LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g19 no. 2 ts. 8-9
  • Go Itshoka

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Itshoka
  • Tsogang!—2019
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • GO ITSHOKA GO KAYANG?
  • GORENG GO LE BOTLHOKWA
  • NGWANA A KA RUTIWA JANG GO ITSHOKA?
  • A ke Kgona go Itshoka?
    Basha ba Botsa Jaana
  • Thusa Bana ba Gago fa ba Palelwa ke Dilo Dingwe
    Go Thusa Lelapa
  • Ke Dire Eng fa ke Gakololwa?
    Basha ba Botsa Jaana
  • Go Ruta Ngwana go Ikokobetsa
    Tsogang!—2017
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—2019
g19 no. 2 ts. 8-9
Mama o thusa ngwana yo o lebegang a tenegile ka gonne a bakile kuku mme e sa tswa sentle

THUTO 3

Go Itshoka

GO ITSHOKA GO KAYANG?

Motho yo o itshokang ga a ineele fa a kopana le mathata kgotsa fa dilo di sa tsamaye ka tsela e a neng a di batla ka yone. Mme gone motho ga a tsholwe a itse go itshoka. Fela jaaka ngwana a wa gangwe le gape fa a ithuta go tsamaya, mo botshelong dilo ga di ne di tsamaya ka thelelo ka dinako tsotlhe.

GORENG GO LE BOTLHOKWA

Go na le bana ba ba kgobegang marapo fa dilo di sa ba tsamaele sentle, fa ba kopana le mathata kgotsa fa batho ba bangwe ba ba tshwaya diphoso. Ba bangwe ba itlhoboga ka bonako. Mme bana ba ba ntseng jalo ba tlhoka go tlhaloganya gore:

  • Dilo ga di kitla di tsamaya ka thelelo ka dinako tsotlhe.—Jakobe 3:2.

  • Mongwe le mongwe o kopana le mathata mo botshelong.—Moreri 9:11.

  • Gantsi re ithuta mo diphosong tsa rona.—Diane 9:9.

Fa ngwana a ithuta go itshoka, seo se tla mo thusa gore a se ka a ineela fa a kopana le mathata mo botshelong.

NGWANA A KA RUTIWA JANG GO ITSHOKA?

Fa ngwana a batla go dira sengwe se bo se sa atlege.

BAEBELE YA RE: “Mosiami o ka wa ga supa, mme ruri o tla tsoga.”—Diane 24:16.

Thusa ngwana gore a itse gore ke dilo dife tse a tlhokang go tshwenyega thata ka tsone. Ka sekai, mo rute gore fa a feitse kwa sekolong, a se ka a ineela a re o paletswe.

Fa o batla go ruta ngwana go itshoka, o tlhoka go mo thusa gore a akanye ka tsela e a ka tokafatsang ka yone mo nakong e e tlang. Fa a dira jalo, o tla ithuta go rarabolola mathata go na le go ineela.

O se ka wa tlwaetsa ngwana gore fa a na le bothata, ke wena yo o tla bo rarabololang. Go na le moo, mo thuse gore a tle ka leano la go rarabolola bothata joo. O ka nna wa mmotsa gore, “Ke eng se o akanyang gore o tlhoka go se dira go tokafatsa kwa sekolong?”

Fa go direga dilo tse di utlwisang botlhoko.

BAEBELE YA RE: “[Ga lo] itse se botshelo jwa lona e tla bong e le sone ka moso.”—Jakobe 4:14.

Ga go na ope yo o itseng gore go tla diragalang mo letsatsing le le latelang. Motho a ka nna a bo a humile gompieno, mme a tsoga a humanegile kamoso; motho a ka nna a bo a sa lwale gompieno, mme kamoso a tsoga a lwala. Baebele ya re: “Ba ba bofefo ga ba fenye lobelo, le fa e le ba ba thata ga ba fenye ntwa, . . . ka gonne botlhe ba diragalelwa ke motlha le tiragalo e e sa bonelwang pele.”—Moreri 9:11.

Motsadi a ka dira sotlhe se se mo maatleng a gagwe go sireletsa ngwana wa gagwe. Mme go bua nnete fela, motsadi a ka se kgone go sireletsa ngwana wa gagwe mo dikotsing tsotlhe tsa botshelo.

Gone jaanong ngwana o monnye thata gore a ka tlhaloganya gore go botlhoko jang go latlhegelwa ke tiro kgotsa go nna le mathata a madi. Mme gone, o ka mo thusa go itshoka fa a utlwisitswe botlhoko ke dilo tse di jaaka fa a kgaogane le tsala ya gagwe kgotsa fa go tlhokafetse mongwe mo lapeng.a

Fa ngwana a bolelelwa gore go na le sengwe se a tlhokang go se tokafatsa.

BAEBELE YA RE: “Reetsa kgakololo . . . gore o tle o nne botlhale mo isagweng ya gago.”—Diane 19:20.

Fa mongwe a bolelela ngwana wa gago gore go na le sengwe se a tlhokang go se tokafatsa, ga go reye gore motho yoo o tlhoile ngwana wa gago kana o leka go mo utlwisa botlhoko, ke fela gore o leka go mo thusa.

Go a thusa fa motsadi a ruta ngwana wa gagwe gore o tshwanetse go amogela kgakololo. Rre mongwe yo o bidiwang John a re: “Ngwana ga a kitla a ithuta sepe mo botshelong fa batsadi ba gagwe ba tlhola ba baakanya diphoso tsa gagwe. O tla tsamaya a dira dilo ka boomo, a itse gore batsadi ba tla di baakanya. Kwa bofelong, o tlile go sulafaletsa ene le batsadi ba gagwe botshelo.”

O ka thusa jang ngwana gore a se ka a tsaya dilo ka pelo fa mongwe a mmolelela gore go na le sengwe se a tlhokang go se tokafatsa? Fa ngwana a gakololwa, e ka tswa e le kwa sekolong kgotsa ke motho ope fela, tila go raya ngwana o re motho yo o neng a mo gakolola o phoso. Go na le moo, mmotse o re:

  • “O akanya gore ke eng se se dirileng gore motho yoo a bue le wena ka kgang eno?”

  • “Ke kae mo o tlhokang go tokafatsa gone?”

  • “O tla rarabolola bothata jono jang fa o kopana le jone gape?”

Se lebale gore, fa ngwana a gakololwa, seo se tla mo thusa gone jaanong le fa a setse a godile.

a Bala setlhogo se se reng, “Thusa Ngwana wa Gago go Itshokela Kutlobotlhoko,” se se mo makasineng wa Tora ya Tebelo ya July 1, 2008.

Mama o thusa ngwana yo o lebegang a tenegile ka gonne a bakile kuku mme e sa tswa sentle

MO RUTE GONE JAANONG

Fa ngwana a ithuta mo diphosong tsa gagwe e bile a sa ineele, o tla kgona go ithuta dilo tse disha le go di itse le fa dilo tsa teng di ka tswa di le thata jang

Ba Tlhomele Sekao

  • A ke amogela diphoso tsa me kgotsa a ke supa ba bangwe ka monwana?

  • A ke bolelela banake dilo tse ke paletsweng ke go di dira le gore ke ithutileng mo go tsone?

  • A ke sotla batho ba bangwe fa ba dirile diphoso?

Se re Se Dirileng . . .

“Fa bana ba rona ba tlhagelwa ke mathata, ba palelwa ke go dira sengwe kgotsa ba dirile diphoso, re ne re ba tlogelela gore ba ithute sengwe mo go tsone. Seo ke se batsadi ba me ba ileng ba se dira fa ke le monnye mme se nthusitse thata. Ke akanya gore tsela e re godisitseng bana ba rona ka yone e ba thusitse thata ka gonne ba godile ba sa nenekediwe.”—Jeff.

“Nna le mosadi wa me re ne re kopa maitshwarelo mo baneng fa re dirile sengwe se se phoso. Ke akanya gore batsadi ga ba a tshwanela go fitlhela bana fa ba dirile diphoso le fa go na le sengwe se ba paletsweng ke go se dira ka gonne seo se thusa bana go bona gore batsadi le bone ke batho e bile ba dira diphoso.”—James.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela