LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g 3/14 ts. 12-13
  • Masaitseweng a Dikeledi

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Masaitseweng a Dikeledi
  • Tsogang!—2014
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Ithute mo Kgannyeng Ya go Bo Jesu a Ile a Lela
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2022
  • Jehofa o Bona Dikeledi Tsa Gago
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2024
  • “Bona! Ke Dira Dilo Tsotlhe Disha”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2013
  • Di Feta Mmaba yo o Setlhogo
    Tsogang!—1994
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—2014
g 3/14 ts. 12-13
Monna a rothisa keledi

Masaitseweng a Dikeledi

RE SIMOLOLA go lela fela fa re tsholwa. Moitse mongwe o tlhalosa gore fa re ne re le masea, go lela e ne e le yone tsela e re bonang se re se tlhokang ka yone ka gonne re ne re lela fa re tlhoka sengwe mo maikutlong kgotsa mo mmeleng. Mme fa re ntse re gola, ke ka ntlha yang fa re tswelela re lela, le fa gone re ka kgona go tlhalosa maikutlo ka ditsela tse dingwe?

Matlho a rona a tlala dikeledi ka ntlha ya mabaka a a farologaneng a a amanang le maikutlo. Re ka lela ka ntlha ya kutlobotlhoko, go tlalelwa, go utlwa botlhoko mo mmeleng kgotsa mo maikutlong. Mme go itumela thata, go ikutlwa o imologile le go fitlhelela sengwe le gone go baka dikeledi—mme tseno ke dikeledi tsa boitumelo. Gape go lela ga motho go ka ama batho ba bangwe. María a re: “Fa ke bona mongwe a lela—go sa kgathalesege gore o lelelang—ga ke kgone go itshwara, le nna ke a lela.” Gongwe o a tle o ledisiwe ke dilo dingwe tse di itlhametsweng mo difiliming kgotsa mo dibukeng.

Mosetsana a rothisa keledi, losea lo lela le mosadi a rothisa keledi

Le fa go ka tswa go bakwa ke eng, go lela ke puo e e maatla e go sa dirisiweng mafoko mo go yone. Buka ya Adult Crying e tlhalosa gore “eno e batla e le yone fela tsela e o ka tlhalosang mo gontsi jaana ka yone ka nako e khutshwane jalo.” Dikeledi di tlhotlheletsa batho go tsaya kgato. Ka sekai, bontsi jwa rona re fitlhela go le thata go itlhokomolosa motho yo o ledisiwang ke kutlobotlhoko ka gonne seo se re lemotsha gore o mo botlhokong. Re ka tsibogela seo ka go leka go mo gomotsa kgotsa go mo thusa.

Baitse bangwe ba dumela gore go lela ke tsela e e molemo ya go ntsha maikutlo a rona le gore go itlwaetsa go thiba dikeledi go ka ama botsogo jwa rona ka tsela e e sa siamang. Ba bangwe bone ba re ga go ise go nne le bosupi jwa saense jo bo tlhomamisang gore go lela go na le melemo mengwe mo mmeleng kgotsa mo tlhaloganyong. Le fa go ntse jalo, dipatlisiso di fopholetsa gore diperesente di le 85 tsa basadi le di le 73 tsa banna ba ile ba re ba ikutlwa botoka fa ba sena go lela. Noemí o tlhalosa jaana: “Ka dinako tse dingwe ke itse gore ke tlhoka go lela. Morago ga moo nka kgwa mowa ke bo ke simolola go bona dilo botoka, ka tsela e tota di leng ka yone.”

Dipatlisiso di fopholetsa gore diperesente di le 85 tsa basadi le di le 73 tsa banna ba ile ba re ba ikutlwa botoka fa ba sena go lela

Mme ga o ikutlwe botoka jalo fela ka gonne o lela. Tsela e batho ba tsibogang ka yone fa re lela le yone e botlhokwa. Ka sekai, fa re lela mme batho ba bangwe ba bo ba re gomotsa kgotsa ba re thusa, seo se dira gore re ikutlwe re imologile. Mme fa re lela batho ba bo ba sa tseye kgato e e tshwanetseng, re ka tlhabiwa ke ditlhong le go ikutlwa re sa ratiwe.

Go bonala sentle gore go sa ntse go sa itsiwe dilo tse dintsi malebana le go lela. Se re se itseng ke gore go lela ke nngwe ya ditsela tse di gakgamatsang tse Modimo a dirileng gore re bontshe maikutlo a rona ka tsone.

A O NE O ITSE?

Gantsi masea a a sa tswang go tsholwa ga a tswe dikeledi fa a lela. Matlho a one a na le metsi a a lekaneng go a sireletsa, mme go lebega a tswa dikeledi morago ga dibeke di le mmalwa fa ditšhupu tsa dikeledi di setse di godile sentle.

Mefuta e Meraro ya Dikeledi

  • Dikeledi Tse di Nnang di le Teng. Dikgeleswa tsa dikeledi di nna di tlhagisa seedi seno se se itshekileng go sireletsa matlho le go dira gore a nne a le metsi. Gape se thusa gore re bone sentle. Fa re bonya, seedi seno se apesa matlho.

  • Dikeledi Tse di Itswelang Fela go Tsibogela Sengwe. Dikeledi tseno di tlala mo matlhong fa a tsenwa ke sengwe se se fatlhang. Gape dikeledi tseno di tswa fa motho a dira dilo tse di jaaka go edimola le go tshega.

  • Dikeledi Tse di Bakwang ke Maikutlo. Dikeledi tseno ke tse batho ba nnang le tsone fa ba nna le maikutlo a a fekeetsang. Di na le diporoteine tse di fetang tsa dikeledi tse di itswelang fela go tsibogela sengwe ka diperesente di le 24.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela