LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • ijwbq setlhogo 67
  • Halloween e Simologile Kae?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Halloween e Simologile Kae?
  • Dikarabo Tsa Dipotso Tsa Baebele
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Karabo ya Baebele
  • Hisitori ya Halloween le meetlo ya yone
  • A kgang ya gore Halloween e simologile mo tumelong ya maaka e botlhokwa?
  • Boammaaruri ka Halloween
    Tsogang!—2013
  • Boammaaruri ka Meletlo e e Tumileng
    Tsogang!—2001
  • Meletlo e e Tumileng—A e Itshiametse Fela?
    Tsogang!—2001
  • Lebaka La go Bo ke Sa Keteke Halowine
    Tsogang!—2006
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Dikarabo Tsa Dipotso Tsa Baebele
ijwbq setlhogo 67
Bana ba bararo ba apere diaparo tsa Halloween mme ba eme mo kgorong ya ntlo e e kgabisitsweng ka dilo tsa Halloween.

Halloween e Simologile Kae?

Karabo ya Baebele

Halloween ke letsatsi la boikhutso le le ketekiwang ka di 31 tsa October ngwaga le ngwaga mme Baebele ga e bue sepe ka letsatsi leno. Le fa go ntse jalo, tshimologo ya Halloween le meetlo ya yone ga e dumalane le se Baebele e se rutang.

Mo setlhogong seno

  • Hisitori ya Halloween le meetlo ya yone

  • A kgang ya gore Halloween e simologile mo tumelong ya maaka e botlhokwa?

  • Goreng e bidiwa Halloween?

Hisitori ya Halloween le meetlo ya yone

  • Moletlo wa Samhain: The World Book Encyclopedia e a re, Halloween e simologile mo “moletlong wa bogologolo wa boheitane o o neng o ketekwa ke Ba-Celt dingwaga di feta 2 000 tse di fetileng. “Ba-Celt ba ne ba dumela gore baswi ba ne ba ka kgona go itsamaela fela mo lefatsheng. Ka nako ya moletlo wa Samhain, batshedi ba kgona go eta le baswi.”​—Bona lebokose le le reng “Goreng e Bidiwa Halloween?”

  • Diaparo tsa Halloween, di-sweets le go tsietsa: Go ya ka pego nngwe, Ba-Celt bangwe ba ne ba apara diaparo tse di tshosang gore meya e e bosula “e akanye gore le bone ke meya” mme e bo e sa ba tshwenye. Bangwe ba ne ba naya meya e e bosula di-sweets go e reba bogale.a

    Emere e e keteng lephutse e tsholola di-sweets mo tafoleng.

    Bogologolo kwa Europe, baruti ba kereke ya Katoliki ba ne ba simolola go dira meetlo ya boheitane e e neng e dirwa ke madumedi a mangwe mo lefelong la bone mme ba ile ba laela balatedi ba bone gore ba tsamaye ka ntlo le ntlo ba apere diaparo tsa Halloween ba kopa dimpho tse dinnye.

  • Dipoko, di-vampire le baloi: Dilo tseno ga di bolo go amanngwa le meya e e bosula. Buka ya Halloween Trivia e a re dilo tseno ke “ditshedi tse di nang le maatla a a sa tlwaelegang,” gape “di amana thata le loso, baswi kgotsa go tshaba go swa.”

  • Maphutshe a Halloween kgotsa dikerese tse di tsenngwang mo go one: Bogologolo kwa Britain, “batho ba ne ba tsamaya ka ntlo le ntlo ba kopa dijo gore ba rapelele baswi” mme ba ne ba tshwara “di-turnip tse di gabilweng di bo di tsenngwa dikerese tse di neng di tshwantshetsa moya o o gaeletsweng mo pakatoring.” (Halloween—From Pagan Ritual to Party Night) Bangwe ba re dikerese di ne di dirisediwa go leleka kgotsa go koba meya e e bosula. Ka bo1800 kwa North America, batho ba ne ba simolola go dirisa maphutshe go na le di-turnip ka gonne a ne a le mantsi e bile go le motlhofo go a gaba.

A kgang ya gore Halloween e simologile mo tumelong ya maaka e botlhokwa?

Ee. Batho bangwe ba akanya gore go keteka Halloween ga go reye sepe mme ke go ijesa monate fela le fa go ntse jalo, dilo tse di dirwang ka letsatsi leno di kgatlhanong le se Baebele e se rutang. Halloween e theilwe mo tumelong ya maaka e e ka ga baswi, meya kgotsa madimona.

Ditemana tse di latelang di bontsha kafa Modimo a lebang ditumelo tse di amanang le Halloween ka gone:

  • “Go se ka ga fitlhelwa mo go wena ope yo o . . . yo o buang le badimo, kgotsa yo o botsang baswi.”​—Duteronome 18:10-12, Baebele e e Boitshepo.

    Se e se kayang: Modimo ga a batle gore batho ba leke go bua le baswi kgotsa ba itire e kete ba bua le bone.

  • “Baswi bone ga ba itse sepe gotlhelele.”​—Moreri 9:5.

    Se e se kayang: E re ka baswi ba sa itse sepe gotlhelele, ga ba ka ke ba kgona go bua le batshedi.

  • ‘[Lo se ke lwa] ikopanya le madimona. Ga lo ka ke lwa nwa senwelo sa Morena le senwelo sa madimona.’​—1 Bakorintha 10:20, 21, Tswana (Central).

    Se e se kayang: Ba ba batlang gore Modimo a ba rate ga ba a tshwanela go ikopanya gope le madimona.

  • “Emelana le maano a a boferefere a ga Diabolo; ka gonne . . . re lwa le . . . meya e e bosula.”​—Baefeso 6:11, 12.

    Se e se kayang: Bakeresete ga ba a tshwanela go dirisana gotlhelele le meya e e bosula le go itira e kete ba keteka le yone.

a Bona buka ya Halloween: An American Holiday, an American History, tsebe 4.

Goreng e bidiwa Halloween?

Leina Halloween le amanngwa le moletlo wa boheitane o o neng o ketekwa ke Ba-Celt, e leng Moletlo wa Samhain. The World Book Encyclopedia e a re: “Samhain . . . e kaya bokhutlo jwa selemo. Moletlo ono o o neng o ketekwa ka di 1 tsa November o ne o bontsha gore paka ya mariga e a simologa. Ka bo 700 go ya go 800 A.D. kereke ya Bokeresete e ile ya dira letsatsi le lesha la boikhutso ka letlha leno e bo e re ke All Saints’ Day. Letsatsi leno la All Saints’ Day gape le bidiwa All Hallows’. Hallow e kaya moitshepi (saint) kana yo o boitshepo. Bosigo jwa pele ga letsatsi la All Hallows’ bo itsege e le All Hallows’ Eve kgotsa All Hallow e’en. Fa nako e ntse e ya leina leo le ile la khutshwafadiwa go nna Halloween.”

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela