LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g 9/13 ts. 6-9
  • Boammaaruri ka Halloween

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Boammaaruri ka Halloween
  • Tsogang!—2013
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Halloween e Simologile Kae?
    Dikarabo Tsa Dipotso Tsa Baebele
  • Boammaaruri ka Meletlo e e Tumileng
    Tsogang!—2001
  • Meletlo e e Tumileng—A e Itshiametse Fela?
    Tsogang!—2001
  • Lebaka La go Bo ke Sa Keteke Halowine
    Tsogang!—2006
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—2013
g 9/13 ts. 6-9

SETLHOGO SA KA FA NTLE

Boammaaruri ka Halloween

A Halloween e a ketekiwa mo o nnang gone? Halloween e itsege thata kwa United States le Canada e bile e ketekwa ngwaga le ngwaga ka October 31. Le fa go ntse jalo, meetlo ya Halloween e fitlhelwa mo mafelong a mangwe a le mantsi mo lefatsheng. Kwa mafelong mangwe go ketekwa diholitei, tse le fa di bidiwa ka maina a sele di nang le bokao jo bo tshwanang: go ikgolaganya le meya e e akaretsang meya ya baswi, baloi, tota le e leng diabolo le baengele ba madimona.—Bona lebokoso le le reng, “Mekete e e Tshwanang le wa Halloween mo Lefatsheng Lotlhe.”

WENA o ka tswa o sa dumele gore go na le meya e e nang le maatla a a fetang a batho. O ka tswa o tsaya go keteka Halloween le mekete e mengwe e e tsamaisanang le yone e le tsela fela ya go itlosa bodutu le go ruta bana ba gago gore ba kgone go itlhamela dilo. Le fa go ntse jalo, batho ba le bantsi ba tsaya mekete eno e le kotsi ka ntlha ya mabaka a a latelang:

  1. Encyclopedia of American Folklore e tlhalosa jaana: “Tota Halloween e amana le gore motho a ka ikgolaganya le meya, mme gantsi meya eo e a tshosetsa kgotsa e a tshosa.” (Bona lebokoso le le reng, “Tatelano ya Ditiragalo Tsa Halloween.”) Ka tsela e e tshwanang, mekete e le mentsi e e tshwanang le Halloween e tlholega mo boheitaneng e bile e nweleletse thata mo kobamelong ya bagologolwane. Tota le gompieno batho go ralala lefatshe ba dirisa malatsi ano go ikgolaganya le se ba tsayang gore ke meya ya baswi.

  2. Le fa Halloween e tsewa e le holitei ya kwa Amerika, ngwaga le ngwaga batho mo dinageng di le dintsi ba simolola go e keteka. Le fa go ntse jalo, batho ba le bantsi ba ba simololang go keteka Halloween ga ba itse gore matshwao, mekgabiso le meetlo ya yone, e bontsi jwa yone e amanang le ditshedi tsa maatla a a fetang a tlholego le maatla a a tsamaisanang le boloi, e simologile mo boheitaneng.—Bona lebokoso le le reng, “E Tlholega Kae?”

  3. Diketekete tsa Ba-Wicca [ba bodumedi jwa boloi], ba ba latelang meetlo ya bogologolo ya Ba-Celtic, ba sa ntse ba bitsa Halloween ka leina le e neng e bidiwa ka lone bogologolo e leng Samhain, e bile ba e tsaya e le bosigo jo bo boitshepo go gaisa otlhe mo ngwageng. Fa lokwalodikgang lwa USA Today lo ne lo nopola motho mongwe yo o ipitsang moloi lo ne lwa re: “Bakeresete ‘le bone ba keteka holitei ya rona mme ga ba lemoge. . . . Re rata jalo.’”

  4. Mekete e e tshwanang le Halloween ga e tsamaisane le dithuto tsa Baebele. Baebele e tlhagisa jaana: “Go se ka ga nna le ope mo go lona yo o . . . laolang ka bola, yo o bonelang dilo pele, yo o dirisang botlhodi kgotsa moloi, yo o dirisang dipheko, yo o buang le dipoko kgotsa meya, kgotsa yo o buang le baswi.”—Duteronome 18:10, 11, The Jerusalem Bible; bona le Lefitiko 19:31; Bagalatia 5:19-21.

Malapa a ka nna le nako e e itumedisang mme a sa nne le seabe mo meketeng e e sa siamang

Ka ntlha ya tshedimosetso e e fa godimo, go botlhokwa gore o itse dilo tse di bosula tse di amanang le tshimologo ya Halloween le mekete e mengwe e e tsamaisanang le yone. Go tlhaloganya dilo sentle jalo go ka nna ga go tlhotlheletsa gore le wena o se ka wa keteka diholitei tseno, fela jaaka batho ba bangwe ba le bantsi ba ba sa di ketekeng.

“Bakeresete ‘le bone ba keteka holitei ya rona mme ga ba lemoge. . . . Re rata jalo.’”—Lokwalodikgang lwa USA Today, lo nopola motho mongwe yo o ipitsang moloi

MEKETE E E TSHWANANG LE WA HALLOWEEN MO LEFATSHENG LOTLHE

Halloween ga e bolo go tsewa e le holitei ya kwa Amerika. Le fa go ntse jalo, mokete ono o setse o anametse kwa mafelong a mantsi mo lefatsheng. Mo godimo ga moo, go na le mekete e mengwe e e tshwanang le Halloween ka gonne mo go yone go ketekwa go nna gone ga dibopiwa tsa moya le ditiro tsa tsone. Go bontshitswe dingwe tsa dikai tsa diholitei tse di rategang tse di tshwanang le Halloween mo lefatsheng lotlhe.

  • Amerika Bokone - Letsatsi la Baswi

  • Amerika Borwa - Kawsasqanchis [Letsatsi le ka lone go tweng meya ya baswi e boela kwa malapeng a yone]

  • Yuropa - Letsatsi la Baswi le mekete e e tshwanang le wa Halloween

  • Afrika - Dance of the Hooded Egunguns

  • Asia - Bon Festival [Moletlo wa Babuda ba kwa Japane wa go tlotla meya ya bagologolwane ba bone]

E TLHOLEGA KAE?

Kwa Meetlo Mengwe le Matshwao a Halloween a Tlholegang Gone

DI-VAMPIRE, BATHO BA E KETENG KE DIPHIRI, BALOI, DIPOKO: Ga go a bolo go tsewa gore ditshedi tseno di amana le meya.

DIMONAMONE: Ba-Celt ba bogologolo ba ne ba leka go ritibatsa meya e e bosula ka dimonamone. Moragonyana kereke e ne ya kgothaletsa batho ba ba ketekang mokete ono gore ba tsamaye ka ntlo le ntlo ka All Hallows’ Eve [Maitseboa a Pele ga Letsatsi la Baitshepi Botlhe] ba kopa dijo gore ba rapelele baswi ba bone. Kgabagare ngwao eo e ne ya fetoga mokgwa wa gore ka letsatsi la Halloween batho ba re “mpha sengwe e seng jalo ke tlile go go sotla.”

DIAPARO: Ba-Celt ba ne ba apara bommamatlhwana ba ba tshosang gore meya e e bosula e itheye e re ke meya, e bo e sa ba tshwenye. Ka bonya ka bonya kereke e ne ya kopanya meetlo ya boheitane le mekete ya All Souls [Meya Yotlhe] le All Saints [Baitshepi Botlhe]. Moragonyana, batho ba ba ketekang mokete ono ba ne ba tsamaya ka ntlo le ntlo ba apere diaparo tse di dirang gore ba lebege e kete ke baitshepi, baengele le bodiabolo.

MAPHUTSHE: Di-turnip tse di gabilweng tse di tsentsweng dikerese tse di tukang di ne di bewa gore di kobe meya e e bosula. Bangwe ba ne ba tsaya gore kerese e e mo teng ga turnip e tshwantshetsa moya o o gaeletsweng mo pakatoring. Moragonyana maphutshe a a gabilweng a ne a dirisiwa thata.

TATELANO YA DITIRAGALO TSA HALLOWEEN

LEKGOLO LA BOTLHANO LA DINGWAGA B.C.E.

Ba-Celt ba keteka mokete wa Samhain kwa bofelong jwa October, nako e ka yone ba dumelang gore dipoko le badimona ba kgarakgatshega mo lefatsheng go feta ka dinako tse dingwe.

LEKGOLO LA NTLHA LA DINGWAGA C.E.

Baroma ba fenya Ba-Celt ba bo ba simolola go dirisa meetlo ya Samhain ya go dirisana le meya.

LEKGOLO LA BOSUPA LA DINGWAGA C.E.

Go bolelwa gore Mopapa Boniface IV o ile a simolola mokete wa ngwaga le ngwaga wa All Saints’ Day go tlotlomatsa baswelatumelo.a

LEKGOLO LA BOSOMENNGWE LA DINGWAGA C.E.

Letsatsi la bobedi la November le tlhomiwa go nna All Souls’ Day go gopola baswi. Meetlo yotlhe e e tsamaelanang le All Saints’ Day le All Souls’ Day yotlhe fela e bidiwa Hallowtide.

LEKGOLO LA BOSOMEROBEDI LA DINGWAGA C.E.

Leina la holitei e e bidiwang Hallowe’en (Hallow Evening) le tlhaga le gatisitswe e le Halloween.

LEKGOLO LA BOSOMEROBONGWE LA DINGWAGA C.E.

Batho ba le diketekete ba ba fudugang go tswa kwa Ireland ba ya United States ba tla le meetlo ya Halloween e fa nako e ntse e ya e neng ya kopana le meetlo e e tshwanang le yone ya batho ba le bone ba fudugetseng mo nageng eno ba tswa kwa dinageng tse di jaaka Boritane le Jeremane mmogo le Afrika le dikarolo tse dingwe tsa lefatshe.

LEKGOLO LA BOSOMAAMABEDI LA DINGWAGA C.E.

Halloween e nna holitei e e rategang mo nageng yotlhe ya United States.

LEKGOLO LA BOSOMAAMABEDINNGWE LA DINGWAGA C.E.

Borakgwebo ba kgatlhegela dilo tse di amanang le Halloween, mme kgwebo e e tsamaisanang le dilo tsa Halloween e gola go nna kgwebo ya lefatshe lotlhe e e dirang dibilionebilione tsa diranta.

a Hallow ke lefoko la bogologolo la Seesemane le le kayang “moitshepi.” All Hallows’ Day (e gape e bidiwang All Saints’ Day) ke holitei e e tlotlomatsang baitshepi ba ba suleng. Maitseboa a pele ga All Hallows’ Day a ne a bidiwa All Hallow Even, e morago e neng ya khutshwafadiwa mme ya nna Halloween.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela