LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • ijwyp setlhogo 94
  • Ke Dire Eng fa ke Gakololwa?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Ke Dire Eng fa ke Gakololwa?
  • Basha ba Botsa Jaana
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Itlhatlhobe
  • Goreng ke tlhoka go bolelelwa fa go na le sengwe se ke sa se direng sentle?
  • Nka amogela jang kgakololo?
  • A Ga O Rate go Tshwaiwa Phoso?
    Tsogang!—1991
  • Nka Lebana Jang le go Tshwaiwa Diphoso?
    Dipotso Tse Basha ba bi Botsang—Dikarabo Tse di Nang le Tharabololo—Bolumo ya 2
  • Go Itshoka
    Tsogang!—2019
  • Ke Ka Dira Jang Fa Batsadi ba Me Ba Ntshwaya Diphoso?
    Tsogang!—1992
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Basha ba Botsa Jaana
ijwyp setlhogo 94
Batho ba le mmalwa ba tshwayatshwaya porojeke ya mosetsanyana yono diphoso.

BASHA BA BOTSA JAANA

Ke Dire Eng fa ke Gakololwa?

  • Itlhatlhobe

  • Goreng ke tlhoka go bolelelwa gore go na le sengwe se ke sa se direng sentle?

  • Nka amogela jang kgakololo?

  • Se balekane ba gago ba se buang

Itlhatlhobe

Ka dinako dingwe rotlhe re tlhoka kgakololo ya gore re ka tokafatsa jang dilo tse re di dirang kgotsa tsela e re itshwarang ka yone. Ela tlhoko dikai tse di latelang.

  1. ● Morutabana wa gago o go bolelela gore ga o a tseela porojeke ya gago matsapa. A re: “O tlhoka go ipha nako fa o dira dipatlisiso.”

    O tla dira eng fa o neelwa kgakololo eno?

    1. O a e gana. (‘Morutabana ga a nthate.’)

    2. O a e amogela. (‘Ke tla dirisa kgakololo eno mo porojekeng e e latelang.’)

  2. ● Motsadi wa gago o go bolelela gore kamore ya gago e tlhakatlhakane, le fa gone o fetsa go e phepafatsa.

    O tla dira eng fa o newa kgakololo eno?

    1. O a e gana. (‘Ga a ke a kgotsofala.’)

    2. O a e amogela. (‘Tota nkabo ke dirile botoka.’)

  3. ● Monnao o go bolelela gore ga a itumelele gore o rata go mo laola.

    O tla dira eng fa o newa kgakololo eno?

    1. O a e gana. (‘E le gore o akanya gore ke mang ene?’)

    2. O a e amogela. (‘Gongwe nka leka go bua le ene sentle.’)

Basha bangwe ba a ngala fa ba newa kgakololo, le fa e le nnye. A le wena o ntse jalo? Fa go le jalo, o fetiwa ke sengwe se se botlhokwa thata! Goreng re bua jalo? Ka gonne go itlwaetsa go amogela kgakololo ke bokgoni jo bo tla go tswelang mosola gone jaanong le fa o setse o godile.

Mosimanyna o gakolola tsala ya gagwe gore ga a bofa ditlhako.

Fa o gana go neelwa kgakololo e o e tlhokang o ka se kgone go tokafatsa mo o tshwanetseng go tokafatsa gone.

Goreng ke tlhoka go bolelelwa fa go na le sengwe se ke sa se direng sentle?

  • Ka gonne re baleofi. Baebele ya re: “Rotlhe re kgotšwa makgetlo a le mantsi.” (Jakobe 3:2) Ka jalo, rotlhe re tlhoka go nna re gakololwa.

    “Ke nna ke ikgopotsa gore rotlhe re baleofi le gore re tla nna re dira diphoso. Ka jalo, fa mongwe a nnaya kgakololo, ke leka go e dirisa ke bo ke tila go boeletsa phoso e ke e dirileng.”​—David.

  • Ka gonne o ka kgona go tokafatsa. Baebele ya re: “Naya motho yo o botlhale mme o tla nna botlhale le go feta.” (Diane 9:9) Kgakololo e ka go thusa, fa fela o e amogela.

    “Ke ne ke sa rate go newa kgakololo. Ke ne ke ikutlwa e kete e ntira motho yo o sa siamang. Mme jaanong ke e amogela e bile ka dinako tse dingwe ke a e kopa. Ke batla go itse gore nka tokafatsa jang.”​—Selena.

Gone go motlhofo go kopa kgakololo. Mme fa o e newa o sa e kopa, go ka nna thata go e amogela. Natalie o ne a newa karata e e neng e na le kgakololo e a neng a sa e kopa, a re “Ke ne ke tshogile e bile ke kgobegile marapo ka gonne ke ne ka newa kgakololo le fa gone ke ne ke ithaya ke re ke dira dilo sentle.”

A sengwe se se tshwanang le seno se kile sa go diragalela? Fa go le jalo o ka dira eng?

Nka amogela jang kgakololo?

  • Reetsa.

    Baebele ya re: “Ope fela yo o thibelang mafoko a gagwe o na le kitso, mme motho yo o nang le temogo o na le moya o o ritibetseng.” (Diane 17:27) Fa motho a bua le wena, o se ka wa mo tsena ganong. O se ka wa araba o tseegile maikutlo, o bo o bua sengwe se o tla se ikwatlhaelang!

    “Fa mongwe a nkgakolola, ke tla bo ke itlhaganelela go mo araba. Mme gone ke tshwanetse go ithuta go amogela kgakololo ke bo ke dira dilo sentle.”​—Sara.

  • O se ka wa leba gore go bua mang, reetsa se se buiwang.

    O ka nna wa iphitlhela o akanya ka diphoso tsa motho yo o go nayang kgakololo. Mme go tla bo go le botoka go dirisa kgakololo ya Baebele e e reng “nna bonako go utlwa, bonya go bua, bonya go shakgala.” (Jakobe 1:19) Gantsi fa motho a go naya kgakololo o a bo a lemogile sengwe. Fa o sa batle go newa kgakololo o ka se kgone go tokafatsa mo o tshwanetseng go tokafatsa gone.

    “Fa batsadi ba me ba ne ba nnaya kgakololo, ke ne ke tlhola ke tenega ke bo ke ba raya ke re, ‘ee ke a itse.’ Mme fa ke ba reetsa ke bo ke dirisa kgakolo e ba nnayang yone, ke kgona go dira dilo botoka.”​—Edward

  • Nna tekatekano.

    Fa o newa kgakololo ga go reye gore ga o kgone go dira dilo sentle. Go raya fela gore le wena o dira diphoso jaaka mongwe le mongwe. Tota le motho yo o go gakololang, ka dinako dingwe le ene a ka tlhoka go gakololwa. Baebele ya re: “Ga go na motho yo o siameng mo lefatsheng yo o nnang a dira molemo.”​—Moreri 7:20.

    “Tsala ya me o ne a nnaya kgakololo e ke neng ke akanya gore ga ke e tlhoke. Ke ne ka mo leboga, le fa gone ke ne ke kgopisegile. Fa nako e ntse e ya, ke ne ka lemoga gore o ne a bua nnete. Ke lebogela go bo a mphile kgakololo eno, ka gonne e nthusitse go bona gore ke tlhoka go tokafatsa fa kae. Fa a ka bo a sa mpolelela, nkabo ke sa itse.”​—Sophia.

  • Iketleeletse go tokafatsa.

    Baebele ya re “ope fela yo o... tlhokomelang kgalemelo o botlhale.” (Diane 15:5) Fa o amogela kgakololo ga o kitla o nna fela o utlwile botlhoko, mme o tla tokafatsa mo o tshwanetseng go tokafatsa gone. Itirele thulaganyo ya dilo tse o tlhokang go tokafatsa mo go tsone, o bo o bona gore a o kgonne go dira jalo mo dikgweding tse di latelang.

    “Selo se se ka thusang motho go amogela kgakololo, ke fa a amogela gore o dirile phoso, a kopa maitshwarelo a bo a leka go tokafatsa.”​—Emma.

Sa botlhokwa: Baebele ya re: “Tshipi e loodiwa ka tshipi, motho le ene o betliwa ke yo mongwe.” (Diane 27:17, Tswana Central) Kgakololo ke sengwe se se ka go lootsang, gone jaanong le fa setse o godile.

Se balekane ba gago ba se buang

Renato.

“Ga se batho ba ba godileng fela ba ba ka go fang kgakololo. O ka newa kgakololo ke motho yo o lekanang le ene kgotsa yo monnye mo go wena mme seo ga se reye gore o ka se ithute mo go ene. Motho yoo, a ka tswa a go gakolola ka gonne o a go tlhaloganya e bile o go ratela dilo tse dintle. Amogela kgakololo nngwe le nngwe e o e newang, o bo o e dirise.”​—Renato.

Shae.

“Batho ba le bantsi ga ba rate go gakololwa, e bile ba batla gore batho ba bangwe ba nne kelotlhoko gore ba se ka ba ba naya kgakololo ka tsela e e tla ba kgopisang. Boikutlo joo bo ka dira gore ba ikakanyetse ba le nosi le gore ba gane kgakololo nngwe le nngwe e ba e neelwang. Ke lemogile gore fa o nna bonako go amogela kgakolo dilo di go tsamaela sentle le batho ba o tshelang le bone.”​—Shae.

Poeletso: Nka itshwara jang fa ke bolelelwa gore go na le sengwe se ke tlhokang go se tokafatsa?

Reetsa. Fa motho a bua le wena o se ka wa mo tsena ganong. O se ka wa araba o tseegile maikutlo o bo o bua sengwe se o tla se ikwatlhaelang.

O se ka wa leba gore go bua mang, reetsa se se buiwang. Nna bonako go reetsa, o se ka wa itlhaganelela go araba. Go gakololwa go ka go thusa go tokafatsa.

Nna tekatekano. Fa o newa kgakololo ga go reye gore ga o kgone go dira dilo sentle. Go raya fela gore le wena o dira diphoso jaaka mongwe le mongwe.

Iketleeletse go tokafatsa. Ikemisetse go tokafatsa fa o neelwa kgakololo. Itirele thulaganyo ya dilo tse o tlhokang go tokafatsa mo go tsone, o bo o bona gore a o kgonne go dira jalo.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela