LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g 10/13 ts. 3
  • Ditiragalo Tsa Lefatshe

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Ditiragalo Tsa Lefatshe
  • Tsogang!—2013
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Italy
  • Armenia
  • Japane
  • China
  • Lenaane la Diteng
    Tsogang!—2012
  • Pego ya Tsa Molao
    Buka ya Ngwaga ya Basupi ba ga Jehofa ya 2014
  • Tsela ya go Lebana le Mathata a Pharakano
    Tsogang!—2007
  • Pego ya Tsa Molao
    Buka ya Ngwaga ya Basupi ba ga Jehofa ya 2015
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—2013
g 10/13 ts. 3

Ditiragalo Tsa Lefatshe

Italy

Kwa Italy go ne ga rekisiwa dibaesekele tse dintsi go feta dikoloi ka 2011. Mangwe a mabaka a go tweng a ka tswa a bakile seno ke mathata a tsa ikonomi, tlhwatlhwa ya leokwane le ditshenyegelo tsa go tlhokomela dikoloi. Dibaesekele tsone ga di tlhoke madi a mantsi go di tlhokomela e bile go motlhofo go di dirisa.

Armenia

Kgotlatshekelo ya Yuropa ya Ditshwanelo Tsa Batho e atlhotse gore puso ya Armenia e gatakile ditshwanelo tsa makawana a le 17 a otlhe e leng Basupi ba ga Jehofa, a a neng a tlhatlhetswe ka ntlha ya go gana go dira ditiro dingwe tsa bosetšhaba tse di laolwang ke balaodibagolo ba sesole. Puso e ne ya laelwa gore e duele ditshenyegelo tsa makawana ano a le 17 le tsa babueledi ba bone.

Japane

Mo baneng ba ba neng ba tlhaselwa ke dikebekwa tse di neng di dirisitse mafelo a Internet a go ikgolaganya le batho, diperesente di le 63 tsa bone ba ne ba sa tlhagisiwa ke batsadi ka dikotsi tse di ka ba tlhagelang. Mo dikgetsing di le 599 tse di tlhatlhobilweng, diperesente di le 74 tsa batho ba ba latofaditsweng ba ne ba dumela gore ba ne ba dirisa mafelo a Internet ka boikaelelo jwa go tlhakanela dikobo le bana.

China

Ditoropo tse dikgolo di leka go fokotsa mosuke mo pharakanong ka go lekanyetsa palo ya dikoloi tse disha tse di kwadisiwang. Ka sekai, kwa Beijing go kwadisiwa dikoloi di le 240 000 fela ka ngwaga. Ka August 2012, batho ba ka nna 1 050 000 ba ne ba tsenya maina a bone mo lotharing e e ileng ya naya batho ba le 19 926 ditlankana tsa go kwadisa dikoloi, mo go rayang gore go atlegile motho a le 1 fela mo go ba le 53 ba ba tsenetseng lothari eo.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela