LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g 4/14 ts. 4-5
  • Tsela ya go Amogela Kgalemelo

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Tsela ya go Amogela Kgalemelo
  • Tsogang!—2014
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • KGWETLHO
  • Bosupi Jwa Gore Jehofa O a Re Rata
    Bukana ya Pokano ya Botshelo le Bodiredi Jwa Rona—2019
  • Go Itshoka
    Tsogang!—2019
  • 6 Go Laya Bana
    Tsogang!—2018
  • Go Ruta Ngwana go Ikokobetsa
    Tsogang!—2017
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—2014
g 4/14 ts. 4-5
Lekawana le kgalemelwa ke rre yo o godileng

GO THUSA LELAPA | BASHA

Tsela ya go Amogela Kgalemelo

KGWETLHO

“Fa mongwe a go kgalemela, tota motho yoo o go bolelela gore o dira sengwe se se phoso. Mme ga ke itse motho ope yo o ka reng, ‘Nna ke rata go bolelelwa gore ke dira sengwe se se phoso!’”—Amy, 17.a

Balaodi ba difofane ba kaela difofane tse pedi gore di se ka tsa thulana

Motho yo o ganang kgalemelo o tshwana le mokgweetsi wa sefofane yo o tlhokomologang kgakololo e e tswang kwa bakaeding ba difofane, e leng sengwe se se ka felelang ka masetlapelo.

A o fitlhela go le thata go amogela kgalemelo e e tswang mo batsading, mo barutabaneng le mo bathong ba bangwe ba ba godileng? Fa go le jalo, setlhogo seno se tla go thusa.

SE O TSHWANETSENG GO SE ITSE

Mongwe le mongwe o tlhoka kgalemelo.

“Rotlhe re kgotšwa makgetlo a le mantsi.”—Jakobe 3:2.

“Ga go na sepe se se tlhabisang ditlhong ka go tlhoka go kgalemelwa fa o dirile sengwe se se phoso.”—Jessica.

Go kgalemelwa ga go kaye gore o motho yo o bosula.

“Jehofab o kgalemela yo a mo ratang, fela jaaka rre a kgalemela morwawe yo a mo ipelelang.”—Diane 3:12.

“Fa batho ba nkgalemela, ke leka go tlhoma mogopolo mo go reng go tshwanetse ga bo go ne go le thata jang mo go bone go nkgalemela le gore ba tshwanetse ba bo ba nthata go le kana kang gore ba nkgakolole.”—Tamara.

Kgalemelo e ka go thusa go nna motho yo o botoka.

“Reetsang kotlhao mme lo tlhalefe.”—Diane 8:33.

“Go kgalemelwa go go thusa go gola. Go go thusa go itse gore batho ba bangwe ba go leba jang e bile go go thusa go laola mekgwa e e sa siamang e o ka tswang o ne o sa itse gore o na le yone.”—Deanne.

SE O KA SE DIRANG

Leba dilo jaaka di ntse. O ka nna wa kgopisiwa ke kgalemelo. Mme leka go se tlhome mogopolo thata mo maikutlong a gago. Gore o kgone go dira jalo, intshe mo seemong seo ka nakwana mme o akanye e le wena o kgalemelang mongwe o sele—gongwe monnao. A jaanong o kgona go bona sengwe se se mosola ka kgakololo eo? Jaanong ipeye gape mo seemong seo o bo o leka go leba kgang ka tsela e e tshwanang.—Molaomotheo wa Baebele: Moreri 7:9.

“Ka dinako tse dingwe o ka kgopisiwa ke go tshwaiwa phoso mo o feleletsang o lebala gore motho yoo o ne a leka go go thusa gore o nne motho yo o botoka, o ne a sa leke go go utlwisa botlhoko.”—Theresa.

Nna o ikokobeditse. Se letle boikgogomoso bo go thibela go amogela kgalemelo. Ka fa letlhakoreng le lengwe, o se ka wa itetla go fekeediwa ke go kgobega marapo fela ka gonne go na le sengwe se o tlhokang go tokafatsa mo go sone. Boikokobetso bo tla go thusa gore o se ka wa feteletsa dilo mo go epe ya dintlha tseno. Gakologelwa: Kgalemelo e e utlwisang botlhoko thata e ka tswa e le yone e o e tlhokang thata. Fa o e gana, ka lebaka le fa e le lefe, o ka se solegelwe molemo ke tshono eno ya botlhokwa ya gore o gole.—Molaomotheo wa Baebele: Diane 16:18.

Kgalemelo e e utlwisang botlhoko thata e ka tswa e le yone e o e tlhokang thata

“Go amogela kgalemelo ke karolo ya botlhokwa ya go nna mogolo yo o nang le maitemogelo. Fa re sa ithute go e amogela le go solegelwa molemo ke yone, re ka feleletsa re ikutlwisitse botlhoko.”—Lena.

Leboga. Le fa o fitlhela go le thata go amogela kgalemelo, ke eng fa o sa leboge motho yo o go e nayang? Kwantle ga pelaelo, motho yoo o go eleletsa dilo tse di molemo e bile o batla gore o atlege.—Molaomotheo wa Baebele: Pesalema 141:5.

“O ka se senye sepe ka go re ‘Ke a leboga,’ segolobogolo fa o ne o tlhoka kgakololo eo. Tota le fa o ne o sa e tlhoke, o ka nna pelontle mme wa lebogela motho yoo matsapa a a a tsereng go tla mo go wena.”—Carla.

a Maina mangwe mo setlhogong seno a fetotswe.

b Jehofa ke leina la Modimo le le mo Baebeleng.

DITEMANA TSA KONOKONO

  • “O se ka wa itlhaganelela go kgopisega.”—Moreri 7:9.

  • “Boikgogomoso bo tla pele ga go thubagana.”—Diane 16:18.

  • “Fa mosiami a ka ntitaya [ka go nkgalemela], e tla bo e le bopelonomi jwa lorato.” —Pesalema 141:5.

Justin

“Go tshwaiwa phoso go ka utlwisa botlhoko, mme ke leka go gopola gore motho o nkgakolola ka gonne a batla gore dilo di ntsamaele sentle. Ke leka go mo leba jaaka tsala e e nthusang go atlega.”—JUSTIN

Charlette

“Ke a itse gore ke tla dira diphoso, mme ke anaanela fa batho ba mpolelela fa ke le phoso. Seo se dira gore ke itse mo ke tshwanetseng go tokafatsa teng.”—CHARLETTE

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela