatlholo tsa Modimo gore, kgabagare, go tloga foo tlotlo yotlhe le kgalalelo di bo di neelwa Ene yo Jesu a neng a re ke “Modimo o o osi, o o boamarure.” Ke Ene yo mopesalema a neng a mo tlhalosa fa a ne a re: “Wèna wesi, eo leina ya gago e leñ YEHOFA, u le Mogodimodimo, u okame lehatshe yeotlhe.”—Yohane 17:3; Pesalema 83:18.

Ditshupiso:

1. Encyclopædia Britannica, 1971, Bolumo 6, tsebe 386.

2. A Short History of Christian Doctrine, e e kwadilweng ke Bernhard Lohse, 1963, tsebe 51.

3. Ibid., ditsebe 52-3.

4. New Catholic Encyclopedia, 1967, Bolumo VII, tsebe 115.

5. A Short History of Christianity, e e kwadilweng ke Martin E. Marty, 1959, tsebe 91.

6. A Select Library of Nicene and Post-Nicene Fathers of the Christian Church, e e kwadilweng ke Philip Schaff le Henry Wace, 1892, Bolumo IV, tsebe xvii.

7. A Short History of Christian Doctrine, tsebe 53.

8. A Short History of Christianity, tsebe 91.

9. The Church of the First Three Centuries, e e kwadilweng ke Alvan Lamson, 1869, ditsebe 75-6, 341.

10. Second Century Orthodoxy, e e kwadilweng ke J. A. Buckley, 1978, ditsebe 114-15.

11. New Catholic Encyclopedia, 1967, Bolumo VII, tsebe 115.

12. Ibid., Bolumo IV, tsebe 436.

13. Ibid., tsebe 251.

14. Ibid., tsebe 436.

15. The New Encyclopædia Britannica, 1985, Kgatiso ya bo 15, Micropædia, Bolumo 1, tsebe 665.

16. The Church of the First Three Centuries, tsebe 52.

17. The Christian Tradition, e e kwadilweng ke Jaroslav Pelikan, 1971, tsebe 173.

18. Origin and Evolution of Religion, e e kwadilweng ke E. Washburn Hopkins, 1923, tsebe 339.

[Dintlha tse di kwa tlase]

a Go bona tshedimosetso e e oketsegileng, bona boroutšhara ya A O Tshwanetse Wa Dumela Tharo-Nngwe? e e gatisitsweng ke Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania.

b Jaaka fa go bontshitswe mo ditlhogong tse di fetileng tsa motseletsele ono, le mororo Theophilus le Tertullian ba ne ba dirisa mafoko ano, ba ne ba sa akanya Tharonngwe e e dumelwang ke Labokeresete gompieno.

[Setshwantsho mo go tsebe 22]

Modimo o tla dira gore babusi ba bopolotiki ba tlhanogele bodumedi jwa maaka

[Setshwantsho mo go tsebe 24]

Bodumedi jwa boammaaruri bo tla falola dikatlholo tsa Modimo

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela