Basha ba Botsa Jaana. . .
Ke Ka Dira Jang Fa Batsadi ba Me Ba Ntshwaya Diphoso?
CLAYTON BARBEAU o ne a kwala jaana mo bukeng ya gagwe How to Raise Parents: “Batsadi ba le bantsi ba dumela gore tsela e e botoka e ba ka thusang bana ba bone ka yone gore ba tokafale ke go ba tshwaya phoso fa ba dira sengwe se se sa siamang.”
Ga go belaetse gore, fa o le motho yo mosha, go a tshwanela gore batsadi ba gago ba go lemose diphoso nako le nako fela jaaka ba dira ka go go fa dijo. Lefa gone ka dinako dingwe seno se ka tswa se go tshwenya, go tshwaiwa diphoso go go ntseng jalo totatota ga se selo se se maswe.a Rotlhe re tlhoka go lemosiwa diphoso nako le nako; go tshwaya diphoso ka maikaelelo a go go thusa go siame, ebile go na le mosola.
Ka fa letlhakoreng le lengwe, ka dinako tse dingwe batsadi ga ba akanyetse bana ba bone, ba ngongorega ka sengwe le sengwe se bana ba bone ba se dirang gore ba felele ba kgobegile marapo eletota. (Bakolosa 3:21) Kana ba ka nna ba letla gore maikutlo a bone a ba laole mme ba omanye basha ba bone le go ba isa tlase fa ba ka dira phosonyana fela e e rileng. Lefa go ntse jalo, go sa kgathalesege mokgwa o go tshwaiwa diphoso go dirwang ka teng, go a kgonega gore o ka solegelwa molemo mo go seo. Gone mme, go a kgonega gore batsadi ba gago ba bo ba amega ka dilo tse o di tlhokang. Jaaka Bibela e ile ya bolela bogologolo gore: “ditlhabō tse di ntshicweñ ke tsala di boikañō.” (Diane 27:6) Ke boammaaruri, gore e re ka batsadi ba gago e le batho ba ba atamalaneng thata le wena, go ka go utlwisa botlhoko thata fa e le bone ba ba go tshwayang diphoso. Mme fa o ka ithuta gore e re fa o tshwaiwa diphoso o bo o itshwara ka tsela e e botlhale, seno se ka go dira gore o se ka wa utlwa botlhoko thata mme o solegelwe molemo ka mo go golwane.
Tsela E E Sa Siamang
Tlhokomela se se neng sa bolelwa ke Stephanie yo mmotlana: “Fa mme a ne a tsena kwa gae go tswa kwa tirong,” Stephanie o anela jalo, “o ne a simolola go ngongorega ka gore ga ke ise ke phepafatse ntlo kana go tsholola matlakala. O ne a re, ‘Ga o kgone go dira sepe mo gae, mme fa e le go sasanka mo nageng, o go tswela sekolong.’ Ke ne ka mo araba jaana, ‘Fa e le go ngongorega, o go tswela sekolong.’ O ne a simolola go nkgoeletsa mme nna ka bo ke tswa fa go ene ke bo ke tswala lebati la kamore ya me gore ke se ka ka utlwa lentswe la gagwe. O ne a mphomesegela ka tšhakgalo, mme a nkgoeletsa gore o tlile go nkotlhaya.”—My Parents Are Driving Me Crazy, e e kwadilweng ke Dr. Joyce L. Vedral.
A seno se utlwala e le sengwe se se tlwaelegileng? Ka jalo, o itse sentle gore go utlwisa botlhoko thata jang fa o bolelelwa gore “ga go na sepe se o se dirang sentle.” Lefa go ntse jalo, a go na le molemo mongwe o Stephanie a o boneng ka go ngalela mmaagwe? Go tsholetsega maikutlo, go goeletsa, kana go tsuologa go ka dira fela gore motsadi wa gago a seka a tlhola a go tshwara sentle. Kgotsofalo e potlana e e bonwang ka go tlala bogale gantsi e nna e e seng ya sepe fa e bapisiwa le kotlhao e e tlang kwa morago. Mo godimo ga moo, mosha wa Mokeresete yo o buang le motsadi wa gagwe ka go sa mo tlotle o koafala semoyeng—le go nna mo kotsing ya go sa amogelwe ke Modimo.—Diane 30:17; Baefesia 6:1, 2.
Mmaagwe Stephanie a ka nna a bo a ile a se ka a rarabolola mathata ka tsela e e siameng. A mme re ka re ga go na lefa e le sengwenyana se e leng boammaaruri kaga seo mmaagwe Stephanie a neng a se ngongoregela? Ka tsela e e ntseng jalo, go gana ga ga Stephanie fa a tshwaiwa diphoso, ga go a dira fela gore botshelo jwa gagwe bo nne bokete mme gape o ne a latlhegelwa ke sebaka sa go itokafatsa mo dilong dingwe tse di botlhokwa.
Mosola wa Go Reetsa
Bibela e re gakolola jaana: “Utlwa kgakololō, u cholè thutō, gore u tlè u nnè botlhale mo bokhutloñ yoa gago.” (Diane 19:20) Ee, fedisa dilo tse di go dirang gore o batle go tlhofofatsa diphoso tsa gago, go goeletsa, kana go ba itshwaela diphoso, mme o reetse ka kelotlhoko se se buiwang. Makasine wa ’Teen o tlhalosa kgang eno ka gore: “Fa o tshwaiwa diphoso reetsa ka tlhaloganyo ya gago e seng ka maikutlo.”
Go dira jalo go ka go thusa gore o tile go godisa kana go feteletsa se motsadi wa gago a se buang. A tota motsadi wa gago o go bitsa yo o senang mosola kana yo o palelwang gotlhelele, kana a o ne a re fela o tshasitse karaje boatla ka pente kana go phepafatsa setofo? Fa e le gore kgang e re fetsang go bua ka yone e boammaaruri, ke eng fa o tlola ka bogale? Bibela e bolela jaana: “Ga go na motho ope mo lefatsheng yo o dirang se se siameng ka metlha yotlhe, mme a se ke a dira phoso.” (Moreri 7:20, Today’s English Version) Gape lefa gone o ile wa palelwa mo go direng sengwe, seno ga se reye gore o paletswe mo go sengwe le sengwe mo botshelong. Ka jalo, ipolelele gore o na le dilo dingwe tse o nonofileng go di dira le melemo mengwe.
Go Wela Dibete Lefa O Gatelelwa
Rre mongwe o bolela jaana: “Nako le nako fa a dira sengwe sa boeleele, ke mo raya ke re ‘sematla ke wena’” Go tweng fa motsadi wa gago le ene ka go tshwana a go bitsa ka maina kana a dirisa puo nngwe e e sa tshwanelang? Santlha, laola maikutlo a gago! “Eo o rèkègèlañ mahoko a gagwè o na le kicō: le eo o mōea o o tsididi ke motho oa tlhaloganyō.”—Diane 17:27.
O se ka wa akanya thata ka ga se se phoso se ba se buileng; seo se ka go dira gore o tenege le go feta. Go na le moo, tlhoma mogopolo wa gago mo dilong tse o tshwanetseng go tokafatsa mo go tsone. Ipolelele gore batsadi ba gago ba a go rata le gore tota ga se gore ba itumelela go go utlwisa botlhoko. (Rre yo o umakilweng fa godimo o bolela jaana: “Tota ke ne ke sa tshwanela go mmitsa sematla ka dinako tsotlhe. O tla tloga a itsaya gore tota ke sematla.”) Ba akanyetse gore ga ba dire ka bomo fa ba lebega ba lapile kana ba tshwenyegile go tswa kwa tirong. “Pharologanyō ea motho e mo diha gore a nnè bonya go galeha; le gōna ke kgalalèlō ea gagwe go tlhokomologa tlolō.”—Diane 19:11.b
Lefa gone go ipusolosetsa fa o tlhaselwa go sa tshwanela, o ka kgona go tima bogale jwa tlhaselo. Ka sekai, leka go baya mafoko a motsadi wa gago ka tsela e nngwe, o a lebisa mo go seo e leng bothata tota. Fa rraago a go bitsa sematla ka gonne a sa itumelela tsela e o phatshimisitseng koloi ya lona ka gone o ka nna wa leka go araba ka gore: “Ke a tlhaloganya gore o kgophola ka ntlha ya gore ga ke a phatshimisa koloi ka tsela e e tshwanetseng.” Kana o ka wa dumalana le go tshwaiwa phoso go go ntseng jalo. (“O bua boammaaruri, Ntate. Ke ne ke tshwanetse go bo ke dirile botoka go na le mo.”) Kana leka go kopa ditsela tse di tlhomologileng tse di ka go tlhusang go tokafatsa. Diane 15:1 e bolela jaana: “Phetolō e e bonōlō e thibosa bogale: me lehoko ye le tlhokohatsañ le tle le tlhotlheletse bogale.”
A o gopola ka Moatlhodi Gideone? Bibela e bolela gore o ne a etelela morafe wa Iseraela pele ka go fenya baba ba bone ba morafe wa Bamidiana ka mo go gakgamatsang. Morago ga moo Gideone o ne a romela barongwa kwa lotsong lo lo neng lo itsege thata lwa Eferaima gore ba ba kope gore ba kganele Bamidiana ba ba fentsweng gore ba se ka ba tshaba. Baeferaima ba ne ba dira jalo, ba tshwara dikgosana tsa Bamidiana tse pedi. Mme lefa go ntse, banna ba lotso ba ba ikgogomosang ba ne “ba galehalana” le Gideone! Ba ne ba sa itumela ka ntlha ya gore ba sa tsaya karolo mo ntweng eo go sa le pele.—Baatlhodi 8:1.
Go tlhaselwa ka mafoko go go ntseng jalo go ne go itshupa sentle gore ga go a dirwa ka tsela e e siameng. Mme fa Gideone e ka bo e ne e le motho yo o tseegang maikutlo, o ka be a ile a kgwele Baeferaima botlhoko—mme a tsosa ntwa ya selegae. Go na le moo, o ne a ba araba ka gore: “Ana ke dihileñ ha go ka chwantshiwa le se se dihilweñ ke lona? A marōnōpō a mofine oa ga Efaraime a ga aa gaisa thōbō ea mofine oa ga Abiesera?” (Baatlhodi 8:2) Karabo ya ga Gideone e ne e raya gore, Baeferaime ba dirile tiro e kgolo ka go tshwara dikgosana tsa Midiana, fa go bapisiwa le seo Gideone ka boene a neng a se dirile. Karabo ya ga Gideone e e bori le e e bonolo e ne ya tima go tshwaiwa diphoso go go senang mabaka mme ya boloka kagiso.
O ithutile eng? Tila go gakatsega fa batsadi ba gago ba go tshwaya diphoso. Go wela dibete go ka go thusa gore o se ka wa iphitlhela o buile kana o dirile sengwe se e tla reng kwa morago o se ikwatlhaele.—Bapisa Moreri 10:4.
Go Tsaya Kgato
Lefa go ntse jalo, go bua ka bonolo ga go a lekana. Tsaya kgato! Gakologelwa gore, ‘botlhale jo bo tswang kwa godimo bo . . . rapelesega ka bofefo.’ (Jakobe 3:17) Simolola go phepafatsa kamore eo, go phatsimisa koloi, go fokotsa moriri, go fetola mokgwa o o aparang ka one, kana go dira lefa e le eng se batsadi ba gago ba batlang o dira diphetogo mo go sone. Eno ke tsela e e siameng ya go thibela go tlhola o tshwaiwa diphoso.
Kafa letlhakoreng le lengwe, go ka tswa go utlwala go bo o sa dumalane le go tshwaiwa diphoso go go tla bong go dirilwe. Gone mme, le e leng batsadi ba ba siameng ba ka go utlwisa botlhoko. Mme go na le gore o leke go rarabolola mathata ka go tlatsa modumo, letela “nako e e siameng,” e be e le gone o ka buang le batsadi ba gago. (Diane 15:23) Diane 13:10 e bolela jaana: “Mo go eo o amogetseñ kgakololō sentlè go na le botlhale.” Ba bolelele seo o ngongoregang ka sone o wetse dibete, jaaka motho yo o godileng, o naya batsadi ba gago mabaka a a utlwalang a gore ke eng fa o sa dumalane le seo. Ka gongwe o ka nna wa ba rotloetsa gore ba lebe dilo jaaka o di bona. Fa go sa nne jalo, o tla tshwanela ke go ikokobeletsa bolaodi jwa bone jaaka batsadi.—Diane 6:20.
Lefa go ntse jalo, kwa bofelong, o tla solegelwa molemo ke fa o ineela gore ba go katise. Ebu, le eleng Jesu monna yo o itekanetseng o ne “a ithuta kutlō ka dilō tse o di bogileñ.” (Bahebera 5:8) Le wena ka go tshwana go na le dilo di le dintsi tsa botlhokwa tse o tshwanetseng go di ithuta. O tshwanetse jaanong go dirisana le go tshwaiwa diphoso ke barutabana ba gago. Mo nakong e e tlang, o ka nna wa tshwanelwa ke go dira kafa tlase ga bahiri ba gago. Ithute gone jaanong go amogela go tshwaiwa diphoso.
Morago ga nako o ka nna wa ba wa anaanela tsela e batsadi ba gago ba neng ba leba dilo ka teng. Lekawana lengwe le le bidiwang James le bua jaana mabapi le batsadi ba gagwe: “Ba ne ba ntlhokometse thata mo dilong tse di tshwanang le sekolo, phuthego, le ditironyana tsa mo gae. Ka dinako dingwe ba ne ba sa mphe sebaka! Mme lefa go ntse jalo, fa ke ntse ke gola, ke ne ka simolola go anaanela gore o tshwanetse go dira ka thata gore o kgone mo go sengwe.” A seo e ne e se thuto e e leng mosola gore o e ithute? Mme le wena o ka ithuta dithuto tse di ntseng jalo tsa botlhokwa ka go ithuta go amogela go tshwaiwa diphoso.
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Bona setlhogo se se reng: “Ke Ka Ntlhayang Fa ka Gale Go Sena Sepe se se Molemo se Ke se Dirang?” Motokololong yone e.
b Ga re bue ka batsadi ba ba go betsang ka mafoko kana ka diatla ka mo go sa tshwanelang ka ntlha ya gore ba na le mathata a go tshwenyega maikutlo kana ba na le mathata a go ineela mo bojalweng kana go dirisa diokobatsi ka mo go feteletseng. Ba ba ntseng jalo ba tlhoka go thusiwa ke batho ba ba ithutileng ka mathata ano.
[Setshwantsho mo go tsebe 16]
Go goeletsa, go tsholetsega maikutlo, kana go leka go tlhofofatsa diphoso tsa gago gantsi go gakatsa motsadi
[Setshwantsho mo go tsebe 16]
Go kopa motsadi gore a go fe maele a gore o ka tokafatsa jang go ka dira gore o seka wa tlhola o utlwisiwa botlhoko ke go tshwaiwa diphoso